LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • km 1/94 ts. 1
  • Go Bereka Tshimo e e Dirwang Gangwe le Gape

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Go Bereka Tshimo e e Dirwang Gangwe le Gape
  • Tirelo ya Rona ya Bogosi—1994
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Ditsenyeletso Tse Di Nang le Katlego
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—1990
  • A o Dirisa Buka ya Go Fetolana?
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—2008
  • Dira Ketapele e e Tsosang Kgatlhego
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—1992
  • Diketapele Tsa go Tsosa Kgatlhego
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—1992
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tirelo ya Rona ya Bogosi—1994
km 1/94 ts. 1

Go Bereka Tshimo e e Dirwang Gangwe le Gape

1 Re itumelela go amogela dipego tsa gore diphuthego di le dintsi di bereka tshimo ya tsone gangwe le gape. (Math. 24:14; 1 Tim. 2:3, 4) Maitemogelo a supa gore le mororo selo seno se gwetlha tota, fela gone re ka kgona go atlega fa re ipaakanyetsa sentle e bile re eme sentle go itepatepanya le maemo a a farologaneng a a tlhagang.

2 Diketapele Tse Di Dirwang ka Botswerere Ke Tsone Di ka Thusang: Go botlhokwa thata gore re ipaakanyetse go dirisa ketapele e le nngwe kana tse pedi tse re ileng ra di akanyetsa sentle pele. Di tshwanetse go akaretsa dikakgelo tse di opang kgomo lonaka tse di tlhalosang ka phepafalo lebaka la go bo re eta gangwe le gape.

3 Buka ya Go Fetolana e na le dikai tse di molemo thata tsa diketapele tse di maleba tse re ka di dirisang. Go na le tse tharo tse di tlhomagantsweng mo tsebeng ya 15 kafa tlase ga setlhogo se se reng, “Mo Tshimong E E Dirwang Ka Metlha.” Boeletsa tse lo ka ratang go di dirisa mo tshimong ya lona.

4 Baboledi bangwe mo tshimong e e dirwang gangwe le gape ba atlegisiwa ke go dirisa dintlha tse di tswang mo dipampiring tsa dikgang tsa mafelo a bone fa ba simolola motlotlo. Buka ya Go Fetolana e tlhagisa dikai di le tharo tsa kafa seno se ka dirwang ka teng. Sekaseka ketapele ya bobedi kafa tlase ga setlhogo se se reng, “Bokebekwa/Pabalesego” mo tsebeng ya 10 le diketapele tsa ntlha tse pedi kafa tlase ga setlhogo se se reng, “Ditiragalo Tsa Bosheng” mo tsebeng ya 11.

5 Diketapele Tse O Di Baakanyetsang: Gololesega go e tla o tlhabolola le go dirisa dikakgelo tse di maleba tse o simololang motlotlo ka tsone tse o tla di dirang gore di tshwane le tse di mo bukeng ya Go Fetolana. Di bue ka tsela ya tlholego, o dirisa mafoko a gago. O ka nna wa di boeletsa le mmoledi yo o nang le maitemogelo pele ga o di dirisa mo tshimong.

6 Ka sekai, o ka nna wa bua sengwe se se tshwanang le seno:

◼ “Fa e sale re ne re go etetse mo nakong e e fetileng, [umaka tiragalo nngwe ya bosheng e batho ba motse wa lona ba buang thata ka yone]. Ka ntlha ya go bo ka tsela nngwe selo seno se re ama rotlhe, baagisani ba rona ba le bantsi ba bontsha fa ba tshwentswe thata ke sone. Gongwe le wena o kile wa nna wa akanya ka sone. [Leta go sekae go mo naya sebaka sa gore a arabe.] Fa re bua re lebile kafa maemo a lefatshe a leng ka teng gompieno, a ga o ne o dumelana le se moperofeti Jeremia a se kwadileng mo tsebeng ya 10, temana 23?” Morago ga go bala lokwalo loo, dira gore mong wa ntlo a tlhalose kafa a ikutlwang ka teng, go tswa foo mo tlhokomedise lekwalo lengwe le le rileng le le bontshang kafa Jehofa a tlileng go rarabolola bothata jo lo ntseng lo bua ka jone ka teng.

7 Kgotsa o ka nna wa re:

◼ “O tshwanetse wa bo o bone mo dikgannyeng gompieno [umaka tiragalo nngwe e e rileng]. Gongwe o tla dumela gore selo seno se re ama rotlhe. [Leta go sekae go mo naya sebaka sa gore a arabe.] Re ka nna ra nna le tsholofelo ya gore babusi ba tla lere tharabololo ya nakwana; lefa go ntse jalo, Bibela e bontsha kafa bothata jono bo tlileng go rarabololelwa ruri ka teng.” Mo tlhokomedise lekwalo lengwe le le tlhalosang se Modimo a tlileng go se dira.

8 “Ke Eng Fa Lo Re Etela Gantsi Jaana?” Go na le dikakgelo tse di maleba tse re di neilweng go tsebe 20 ya buka ya Go Fetolona, kafa tlase ga setlhogo se se reng “Ke Eng Lo Re Etela Gantsi Jaana?” tse re ka di dirisang go araba kakgelo eno e e ka nnang ya kgoreletsa motlotlo. Re ka kgona go neela bosupi jo bo molemo fa re dirisa tshono nngwe le nngwe e e tlhagang go thusa batho gore ba tlhaloganye gore go rata Modimo le moagisani tota ke gone go go re tlhotlheletsang gore re ba etele gangwe le gape ka mo re ka kgonang ka teng le e leng lefa ba sa re botse lebaka la gone. Go tlotla le bone ka mafoko a ga Jesu a a mo go Yohane 21:15-17 go ka nna ga thusa thata mo ntlheng eno.

9 A re tsweleleng pele re itepatepanya le dikgwetlho tsa tshimo e e dirwang gangwe le gape go fitlha ka nako ya fa Jehofa a tla bo a re, go lekane. Fa re ka ititaya sehuba jalo, re tla tlhomamisega gore o tla re kaela, a re sireletsa le go re segofatsa go ya go fitlha kwa bokhutlong.—Math. 28:19, 20.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2025)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela