Dipuisano Tse di Motlhofo le Tse Di Atlegang
1 Jesu o ne a bolela ka Bogosi jwa Modimo ka tsela e e motlhofo le e e tlhamaletseng. O ne a itse gore batho ba sekadinku ba ne ba tla amogela boammaaruri fa ba bo utlwa. Se sengwe se a neng a se itse ke gore batho ba a farologana mo tseleng e ba akanyang ka yone, mo dilong tse ba di kgatlhegelang, le mo kgonong ya bone ya go akanya. Jalo he, o ne a dirisa diketapele, dipotso, le ditshwantsho tse di farologaneng tse di sa raraanang, e le gore a tle a gape maikutlo a batho ba ba mo reeditseng le go ama dipelo tsa bone. Re ka etsa sekao sa gagwe mme re dirise ka botlalo dipuisano tse di motlhofo le tse di atlegang sentle.
2 Dirisa Buka ya Go Fetolana Ka Tsela E E Tla Atlegang: Ketapele ya ntlha kafa tlase ga setlhogo se se reng “Mmereko/Matlo” se se mo tsebeng ya 11 mo bukeng ya Go Fetolana se tshwanela sentle ebile se motlhofo go neelwa.
O ka nna wa re:
◼ “Re ne re ntse re bua le baagisani ba gago kaga seo se ka dirwang go tlhomamisa gore mongwe le mongwe o na le mmereko ebile o na le ntlo. A o dumela gore ke selo se se utlwalang go lebelela gore mebuso ya batho e tla kgona go dira seno? . . . Mme go na le mongwe yo o itseng kafa a ka rarabololang mathata ano ka gone; ke Mmopi wa motho.” Bala Isaia 65:21-23. Go tswa foo o bo o ka botsa mong wa ntlo gore o bona seo jang.
3 Ketapele e e kafa tlase ga setlhogo se se reng “Tshiamololo/Pogo” se se mo tsebeng ya 12 e tla kgatlha batho ba le bantsi gompieno.
O ka nna wa botsa wa re:
◼ “A o kile wa ipotsa gore: A Modimo ruri o amegile ka tshiamololo le pogo tseo di diragalelang batho?” Letla gore mong wa ntlo a arabe mme go tswa foo o bo o bala Moreri 4:1 le Pesalema 72:12-14. Phutholola mo ditshwantshong tse di mo ditsebeng 150-3 mo bukeng ya Tshelela Ruri mme ka bokhutshwane o bontshe kafa maemo a lefatshe gompieno a diragatsang boperofeti jwa Bibela ka gone. Go tswa foo o bo o phutholola mo ditsebeng 161-2 go bontsha seo Modimo a se boletseng malebana le masego a a tla tlelang motho. Botsa mong wa ntlo gore ke kgang efe e e mo kgatlhang fela thata.
4 Fa e le gore mong wa ntlo ga a kgatlhegele buka kana a setse a na le yone, ke eng fa o sa mmontshe dimakasine tse pedi? Ka dinako tsotlhe o leke go tlogelela mong wa ntlo dikgatiso dingwe tse di jaaka boroutšhara kana le e leng pampitshana ya mahala.
Ka sekai, fa e le gore mpho ya buka ga e tsewe, o ka nna wa re:
◼ “Boroutšhara jono jo bo reng, A Ruriruri Modimo O Amega Ka Rona?, bo tlhalosa ka phepafalo seo Modimo a solofeditseng go se dira gore a re thuse ka dilo tse re di tlhokang tsa letsatsi le letsatsi ebile bo bontsha kafa re ka solegelwang molemo ka gone.” Bula mo tsebeng ya 26 le 27 mo boroutšhareng, mme o bo o lebisa go serapa sa 21.
5 Fa o ka dira tshwetso ya gore o tlogele pampitshana, jaaka ya A Lefatshe Leno Le Tla Falola?, o ka bua ka tsela eno:
O ka nna wa re:
◼ “Gompieno mo lefatsheng go na le mahutsana a le mantsi fela thata le mathata. Pampitshana eno e bontsha gore Bibela e ne ya bolelela pele gore go tla nna le ntwa, ditlala, le mathata a botsogo. Mme Modimo o solofeditse gape gore o tla tlisetsa batho phetogo e e kgatlhang fela thata.” Bala serapa sa bofelo mo tsebeng 5 ya pampitshana eno.
6 Kgatlhego ya rona e e peloephepa mo bathong, e e patilweng ke puisano e e motlhofo le e e atlegang eo e amang pelo, ruri e tla kgatlha batho ba sekadinku.—Yoh. 10:16.