LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • km 5/92 ts. 4
  • Dira Maeto a go Boela ao a Nang le Katlego

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Dira Maeto a go Boela ao a Nang le Katlego
  • Tirelo ya Rona ya Bogosi—1992
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Maeto A go Boela a a Motlhofo Le a A Nang le Matswela
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—1993
  • Tswelela Pele o Godisa Kgatlhego ka go Dira Maeto a go Boela a a Nang le Matswela
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—1993
  • Dirisang Buka ya Go Fetolana ka Nako ya Fa lo Dira Maeto a go Boela
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—1992
  • Nna Pelokgale go Dira Maeto a go Boela
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—1997
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tirelo ya Rona ya Bogosi—1992
km 5/92 ts. 4

Dira Maeto a go Boela ao a Nang le Katlego

1 Go dira maeto a go boela ke karolo ya botlhokwa ya tirelo ya rona jaaka “badihi mmōgō le Modimo.” (1 Bakor. 3:6-9) Ga go tlhokege ka gope gore re tshwenyege ka gore mong wa ntlo o tlile go reng, ereka re boela mo mothong yoo a setseng a ile a bontsha kgatlhego mo boammaaruring. Fa re baakanyeditse sentle seo se tla bontsha gore re kgatlhegela motho yoo ka namana yoo re mo etelang jaaka fa re ntse re tlotla le ene ka setlhogo sengwe se se kgatlhisang se se tswang mo Bibeleng.

2 O se ka wa nnela go ratha kwa le kwa; mmotse dipotso ka botlhale.

O ka nna wa botsa jaana go tswa mo dintlheng tsa gago tseo o ileng wa di kwala fa o ne o mo etetse la ntlha:

“A o ile wa akanya go ya pele ka ditsholofetso tsa Modimo tsa go busa mo lefatsheng ka tshiamo?”

Potso e nngwe e ka nna:

“A o ikutlwa gore thapelo ya gago ya go rapelela Bogosi jwa Modimo gore bo tle e na le bokao jo bogolwane fa esale ka nako eo re ileng ra nna le motlotlo ole wa Bibela mo bekeng e e fetileng?”

Go supa sefatlhego se se botsalano mmogo le segalo sa rona sa lentswe di thusa thata mo go bontsheng kafa re kgatlhegang go tswa pelong ka gone fa re botsa dipotso tse di ntseng jalo.

3 O Seka wa Tlhatlaya Mashi; Reetsa Seo Mong wa Ntlo A Se Bolelang. Fa re reetsa seo mong wa ntlo a se bolelang le go akanya ka sone ka masisi pele ga fa re araba, seo se tla bontsha mang le mang kafa re mo kgatlhegelang ka mmatota ka gone ka namana. Go ikaegile ka gore a reng, o ka nna wa mmolelela ntlha nngwe e e tswang mo Dikwalong eo e amanang le fa o ne o mo etetse ka lekgetlo la ntlha. Ipaakanyetse gore go nne le sengwe seo o se rutang mong wa ntlo nako le nako fa o mo etela. Fa a tlhagisa setlhogo sengwe seo o neng o sa se lebelela, dirisetsa sebaka seo go ntsha buka ya Go Fetolana go batla tshedimosetso e e tlhokegang kaga seo mo go yone.

4 Fa e le gore o ile wa tsamaisa “Tora ya Tebelo” ya May 1, 1992, o ne o ka nna wa re:

◼ “Mo nakong e e fetileng, re ile ra buisana ka ngwaga wa 1914. Ntwa eo e neng ya simolola ka ngwaga eo e ile ya dira gore go nne le diphetogo mo dipusong di le dintsi. Fa esale go tloga ka nako eo go tswelelwa pele go dirwa diphetogo di le dintsi. A mme go na le epe ya diphetogo tseno kana diphetogo tseno tsotlhe tseo eleruri di ileng tsa kgotsofatsa batho mo dilong tseo ba di tlhokang, kana a di ka tlhomamisetsa batho gore kagiso e tlile go nnela ruri? [Mo fe sebaka sa gore a akgele.] Bona kafa Jesu a ileng a ruta balatedi ba gagwe ka gone gore ba rapelele puso eo eleruri e neng e ka rarabolola mathata a magolo ao re lebaneng le one gompieno. [Bala Mathaio 6:9, 10.] Ke eng seo o akanyang gore Bogosi jwa Modimo bo tlile go se fitlhelela? [Mo fe sebaka sa gore a akgele.] Seo Bibela e se tlhalosang le sone se kgatlhisa fela thata.” Morago ga moo o bo o bala Daniele 2:44. O ka nna wa rata go dirisa setshwantsho seo se leng mo ditsebeng 12 le 13 tsa buka ya Tshelela Ruri go mmontsha mofuta wa maemo ao re ka a lebelelang kafa tlase ga Bogosi jwa Modimo.

5 Fa e le gore o mo tsamaiseditse “Tsogang!” ya May 8, 1992, o ka nna wa bolela jaana:

◼ “Maloba fa ke ne ke go etetse, re ile ra buisana ka batho bao ba tlogelang nagagae ya bone e le gore ba ke ba falole mo tshiamololong le mo pogong. A o akanya gore ruri Modimo o kgathalela seo batho ba tshwanelwang ke go se itshokela seo bankabone ba se dirang mo go bone?” Go ikaegile ka gore o araba jang, o ka nna wa bala Moreri 4:1 kana Pesalema 72:12-14 le motho yoo. Mme e ka nna ya re morago ga moo wa bula mo tsebeng 15 ya boroutšhara ya “Bōnañ,” mme o bo o bala dirapa di le tharo tseo di leng mo tsebeng eo kana o ka nna wa di sobokanya fela, o tla o botsa dipotso tsa serapa sengwe le sengwe.

6 A re tsweleleng pele re kgatlhegela ba bangwe ka namana le go nna le ditlhogo tse di kgatlhisang tsa Bibela mo megopolong ya rona tseo re ka tlotlang le bone ka tsone e le gore maeto a rona a go boela a ke a nne le katlego.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2025)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela