Bontsha Kamego ka Batho Bao ba Bontshitseng Kgatlhego
1 Go gaisa botlhe, Jehofa o ile a nna pelotshweu mo go amegeng ka batho. O ne a seka a re neela fela dilo di le dintsi tse di bonalang mme gape o re neetse le dilo tsa semoya tse re di tlhokang le tse re di itumelelang. O amegile thata ka rona mo a bileng a hukutsa le dipelo tsa rona.—Dipes. 139:23.
2 Fa Jesu a ne a le mo lefatsheng, o ne a latela sekao sa ga Rraagwe sentle ka go bontsha kamego mo go ba bangwe. A o gakologelwa monna yo o neng a raya Jesu a re, “Morèna, ha u rata, u na le thata ea go nntlahatsa”? Jesu o ne a araba ka gore, “Kea rata.” (Math. 8:1-3) Fa Jesu a ne a bona motlholagadi mongwe yo o neng a hutsafetse, o ne a dira eng? O ne a ema mme a mo thusa. (Luke 7:11-15) A o tla nna podimatseba gore o bontshe kamego go bao ba bontshitseng kgatlhego?
3 Gore re etse Rraarona, Jehofa, le Morwawe ebong Jesu Keresete, le rona re tshwanetse go kgatlhegela ba bangwe ka namana. Re ka dira seno ka go boloka rekoto ya ntlo le ntlo e e tsepameng. Seno se akaretsa go kwala leina la motho yo o kgatlhegang le aterese e e tshwanetseng mmogo le kgang e lo neng lwa tlotla ka yone fa o ne o mo etetse la ntlha. Morago ga moo, pele o boela gape kwa go ene, ipaakanyetse sentle. Fa e le gore re ne re mo tlogeletse dimakasine mo loetong lwa pele, gongwe re ka thaela loeto lwa rona mo ntlheng nngwe e e tlhalositsweng mo go nngwe ya ditlhogo tseno. Elang tlhoko kafa seno se ka dirwang ka gone.
4 Fa o mo tlogeletse Tora ya Tebelo ya October 1, 1992, ebile o mo tlhokomedisitse setlhogo se se reng “A Tota Batho Ba Tlhoka Mesia?,” o ka nna wa ipaakanyetsa go gatelela Tshenolō 21:4 le Yohane 17:3 fa o boela.
Ka sekai, fa lo sena go bala Tshenolō 21:4, o ka nna wa botsa jaana:
◼ “Ke jang re ka nnang karolo ya lefatshe le le ntseng jalo? [Mo neye sebaka sa go araba.] Reetsa se Mesia a neng a se bolela gore se a tlhokega gore motho a tle a bone botshelo mo lefatsheng le le tshwanang le leno.” Morago ga moo o bo o bala Yohane 17:3, o ntse o gatelela gore botshelo jo bosakhutleng mo lefatsheng le lesha la kagiso o ka bo bona fa re itse Modimo le Keresete. Fa a bontsha kgatlhego, leka go simolola thuto le ene mo pampitshaneng ya Botshelo mo Lefatsheng Le Lesha la Kagiso.
5 O ka nna wa bona karabelo e e molemo fa lo tlotla ka ntlha nngwe e e tserweng go tswa go Tsogang! ya October 8, 1992, mo setlhogong se se reng “O Ka Fenya go Sula Moya.” O ka nna wa thaela motlotlo wa gago mo go Bafilipi 4:6, 7, fa o setse o boela gape.
O ka nna wa botsa jaana:
◼ “O dumela gore ke eng se se ka nnang tharabololo ya go fenya go sula moya gompieno?” Dumalana le karabo ya gagwe mme go tswa foo o bo o bolela jaana: “Se se kgatlhisang ke gore, Bibela e bontsha melaometheo eo e e leng gore fa e dirisiwa, e tla thusang mo go reng motho a nne le kagiso ya mogopolo le ya pelo. [Mo tlhokomedise dintlha tse di tshwanetseng mo go Bafilipi 4:6, 7.] Bibela e bontsha ka nako e mo go yone botlhe ba tla bong ba tshela ka melaometheo ya Bibela le e mo go yone go tla bong go sena maemo ao a dirang gore batho ba sule moya.” Go tswa foo o bo o tlhomolola masego a mangwe a mo isagweng ka go sekaseka pampitshana ya Botshelo mo Lefatsheng Le Lesha la Kagiso, mme o bo o simolola thuto ka yone.
6 Go tweng fa e le gore mong wa ntlo o setse a na le nngwe ya dikgatiso tsa rona? Ke ka ntlha yang o sa e dirise go simolola thuto? Fa e le gore o na le buka ya Tshelela Ruri, bula diteng tsa yone o bo o kopa mong wa ntlo gore a tlhophe setlhogo sengwe se a ka ratang lo se tlotla. He o ka nna wa simolola thuto ka go sekaseka serapa se le sengwe kana di le pedi.
7 Fa re bontsha kamego go batho bao ba bontshitseng kgatlhego ka go baakanyetsa sentle le go dira maeto a go boela a a nang le matswela go bontsha gore re baetsi ba Modimo le Keresete, re ntse re batla batho ba le bantsi ka mo go ka kgonegang gore ba bolokiwe.—2 Pet. 3:9.