LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • km 1/90 ts. 3
  • Ditsenyeletso Tse Di Nang le Katlego

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Ditsenyeletso Tse Di Nang le Katlego
  • Tirelo ya Rona ya Bogosi—1990
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • TLHOKOMELA MAIKUTLO AO BA A NTSHANG
  • GO DIRISA DITSENYELETSO TSE DI TSWANG MO BUKENG YA GO FETOLANA
  • A o Dirisa Buka ya Go Fetolana?
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—2008
  • Go Bereka Tshimo e e Dirwang Gangwe le Gape
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—1994
  • Diketapele Tsa go Tsosa Kgatlhego
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—1992
  • Tsela ya go Baakanyetsa Matseno a a Nang le Matswela
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—2013
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tirelo ya Rona ya Bogosi—1990
km 1/90 ts. 3

Ditsenyeletso Tse Di Nang le Katlego

1 Fa re nna le seabe mo tirong ya ka ntlo le ntlo, nako le nako re lebana le potso eno, “Nka simolola ka go reng?” Baboledi ba ba nang le boitemogelo bao ba nang le matswela a a molemo mo tirelong ya tshimo ba neelana ka dikakantsho di le mmalwa tse di nang le mosola. Dingwe tsa tsone ke dife?

2 Sa ntlha, go botlhokwa gore re kgatlhegele ka bopelo-e-phepa batho bao re buisanang le bone. Go kgatlhegela batho ka namana go go ntseng jalo go bontshiwa ka mafoko le ka ditiro. Go botlhokwa gore re tlhokomele maikutlo ao mong wa ntlo a a ntshang. Re botse dipotso tse di tshwanetseng le go reetsa ka kelotlhoko fa a araba. Ka gale, re tshwanetse ra leka go thusa mong wa ntlo gore a bone kafa a ka solegelwang molemo ka gone ka namana fa a sekaseka setlhogo seo re tlotlang ka sone.

TLHOKOMELA MAIKUTLO AO BA A NTSHANG

3 Fa Jesu a ne a neela mosadi yole wa Mosamaria bosupi kwa sedibeng se se gaufi le Sikara, mangwe a maitemogelo a gagwe a ne a utlwala e le a a sa tlwaelegang mo mosading yoo. A ne a sa tsamaisane le tsela eo a neng a akanya ka yone kana tsela eo a neng a obamela ka yone. Jesu o ne a reetsa ka kelotlhoko, mme fa a ne a mo araba, o ne a nna a akantse ka seo a se boletseng. O ne a batla go mo thusa. (Yoh. 4:13, 14, 19-26) A re leka ka natla go ka latela sekao sa ga Jesu mo ntlheng eno fa re ntse re nna le seabe mo tirong ya go neela bosupi?

4 Fa batho ba ba mo tshimong ya lona ba araba mafoko a o simololang ka one ka go bolela jaana, “Ke na le bodumedi jwa me,” ke eng seo o ka se dirang? Mokwadi mongwe wa Bibela o ne a bolela jaana: “Pelo ea mosiami e tlhatlhanya go hetola.” (Dia. 15:28) A o dira seno? A o ile wa tlhokomela tshedimosetso e e mo ditsebeng 18-19 tsa buka ya Go Fetolana o ntse o akantse ka molao-motheo o o leng mo lekwalong leno? Gape o ka nna wa bereka le baboledi bao ba nang le katlego mo tirelong ya tshimo e le gore o ke o ithute kafa o ka dirang ditsenyeletso tsa gago ka gone gore di nne le katlego ka mo go oketsegileng.

5 Mo ditulong tseo batho ba gone ba dirisang seipato sa gore ba na le bodumedi jwa bone ka namana mo go tsone, o ka nna wa go fitlhela go le mosola gore o nne o itse gore ba tla araba jang e bo e nna wena o buang ka seo pele. Ka sekai, morago ga o sena go dumedisa, o ka nna wa bolela jaana: “A o na le bodumedi jwa gago ka namana? [Reetsa karabo ya bone.] Ke ne ke akanya gore o tshwanetse wa bo o na le jone ka gonne batho ba le bantsi ba mo tulong eno ba na le jone. Lefa go ntse jalo, lebaka la go bo ke etetse fano mo mosong ono ke  . . . ” Morago ga moo o bo o tswela pele ka setlhogo seo o batlang go se tlotla nae.

6 Fa beng ba matlo ka bontsi ba bolela jaana, “Ke tshwaregile,” o ka nna wa tlhopha ntlha e le nngwe kana go feta moo, tseo di bontshiwang mo ditsebeng 19-20 tsa buka ya Go Fetolana o bo o di dira gore di tsamaisane le ditlhokafalo tsa tshimo ya lona. O ka nna wa dirisa dikakgelo tseno tse di farologaneng o ntse o akantse ka diipato tseo di utlwiwang kgapetsa.

GO DIRISA DITSENYELETSO TSE DI TSWANG MO BUKENG YA GO FETOLANA

7 Ba le bantsi ba bona katlego e e molemo fa ba dirisa ditsenyeletso tse di leng mo ditsebeng 9-15 tsa buka ya Go Fetolana. O tla lemoga gore ditsenyeletso tseno di tlotla ka ditlhogo tseo batho ka kakaretso ba amegileng ka tsone, tse di ntseng jaaka dilo tse di diragalang ga jaanong, tshireletsego ya botho, khiro, matlo, botshelo jwa lelapa, le isagwe. Lefa go ntse jalo, tlhokomela gape gore mafoko ao a dirisitsweng mo ditsenyeletsong tse di akantshiwang mo bukeng ya Go Fetolana a laletsa mong wa ntlo gore a ntshe maikutlo a gagwe. A mo thusa gore a bone kafa setlhogo seo se neelwang se leng botlhokwa ka gone le gore se a mo ama ka namana. Fa re dirisa ditsenyeletso tseno ka katlego seo se ka thibela beng ba matlo gore ba se ka ba dirisa dingwe tsa diipato tseo ba atisang go di dirisa.

8 Akanya ka kelotlhoko ka ditsenyeletso tseo o dumelang gore di tla nna le katlego thata mo tshimong ya lona. Ithute go dirisa ditsenyeletso tse di leng mo bukeng ya Go Fetolana. Bona molemo go tswa mo boitemogelong jwa baboledi ba bangwe. Rapela Jehofa gore a segofatse maiteko a gago. Fa o iteka ka thata mmogo le ka tshegofatso ya ga Jehofa, go ka nna ga diragala gore batho ba ba oketsegileng ba ba leng mo tshimong ya lona ba arabele mafoko a a molemo a poloko ka tsela e e molemo.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2025)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela