Go Thusa Batho go Kgatlhegela Buka ya Tshelela Ruri
1 Fa re etela batho kwa matlong a bone, gantsi re ba fitlhela ba tshwaregile thata ka “ditlhobaelo tsa tsamaiso eno ya dilo.” (Mar. 4:19, NW) Re lebane le kgwetlho ya go gapa kgatlhego ya bone ka puisano e e dirang gore motho a akanye. Kwa tshimogolong, batho ba bantsi ba ka nna ba se kgatlhegele go utlwa se re se buang. Fa re ka bua sengwe se se ka amang matshelo a bone, re ka nna ra tsosa kgatlhegonyana mo molaetseng wa Bogosi. Tsela e e molemolemo ya go simolola motlotlo ke go tlhopha dintlha tse di ikuelang tse o ka buang ka tsone go tswa mo bukeng ya Tshelela Ruri. O tla reng?
2 O ka nna wa bolela jaana:
◼ “Fa o ka bo o na le maatla, ke mathata afe a a utlwisang botlhoko mo nakong e re tshelang mo go yone a o neng o ka rata go a rarabolola? [Letela karabo, mme fa go tshwanela, dumalana le ene gore batho ba bantsi ba ikutlwa ka tsela e e tshwanang.] Go fitlha le jaanong, go bonala baeteledipele ba lefatshe ba sa kgone go bona tharabololo ya mathata a mantsi a a raraaneng a a leng teng. Mme lefa go ntse jalo, go na le Mongwe yo o kgonang e bile a tla fedisang mathata a a tshwenyang batho. Tsweetswee ela tlhoko se se tlhalosiwang mo go Pesalema 145:16. [Bala lokwalo, mme o mmontshe ditshwantsho tse di mo ditsebeng 11-13.] Serapa sa 14 mo tsebeng ya 14 se na le potso e re sa tswang go tlotla ka yone mme e botsa jaana: ‘Mme seno se tla diragala leng?’” Tlhalosetsa motho gore buka e tla araba potso eo, mme o bo o mo tsamaisetsa buka.
3 Kana o ka nna wa bolela sengwe se se tshwanang le seno:
◼ “Gongwe o itse boitlhobogo jo bo nnang gone fa motho a swetswe ke mongwe yo o mo ratang. Kwantle ga pelaelo go tshwanetse ga bo go ile ga go hutsafatsa e bile go dira gore o ikutlwe o kgobegile marapo. O ka tswa o ile wa ipotsa dipotso tseno: [Bala dipotso tse di mo serapeng sa 1 mo tsebeng ya 76.] A motho o ka se gomotsege fa a ka bona dikarabo tsa dipotso tseno? Go ka nna ga go kgothatsa go itse gore Baebele e re naya tsholofelo e e tlhomameng ka batho ba ba suleng. [Bala Johane 5:28, 29.] Buka eno e re thusa gore re itse gore boemo jwa baswi ke bofe le gore go na le tsholofelo efe ka isagwe.” Mmontshe kgaolo 8 le 20 ka bokhutshwane. Naya mongantlo sebaka sa gore a sekaseke buka.
4 Go ka direga gore o bone ditshono tsa go neela bosupi jo e seng jwa ka tlwaelo. Fa di le teng, o ka nna wa bolela jaana ka mafoko a gago:
◼ “Lefatshe le tletse ka mathata mo metlheng eno, mme kwantle ga pelaelo le wena o na le mathata. Ka maswabi, go bonala fa e le batho ba ba senang molato ba ba bogang thata. A o akanya gore Modimo o tla tsamaya o fedisa go boga? [Letela karabo.] Mma ke go bontshe gore Modimo o solofetsa go direla ba ba mo direlang eng. [Bala Pesalema 37:40 mme morago ga foo o bo o bula buka ya Tshelela Ruri mo tsebeng ya 99.] Buka eno e tlhalosa gore ke ka ntlha yang fa Modimo o letleletse boikepo le gore o tla bo fedisa jang.”
5 Fa o le mmoledi yo o santseng a le mmotlana, o ka nna wa dirisa puisano e e thailweng mo ditshwantshong tse di mo ditsebeng 156-8. O ka nna wa simolola ka go botsa jaana:
◼ “A o ka rata go tshela mo lefatsheng le le ntseng jaana? [Letela karabo.] Ditshwantsho tseno tsotlhe tse dintle di thailwe mo tsholofetsong e e leng mo Lefokong la Modimo, Baebele. [Mmontshe Dikwalo tse di supilweng moo.] Buka eno e ka go thusa go ithuta mo go oketsegileng ka tsholofetso ya Modimo ya go dira lefatshe lotlhe paradaise. E na le tshedimosetso e e nayang botshelo mme go mosola thata go e bala.”—Joh. 17:3.
6 Jehofa o tla segofatsa tiro ya rona fa re iteka ka tlhoafalo go gogela batho ba sekadinku kwa metsing a boammaaruri. Ka jalo a re direng gotlhe mo re ka go kgonang ka September go thusa batho go kgatlhegela buka ya Tshelela Ruri.