E Boloke
A o Dirisa Diboroutšhara Tseno?
Baebele—E na Le Molaetsa Ofe?
E diretswe go ngoka batho ba ba sa itseng go le kalo ka Baebele, segolobogolo ba ba mo madumeding a e seng a Bokeresete
Kafa o ka e tsamaisang ka teng: “Re ka rata go utlwa gore o akanya eng ka se se bolelwang fano mo Dikwalong (kgotsa mo bukeng eno e e boitshepo). [Bala Pesalema 37:11, e e umakilweng mo karolo 11.] O akanya gore lefatshe le tla nna jang fa boporofeti jono bo diragadiwa? [Mo letle gore a arabe.] Seno ke sekai se se bontshang tsholofelo le kgomotso e batho ba ditso tsotlhe le ditumelo tsotlhe ba ka e bonang go tswa mo Baebeleng.” Bala serapa se se fa godimo mo tsebe 3 mme o bo o mo tsamaisetsa boroutšhara.
O ka nna wa leka seno: Fa e le gore o tshwarela motho yo o seng mo bodumeding jwa Bokeresete thuto ya Baebele ka buka ya Baebele e Ruta Eng?, dirisa metsotso e sekae fa lo simolola kgotsa lo konela thuto nngwe le nngwe go sekaseka karolo e le nngwe ya boroutšhara jono gore motho yo o ithutang le ene a itse tshobokanyo ya Baebele.
Tsela e e Isang Botshelong Jo bo Sa Khutleng—A o E Bone?
E diretswe go thusa batho gore ba bone gore Modimo ga a amogele mofuta mongwe le mongwe fela wa kobamelo
Kafa o ka e tsamaisang ka teng: Go na le mefuta e le mentsi e e farologaneng ya kobamelo. A Modimo o amogela ditsela tsotlhe tse di ganetsanang tse batho ba bolelang gore ba mo obamela ka tsone? Bala Mathaio 7:13, 14. Jesu, yo e leng moporofeti wa Modimo, o ne a bontsha gore go na le ditsela di le pedi fela, e nngwe e isa kwa botshelong jo bo sa khutleng mme e nngwe e isa kwa tshenyegong. Boroutšhara jono bo diretswe go go thusa go bona tsela e e isang botshelong jo bo sa khutleng.
O ka nna wa leka seno: Kopa mong wa ntlo gore o boe go tla go bala boroutšhara jono le ene mme a lebe ditemana mo Baebeleng ya gagwe. Fa go tshwanela, bontsha mong wa ntlo buka ya Baebele e Ruta Eng?
O ka Kgona go Nna Tsala ya Modimo!
E diretswe go ngoka batho ba ba sa rutegang go le kalo kgotsa ba ba sa itseng go bala sentle
Kafa o ka e tsamaisang ka teng: “A o akanya gore go a kgonega gore re nne ditsala tsa Modimo? [Mo letle gore a arabe. Go tswa foo, bala Jakobe 2:23.] Boroutšhara jono bo diretswe go re thusa gore re nne ditsala tsa Modimo, fela jaaka Aborahame.”
ka nna wa leka seno: Bontsha gore thuto ya Baebele e tshwarwa jang ka gore lo sekaseke mmogo thuto 1 yotlhe kgotsa botlhanngwe jwa yone, e ka tswa e le mo loetong lwa ntlha kgotsa mo loetong lwa go boela.
Meya Ya Batho Ba Ba Suleng—A E Ka go Thusa Kana E ka go Gobatsa?—A Totatota E A Tshela?
E diretswe go neela bosupi jo bo tlhatswang pelo jwa gore batho ga ba na lebaka lepe la go boifa baswi. Go neetswe bosupi jo bo bontshang gore baswi ga ba na maatla
Kafa o ka e tsamaisang ka teng: Batho ba le bantsi ba boifa baswi, ba dumela gore baswi ba sa ntse ba ka laola batho ba ba tshelang. Baebele e ruta eng? Bala Moreri 9:5, 6, 10. Go ya ka ditemana tseno, a baswi ba ka rata kgotsa ba tlhoa batho ba ba tshelang? Boroutšhara jono bo neela dikarabo tse di utlwalang sentle le tse di kgotsofatsang tsa dipotso tse batho ba le bantsi ba nang le tsone malebana le boemo jwa baswi.
O ka nna wa leka seno: Fa e le gore mong wa ntlo o amogetse boroutšhara jono, kopa go boa o tla go tlotla ka kgang eno le ene le go araba dipotso tse a ka tswang a na le tsone. Buelela buka ya Baebele e Ruta Eng? ka bonako jo bo kgonegang.
The Guidance of God—Our Way to Paradise
E diretswe go ngoka Bamoseleme ba ba nnang mo lefelong le ba ka ikutlwang ba gololesegile go ithuta Baebele mo go lone
Kafa o ka e tsamaisang ka teng: “Ke tlhaloganya gore Bamoseleme ba dumela mo Modimong a le esi wa boammaaruri le mo baporofeting botlhe. A go ntse jalo? [Mo letle gore a arabe.] Nka rata go tlotla le wena ka boporofeti jwa bogologolo jo bo bolelelang pele ka go fetolwa ga lefatshe go nna paradaise. A nka go balela se moporofeti yono a se kwadileng? [Bala Isaia 11:6-9.] Batho ba le bantsi ba ile ba ipotsa gore Modimo o tlile go tlisa diphetogo tseo jang mo lefatsheng. Boroutšhara jono bo bontsha se baporofeti ba se buang ka kgang eno.”
O ka nna wa leka seno: Fa e le gore mong wa ntlo o amogela boroutšhara, o ka nna wa re: “Buka eno ya Modimo e tlhalosa gore kwa tshimologong, motho o ne a tshela mo paradaiseng. Mo motlotlong wa rona o o latelang, nka rata go araba potso eno, ‘How did man turn away from God’s guidance and lose paradise? [Motho o ile a itlhokomolosa jang kaelo ya Modimo mme a latlhegelwa ke paradaise?]’” Fa o boela, tlotlang ka masimologo a karolo e e simololang mo tsebe 6.
Real Faith—Your Key to a Happy Life
E diretswe go ngoka Bamoseleme ba ba nnang mo lefelong le ba ka ikutlwang ba gololesegile go ithuta Baebele mo go lone
Kafa o ka e tsamaisang ka teng: Bontsha mong wa ntlo setshwantsho se se mo tsebe 16-17 o bo o re: “Setshwantsho seno se farologane thata le se re se bonang mo lefatsheng gompieno. A o akanya gore go a kgonega gore ka letsatsi lengwe lefatshe le nne ka tsela eno? [Mo letle gore a arabe.] Ela tlhoko se Buka eno ya Modimo e se solofetsang. [Bala nngwe ya ditemana tse di nopotsweng go tswa mo Baebeleng ya gago.] Boroutšhara jono bo re thusa gore re nne le tumelo ya mmatota gore ditsholofetso tseno di tla diragala.”
O ka nna wa leka seno: Kwa bofelong jwa loeto lwa ntlha, kopa mong wa ntlo gore a tlhophe nngwe ya dipotso tse di mo tsebeng e e ka fa morago. Go tswa foo, dira dithulaganyo tsa go tla go tlotla ka karabo go tswa mo boroutšhareng fa o boela.
The Pathway to Peace and Happiness
E diretswe go ngoka Babuda
Kafa o ka e tsamaisetsang motho yo o godileng yo e leng Mobuda ka teng: “Gongwe fela jaaka nna o tshwenyegile ka dikgopolo tse dintsi tsa gompieno tse di tlhabisang ditlhong le ka tsela e di amang bana ba rona ka yone. O akanya gore ke ka ntlha yang fa go na le koketsego ya boitsholo jo bo sa siamang jaana mo basheng? [Mo letle gore a arabe.] A o ne o itse gore seno se ile sa bolelelwa pele mo bukeng e e neng ya simololwa go kwalwa bogologolo pele ga go simololwa madumedi a Bokeresete, Bohindu le Bomoseleme? [Bala 2 Timotheo 3:1-3.] Ela tlhoko gore maemo ano a tswelela go nna gone le fa batho ba tswelela go ithuta. [Bala temana 7.] Tshedimosetso e e mo kgatisong eno e nthusitse go tlhaloganya boammaaruri jo batho ba le bantsi ba sa bo ithuteng. A o ka rata go e bala?”
O ka nna wa leka seno: Mo loetong le le tlang la go boela, fa o setse o dirile gore mong wa ntlo a kgatlhegele Baebele, mmontshe dipotso tse di mo tsebeng e e ka fa morago o bo o mmontsha setlankana gore a bone buka ya Baebele e Ruta Eng? Mo tlhalosetse gore o tlile ka khopi fa e le gore o batla go e bona. Mmontshe lenaane la diteng la buka mme lo sekaseke serapa se le sengwe kgotsa di le pedi mo kgaolong e a e tlhophileng.
Why Should We Worship God in Love and Truth?
E diretswe go ngoka Bahindu
Kafa o ka e tsamaisang ka teng: “Thapelo e e itsegeng ya Baindia e akaretsa go kopa go bona boammaaruri le lesedi. A o akanya gore go botlhokwa go obamela Modimo ka lorato le ka boammaaruri? [Mo letle gore a arabe.] Ela tlhoko se Jesu a ileng a se bolela ka kgang eno.” Bala Johane 4:24. Go tswa foo, bala serapa 4 mo tsebe 3 mme o mo tsamaisetse boroutšhara.
O ka nna wa leka seno: Fa e le gore mong wa ntlo o amogela boroutšhara, o ka re: “Batlhalefi bangwe ba Bahindu ba bolela gore boammaaruri bo fitlhilwe mo dipelong tsa rona. Ba bangwe ba re boammaaruri bo bonwa mo lokwalong lo lo boitshepo. Mo nakong e e tlang, nka rata gore re sekaseke potso e e tlhagang mo bofelong jwa serapa 3 mo tsebe 4: ‘Where should we look to find divine truth? [Re tshwanetse go leba kae go bona boammaaruri jo bo tswang kwa Modimong?]’”
Lasting Peace and Happiness—How to Find Them
E diretswe go ngoka Ba-China
Kafa o ka e tsamaisang ka teng: “Gompieno botshelo bo na le dikgwetlho di le dintsi tse di ka dirang gore re se ka ra itumela. Ke eng se se go thusang gore o itumele le fa go na le mathata? [Mo letle gore a arabe.] Batho ba le bantsi ba bone boitumelo ka go latela kgakololo e e mo Baebeleng. [Bala Pesalema 119:1, 2.] Batho bangwe ba re Baebele ke buka ya kwa Bophirima. Mme ela tlhoko seno. [Sekasekang serapa 16 mo tsebe 17.] Boroutšhara jono bo tlhalosa gore re ka bona jang kagiso le boitumelo jo bo tla nnelang ruri.”
O ka nna wa leka seno: Fa mong wa ntlo a amogela boroutšhara, balang mmogo mela ya ntlha e meraro ya serapa 18 mo tsebe 17 mme o bo o re: “Fa ke boa, nka rata go go bontsha gore ke eng se re ka lebelelang pele go se bona go ya ka se se kwadilweng mo Baebeleng.” Fa o boela, tlotlang ka nngwe ya dintlha tse di mo serapa 6 mo tsebe 30.