Diketapele Tsa go Tsosa Kgatlhego
1 Jesu o ne a le setswerere mo go diriseng ditsenyeletso. Go sa kgathalesege gore a Jesu o ne a bua le setlhopha se segolo sa batho kana le motho a le mongwe, o ne a gapa kgatlhego ya bao ba neng ba mo reeditse ka go ba dira gore ba amege mo go seo ka namana. O ne a bontsha bao ba neng ba mo reeditse kafa seo a neng a tlotla ka sone se leng botlhokwa ka gone.—Math. 5:3-12; Yoh. 4:7-30.
2 Go Botlhokwa Gore O Ipaakanyetse Esale Gale: Gore re ke re kgone go dira gore ba bangwe ba nne le kgatlhego mo molaetseng wa rona, re tshwanela gore re baakanyetse diketapele tsa rona ka tsela eo eleng gore di dira gore motho a amege mo go seo, di tsamaisane le dilo tseo a amegileng ka tsone, le go mmontsha gore molaetsa wa Bogosi o tla mo thusa ka namana.
3 Fa o baakanyetsa bodihedi, tlhatlhoba dilo tseo batho ba mo lefelong la lona ba amegileng ka tsone. A sengwe seo go neng go buiwa ka sone mo dikgannyeng se gapile tlhokomelo ya mongwe le mongwe? Ke eng seo se tla kgatlhang mosha? Motho yo o godileng? Banna ba ba nyetseng, basadi ba ba nyetsweng, kana batsadi? Mo boemong jwa gore o dirise ketapele e le nngwe e e tshwanang mo ntlong nngwe le nngwe, gantsi o nna le katlego ka mo go oketsegileng fa o baakanyetsa diketapele di le mmalwa tse di farologaneng mme o bo o iketleeletsa go di fetola fa o lemoga tsela eo beng ba matlo ba arabelang ka yone. Baboledi bangwe ba ile ba nna le katlego e e molemo ka go baakanyetsa diketapele tse di farologaneng go tswa mo bukeng ya Go Fetolana le go di dirisa nako le nako fa ba ya bodiheding jwa ka ntlo le ntlo. (rsTN dits. 9-15) Seno se dira gore mokgwa oo ba buisanang le batho ka one e nne e le o mosha ebile o kgatlhisa.
4 Mo kgweding ya August, o ka nna wa rata go buisana le batho jaana:
◼ “Dumelang. Re ntse re buisana le bangwe ba baagelani ba rona malebana le gore ba ne ba ka rata gore motho yoo a busang ba bangwe e bo e le motho yo o ntseng jang. A nka go botsa gore ke nonofo efe e le nngwe kana di le pedi tseo o akanyang gore di botlhokwa thata? [Mo letle gore a arabe. Mmontshe gore o dumalana le dintlha tsa gagwe. Dumalana nae fa go tshwanela.] A o ne o itse gore Bibela e tlhalosa ditshwanelego tsa Motho yoo a rebotsweng gore e nne molaodi wa setho? O tlhalosiwa fano mo go Isaia 9:6, 7. [E bale.] O akanya gore go ne go tla nna jang go tshela kafa tlase ga molaodi yo o ntseng jalo?” Mo fe sebaka sa gore a arabe mme morago ga moo o bo o mo tlhokomedisa Pesalema 146:3, 4 le mo dintlheng tseo di leng mo bukeng ya Go Fetolana mo ditsebeng 174-5 mabapi le tsela e e tlhomameng ya kafa puso ya ga Jesu e tlileng go nna ka gone. Kana buka ya Monna Yo Mogolo go Gaisa Botlhe, kgaolo 133, e ka dirisiwa go dira gore motlotlo oo o tswelele pele.
5 Fa o bua le batho bao ba ratang bodumedi, mokgwa o o latelang wa go buisana nabo o ka nna le katlego fa o buelela buka ya Monna Yo Mogolo go Gaisa Botlhe.
Fa o sena go dumedisa ka tsela ya lefelo leo, o ka nna wa bolela jaana:
◼ “Ke eng seo Modimo o se lebeletseng mo go rona jaaka Bakeresete? Bibela e re laela gore re latele sekao seo se tlhomilweng ke monna yo mogolo go ba gaisa botlhe mo lefatsheng, ebong Jesu Keresete. [Bala 1 Petere 2:21.] O ne a ruta balatedi ba gagwe gore ba rate baagelani ba bone, ba nne ba le phepa mo boitshwarong, le gore ba rapelele gore Bogosi jwa Modimo bo tle. Go bona poloko ga rona go ikaegile ka gore re tlotle Jesu jaaka Mmoloki wa rona mmogo le go mo ikobela. [Bala Yohane 14:6.] Jesu e ne e se motho fela yo o tlwaelegileng. Buka eno e mo tlhalosa jaaka monna yo mogolo go gaisa botlhe bao ba kileng ba tshela. Ereka re ikaegile ka ene gore re bone poloko, a ga o akanye gore go tlhokafala gore re ithute thata ka moo re ka kgonang ka gone ka tiro eo a ileng a e dira le seo a ileng a se ruta? Buka eno e kwaletswe sone seo segolobogolo, mme ke tla itumelela go go neela sekaelo seno gore e nne sa gago.”
6 Fa re etsa mekgwa eo Jesu a neng a e dirisa go gapa kgatlhego ya bao ba neng ba mo reeditse le go ba dira gore ba kopanele mo motlotlong, re bontsha batho bao ba nang le dipelo tse di ikanyegang kafa dilo tsa semoya di leng botlhokwa ka gone.