Dipokano Tsa Tirelo Tsa November
Beke E E Simololang ka November 7
Pina 4
10 mets: Dikitsiso tsa phuthego ya lona le Dikitsiso tse di tlhophilweng go tswa go Tirelo ya Rona ya Bogosi. Umaka ntlha e le nngwe kana di le pedi tse di ka dirisiwang fa go buelelwa nngwe le nngwe ya dimakasine tsa bosheng.
18 mets: “Lefoko la Modimo le Nonofile.” Dipotso le dikarabo. Akaretsa dikakgelo tse di theilweng mo ketapeleng ya Go Lotolotsa mo Dikwalong ka Malatsi Otlhe—1994, tse di bontshang botlhokwa jwa go bala Baebele ka metlha.
17 mets: “Baebele—Tsela ya go Bona Kgomotso le Tsholofelo mo Lefatsheng Le Le Tletseng Matshwenyego.” Tlotla le bareetsi. Rulaganya gore go nne le dipontsho tse pedi tse di supang ka moo dipuisano tse di akantshitsweng di ka dirisiwang ka teng.
Pina 24 le thapelo e e konelang.
Beke E E Simololang ka November 14
Pina 25
10 mets: Dikitsiso tsa phuthego ya lona. Dikgang tsa Puso ya Modimo. Bala pego ya diakhaonto le ditebogo tsa meneelo e e ntshitsweng.
17 mets: “O Bontsha Moya wa Mofuta Ofe?” Puo. Akaretsa dikakgelo tse di tswang mo tokololong ya Watchtower ya June 15, 1977, tsebe 369, dirapa 4 le 5.
18 mets: “Ditsela Tsa go Tokafatsa Tsela ya Rona ya go Rera ka Bogosi.” Dipotso le dikarabo. Laletsa bareetsi gore ba bolele ka moo ba ileng ba nna le matswela a mantle ka teng ka go dirisa dikakantsho tsa Tirelo ya Rona ya Bogosi.
Pina 37 le thapelo e e konelang.
Beke E E Simololang ka November 21
Pina 40
12 mets: Dikitsiso tsa phuthego ya lona. “Dikgakololo tsa Kopano ya Kgaolo.” Tlotla le bareetsi. Dirisa tshedimosetso eno ka tsela e e tshwanelang phuthego ya lona.
15 mets: Dilo tse di tlhokegang mo phuthegong ya lona. Kana puo e e neelwang ke mogolwane e e theilweng mo setlhogong se se reng “Itumelele Tirelo ya Gago E E Boitshepo” e e tswang mo tokololong ya Tora ya Tebelo ya September 1, 1994 tsebe 29.
18 mets: “Ba Thuse Gore Ba Utlwe ‘Gape ka ga moo.’” Tlotla le bareetsi. Dira gore go nne le dipontsho tse pedi tse di baakanyeditsweng sentle tse di supang ka moo Baebele e ka dirisiwang ka teng fa o simolola thuto.
Pina 52 le thapelo e e konelang.
Beke E E Simololang ka November 28
Pina 58
12 mets: Dikitsiso tsa phuthego ya lona. Supa ditsela tse dimakasine tsa bosheng di ka tsamaisiwang ka tsone. Sekaseka setlhogo sa “Dikgakololo tse di Tlileng ka Nako” se se go Tirelo ya Rona ya Bogosi ya December 1993. Botlhe mo phuthegong ba tshwanetse go gakologelwa botlhokwa jwa go nna le seabe go sa le gale mo bodiheding ka December le go tlhomamisa gore ba lere dipego tsa bone pele ba ya malatsing a boikhutso kana ba ya kopanong. Batshwari ba thuto ya buka ba tshwanetse go gakolola batho botlhe ba ba leng mo ditlhopheng tsa bone ka seno.
15 mets: “Masego A O Ka A Bonang Fa O Dira le Ba Bangwe.” Dipotso le dikarabo. Kgothaletsa botlhe gore ba tshegetse pokano ya tirelo ya tshimo e e rulagantsweng ke phuthego go na le gore ka dinako tsotlhe ba itirele dithulaganyo tsa bone kwa thoko. Go dira le setlhopha go dira gore o bone masego a a oketsegileng, tirelo ya gago e nne molemo le go feta, e bile lo a kgothatsana.
18 mets: Go tsamaisa Buka ya Monna yo Mogolo ka December. Buka eno e tlhokega thata. Batho ba ba dimilione tse di makgolokgolo ba bolela gore ke balatedi ba ga Jesu mme ba bolela gore ba dumela se a neng a se ruta. Batho ba tshwanetse go itse selo se se neng se dira gore a farologane le banna ba bangwe—gonne gore ba bolokege go ikaegile ka gone. Buka ya Monna yo Mogolo e bolela jaana mo kgaolong ya 133: “Dipelo tsa rona di a tlhotlheletsega fa re ela tlhoko bopelokgale jo bo boitshegang jwa gagwe le go dira ga gagwe ka tsela ya senna, botlhale jwa gagwe jo bo ka se kang jwa bapisiwa le bope, nonofo ya gagwe e e gaisang ya botlhe ya go ruta, go etelela pele ga gagwe a sa boife, le lorato lwa gagwe lo lo neneketsang le boutlwelobotlhoko.” Baebele e mo tlhalosa ka phepafalo jaaka (1) Mosupi (Joh. 18:37), (2) Mmoloki (Dit. 4:12), le jaaka (3) Kgosi (Tshen. 11:15). Dira gore mmoledi mongwe yo o nang le bokgoni a dire pontsho a dirisa dingwe tsa dintlha tseno. Kgothaletsa botlhe gore ba nne le seabe mo go anamiseng buka eno, pele ba ya malatsing a boikhutso kana ba ya kopanong ya bone ya kgaolo.
Pina 61 le thapelo e e konelang.