LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • km 10/92 ts. 12
  • Dira Ketapele e e Tsosang Kgatlhego

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Dira Ketapele e e Tsosang Kgatlhego
  • Tirelo ya Rona ya Bogosi—1992
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Ditsenyeletso Tse Di Nang le Katlego
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—1990
  • A o Dirisa Buka ya Go Fetolana?
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—2008
  • Go Bereka Tshimo e e Dirwang Gangwe le Gape
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—1994
  • Dipuisano Tse di Motlhofo le Tse Di Atlegang
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—1993
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tirelo ya Rona ya Bogosi—1992
km 10/92 ts. 12

Dira Ketapele e e Tsosang Kgatlhego

1 Tora ya Tebelo le Tsogang! di mosola thata mo go jaleng peo ya boammaaruri mo megopolong le mo dipelong tsa babadi. Ka ntlha ya seo, re batla go senka ditsela tse di nang le matswela tsa go isa dimakasine tseno mo magaeng a batho ba ba ka solegelwang molemo ke letlotlo la semoya le le mo go tsone.

2 Beng ba matlo ba ka kgothalediwa jang gore ba amogele le go bala dimakasine tsa rona? Go itshetlegile thata ka tsela eo re di ba bontshang ka yone. Dikakantsho tse di molemo tsa kafa re ka ipaakanyetsang diketapele tse di nang le matswela ka teng di bonwa mo bukeng ya Go Fetolana, mo ditsebeng 9-15.

3 Fa o tsamaisa Tora ya Tebelo ya October 1, o ka nna wa leka go dirisa kakantsho ya boraro kafa tlase ga setlhogo se se reng “Ditiragalo tsa Bosheng” mo ditsebeng 10-11 tsa buka ya Go Fetolana.

Morago ga go ikitsise, o ka nna wa re:

◼ “Fa go ne go ka twe o itlhophele, ke afe a mathata a a mo lefatsheng a o neng o ka rata gore a fedisiwe pele?” Reetsa mong wa ntlo jaaka fa a araba, mme o bo o dumelane le ditlhobaelo tsa gagwe. Mme go tsweng foo o bo o ka tswelela, o bua sengwe se se tshwanang le seno: “Utlwa gore Bibela ya re tharabololo ya mathata ao ke efe. [Bala Isaia 9:6, 7.] Ka jalo tharabololo ya mmatota ya mathata a a aparetseng setho e tla tla ka puso ya tshiamo ya ga Mesia ebong Jesu Keresete.” Go tsweng foo o bo o ya kwa tsebeng ya 8 o bo o mo tlhokomedisa dirapa tsa bofelo tse tharo tsa kgang ya setlhogo se se reng “A Go Solofela MESIA ke Tsholofelo ya Mmatota?”

4 Diketapele tse dingwe gape tse pedi tse o ka di dirisang le Tora ya Tebelo ya October 1 di fitlhelwa mo tsebeng 11 ya buka ya Go Fetolana, kafa tlase ga setlhogo se se reng “Mmereko/Matlo.” O ka nna wa bua dintlha tseno le dipotso tseno ka mafoko a gago kana wa di boeletsa fela jaaka di ntse mo bukeng ya Go Fetolana. Morago ga go lebogela kakgelo ya mong wa ntlo, tswelela ka motlotlo o dirisa sengwe se se kgatlhang se se neng sa lemogiwa se se mo serapeng sa ntlha mo tsebeng 4 kafa tlase ga setlhogwana se se reng “A Ga Go na Tharabololo?” Mme ka go bala Isaia 65:21-23, tlhalosa masego a a tla leriwang ke puso ya ga Mesia.

5 Fa e le gore o dirisa Tsogang! ya October 8 ya setlhogo se se reng “O ka Fenya Go Sula Moya,” o ka nna wa lekeletsa ketapele ya boraro kafa tlase ga setlhogo se se reng “Botshelo/Boitumelo” mo tsebeng 13 ya buka ya Go Fetolana. Morago ga go tsenyeletsa Pesalema 1:1, 2, o ka nna wa mo tlhokomedisa ntlha e e dumalanang le yone mo makasineng wa Tsogang!

6 Kwantle ga pelaelo o tla kopana le beng ba matlo ba ba reng ba na le dibuka tsa bone tsa bodumedi. O ka nna wa mo tlhalosetsa gore le rona re na le dikgatiso tse eleng tsa rona fela (tse di etsang Tirelo Ya Rona Ya Bogosi); lefa go ntse jalo dimakasine tsa rona di balwa ke dimilione tsa batho ba eseng Basupi ba ga Jehofa.

7 Mo go 1 Bakorintha 3:6 Paulo o ne a re: “Nna ka yala, Apolose a nosa; me Modimo oa uñwisa.” Fa re batla gore Jehofa a ungwise peo ya boammaaruri mo dipelong tsa ba ba kgatlhegang, re tshwanetse gore re ele tlhoko gore re jala peo eo sentle ka diketapele tse di tsosang kgatlhego.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2025)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela