Go Buelela Buka ya Tshelela Ruri ka Tsela e e Molemolemo
1 Jesu o ne a kgona go dirisa matseno ka tsela e e bothakga thata. O ne a itse gore a bue eng gore a tsose kgatlhego ya batho. Mo lekgetlhong lengwe o ne a simolola motlotlo le mosadi wa Mosamaria fela ka go mo kopa gore a mo siele metsi. Seno se ne sa mo gogela ka bonako ka gonne ‘Bajuta ba ne ba sa etelane le Basamaria.’ Motlotlo o o neng wa latela morago ga foo o ne kgabagare wa thusa ene mmogo le batho ba bangwe ba bantsi gore e nne badumedi. (Joh. 4:7-9, 41) Re ka ithuta sengwe mo sekaong sa gagwe.
2 Fa o ipaakanyetsa go tsamaisa buka ya Tshelela Ruri, ipotse gore, ‘Ke dilo dife tse di amang batho ba ba mo tshimong ya rona thata? Ke eng se se tla kgatlhang mosha, motho yo mogolwane, monna yo o nyetseng, kana mosadi yo o nyetsweng?’ O ka nna wa baakanyetsa matseno a le mmalwa mme o rulaganye go dirisa a go bonalang a tshwanela boemo thata.
3 E re ka batho ba le bantsi ba amegile ka go senyega ga botshelo jwa lelapa, o ka nna wa bolela jaana:
◼ “Mathata a botshelo a letsatsi le letsatsi a tshwenya malapa thata gompieno. Ba ka bona kae thuso? [Letela karabo.] Baebele e ka re thusa tota. [Bala 2 Timotheo 3:16, 17.] Dikwalo di neela kaelo e e mosola e e ka thusang malapa go itshwarelela. Ela tlhoko se se bolelwang mo serapeng seno sa 3 mo tsebeng ya 238 mo kgatisong eno ya, O Ka Tshelela Ruri mo Lefatsheng la Paradaise.” Bala serapa sa 3, mme o tsamaise buka.
4 Fa e le gore o dirisa pego nngwe ya dikgang ya lefelo la lona, o ka nna wa bolela jaana:
◼ “A o utlwile pego ya dikgang kaga [umaka kgang nngwe e e amang batho ba lefelo la lona]? O ne wa akanya eng kaga seo? [Letela karabo.] Seno se dira gore o ipotse gore tota lefatshe leno le tla felela kae, a ga go jalo? Baebele e ile ya bolelela pele gore dilo tseno di tla diragala go supa gore re tshela mo metlheng ya bofelo.” Morago ga foo sekaseka tshedimosetso e e mo bukeng ya Tshelela Ruri, mo ditsebeng 150-3.
5 Batho ba le bantsi ba tshwenyegile ka bokebekwa jo bo ntseng bo oketsega. O ka nna wa dirisa matseno a ntlha a a kafa tlase ga setlhogo se se reng “Bokebekwa/Pabalesego” mo tsebeng ya 10 mo bukeng ya “Go Fetolana”:
◼ “Re bua le batho ka kgang ya go ipabalela. Go na le bokebekwa jo bontsi go re dikologa, mme bo ama matshelo a rona. O akanya gore go tshwanetse ga dirwa eng gore batho ba ba tshwanang jaaka nna le wena ba tle ba ikutlwe ba babalesegile mo mebileng bosigo?” O ka nna wa bala Pesalema 37:10, 11 mme wa tlhalosa ka masego a Bogosi jwa Modimo bo tla a lereng o dirisa buka ya Tshelela Ruri mo ditsebeng 156-8.
6 Fa e le gore o batla go simolola motlotlo ka tsela e e motlhofonyana, o ka nna wa dirisa matseno a a tshwanang le a a ka kwa godimo ga tsebe ya 12 mo bukeng ya “Go Fetolana”:
◼ “Re kgothaletsa baagisani ba rona gore ba bale ka isagwe e e itumedisang e Baebele e re e solofetsang. [Bala Tshenolo 21:3, 4.] A seno se utlwala e le selo se se itumedisang mo go wena? [Letela karabo.] Kgaolo ya 19 ya buka eno e bontsha masego a mangwe a batho ba ba kutlo ba tla a bonang mo Bogosing jwa Modimo.” Tsamaisa buka ya Tshelela Ruri ka moneelo wa R10, 50.
7 Fa o baakanyetsa matseno a a nang le matswela seno se ka go thusa gore o fitlhelele batho ba ba bolaetsweng tshiamo ke tlala.—Math. 5:6.