LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • km 11/94 ts. 2
  • O Bontsha Moya wa Mofuta Ofe?

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • O Bontsha Moya wa Mofuta Ofe?
  • Tirelo ya Rona ya Bogosi—1994
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Dira Gore Phuthego e Tswelele E na Le Moya o o Siameng
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2012
  • O Bontsha Moya o o Ntseng Jang?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2012
  • “Tukang Mo Moyeng”
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2009
  • Rera Dikgang Tse di Molemo Tsa Bopelonomi Jo bo Sa re Tshwanelang
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2016
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tirelo ya Rona ya Bogosi—1994
km 11/94 ts. 2

O Bontsha Moya wa Mofuta Ofe?

1 Paulo o ne a konela lokwalo lwa gagwe lo a neng a lo kwalela phuthego ya kwa Filipi ka go ba kgothatsa jaana: “A tshegofatso ya Morena Jesu Keresete e nne le moya o lo o bontshang.” (Bafil. 4:23, NW) O ne a ba akgola go bo ba ne ba rata tota go rera mafoko a a molemo, le go bo ba ne ba ratana thata e bile ba amega mongwe ka yo mongwe.—Bafil. 1:3-5; 4:15, 16.

2 Le rona re tshwanetse ra eletsa go supa moya o o tshwanang mo phuthegong ya rona. Fa botlhe ba tlhoafetse, ba le pelonomi, e bile ba supa moya wa go tshola baeng, seno se dira gore batho ba ba lebileng ba bone gore re na le moya o o ntseng jang. Fa go na le moya o o siameng le o o lorato seo se dira gore go nne le kutlwano le botswelelo pele jwa semoya. (1 Bakor. 1:10) Moya o o sa siamang o dira gore batho ba kgobege marapo le gore ba se ka ba dira ka pelo yotlhe.—Tshen. 3:15, 16.

3 Bagolwane Etelelang Pele: Bagolwane ba na le boikarabelo jwa gore ba boloke moya o o siameng mo gare ga bone le mo phuthegong. Ka ntlha yang? Ka gonne phuthego e ka tlhotlhelediwa ke moya o ba nang le one le tsela e ba itshwarang ka yone. Re anaanela bagolwane ba ba tlhoafetseng mo tirelong ya tshimo, ba ba re dumedisang ka monyenyo o o lorato le go bua ka bopelonomi, le ba ba nang le moya o o siameng e bile ba re neela kgakololo e e agang, e ka tswa e le mo sephiring kana go tswa kwa seraleng.—Baheb. 13:7.

4 Gone mme, rotlhe re tshwanetse gore re nne le seabe mo go direng gore phuthego e nne e e botsalano, e e tsholang baeng, e e tlhoafetseng, le e e akanyang ka dilo tsa semoya. Rona motho ka namana re ka bontsha botsalano le lorato mo bathong ba bangwe. (1 Bakor. 16:14) Ga re a tshwanela go tlhaolana ka ntlha ya dingwaga tsa botsalo, lotso, thutego kana maemo a tsa madi. (Bapisa Baefeso 2:21.) Ka ntlha ya tsholofelo e re nang le yone, re ka bontsha moya wa boitumelo, go rata go tshola baeng, le wa go tlhoafalela bodihedi.—Bar. 12:13; Bakol. 3:22, 23.

5 Batho botlhe ba ba kopanelang le rona, mmogo le ba ba sa tswang go kopanela ba tshwanetse gore ba ikutlwe ba amogelesega le go bona go na le lorato lwa bokaulengwe. Ka bodihedi jwa rona le ka go bontsha dinonofo tse di molemo tsa Bokeresete, re supa gore phuthego ke “lekotwana le setshegetso sa boammaaruri.” (1 Tim. 3:15) Gape re babalelwa semoyeng ke “kagiso ya Modimo” e e dibelang dipelo tsa rona le megopolo ya rona. (Bafil. 4:6, 7) E kete rotlhe re ka leka ka natla go nna le mofuta wa moya o o tla re tlhomamisetsang gore re tla bona bopelonomi jo bo sa re tshwanelang jwa ga Jehofa ka Morena Jesu Keresete.—2 Tim. 4:22.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2025)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela