LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • km 2/95 ts. 3
  • Dikitsiso

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Dikitsiso
  • Tirelo ya Rona ya Bogosi—1995
Tirelo ya Rona ya Bogosi—1995
km 2/95 ts. 3

Dikitsiso

◼ Dibuka tse di tla dirisiwang ka February: O Ka Tshelela Ruri mo Lefatsheng la Paradaise ka moneelo wa R10,50. Dibuka tse dipotlana ke R5,30. March: Tshenolō—Konelo ya Yone e e Molemolemo E Atametse! ka moneelo wa R10,50. April le May: Peeletso ya Tora ya Tebelo ka moneelo wa R30,00 mo dikgatisong tse di tswang gabedi ka kgwedi. Peeletso ya ngwaga mo dikgatisong tse di tswang gangwe ka ngwaga kana peeletso ya dikgwedi tse thataro mo go tse di tswang gabedi ka kgwedi ke R15,00. Dipeeletso tsa tlelapa ke R19,00 mme tse dingwe ke R9,50.

◼ Mokwaledi le molebedi wa tirelo ba tshwanetse go tlhatlhoba tiro yotlhe e e dirwang ke babulatsela ba ka metlha. Fa go na le bape ba ba palelwang ke go fitlhelela diura tse di batlegang, bagolwane ba tshwanetse go rulaganya gore ba thusiwe. Go bona dikakantsho, boeletsang lekwalo la Mokgatlho (S-201) la October 1, 1993 le la October 1, 1994. Bona gape dirapa 12-20 mo tsenyeletsong ya Tirelo ya Rona ya Bogosi ya August 1986.

◼ Moletlo wa Segopotso o tla tshwarwa ka Labotlhano, April 14, 1995. Lefa puo e ka simololwa pelenyana ga nako, tsweetswee gakologelwang gore senkgwe le beine ya Segopotso ga di a tshwanela go tsamaisiwa pele ga fa letsatsi le phirima. Botsang batho ba ba nang le tshedimosetso ka seno mo lefelong la lona gore letsatsi le tla phirima leng mo lefelong la lona. Ga go na dipokano dipe tse di tshwanetseng go tshwarwa ka letlha leo fa e se fela tsa tirelo ya tshimo. Fa e le gore phuthego ya lona e tlwaetse go tshwara dipokano ka Labotlhano, lo ka nna lwa di fetolela go letsatsi le lengwe mo bekeng fa e le gore Holo ya Bogosi ga e dirisiwe.

◼ Kwa bokhutlong jwa dipokano tsa phuthego le jwa dithulaganyo tsa dikopano tsa potologo le tsa kopano e e kgethegileng ya letsatsi le le lengwe ka April 23, 1995, go tla dirwa kitsiso e e malebana le tiro e e kgethegileng e e tla dirwang ya go anamisa pampitshana ya ditsebe tse nne e e nang le molaetsa o o tshwanelang. Baboledi ba tla kgothalediwa gore ba di neye segolobogolo batho ba ba dipelo di phepa ba ba akanyang ka tsela e e masisi ka mathata a mantsi a lefatshe a ba lebaneng le one mme e le batho ba ba batlang kaelo e ba ka e ikanyang. Mmoledi mongwe le mongwe, go akaretsa le ba basha ba ba tla simololang go tswela tirelong ya tshimo ka March, April le May, ba tshwanetse go nna le seabe le go tshegetsa letsholo le le kgethegileng leno ka botlalo.

◼ Baboledi ba ba batlang go direla jaaka babulatsela ba ba thusang ka March, April, le May ba tshwanetse gore ba dire dithulaganyo tsa bone gone jaanong mme ba tsenye diforomo tsa bone go sa le gale. Seno se tla thusa bagolwane gore ba dire dithulaganyo tse di tlhokegang tsa tirelo ya tshimo le gore ba dire gore go nne le dibuka tse di lekaneng.

◼ Matlole a moneelo a a mo Holong ya Bogosi a tshwanetse go tshwaiwa sentle. Fa o ntsha meneelo, tlhomamisa gore o e tsenya mo matloleng a a tshwanelang a a tshwailweng gore “Branch Building Fund,” “Society Kingdom Hall Fund,” le “Contributions for Congregation.” Bagolwane ba ka nna ba bona go le mosola go dira kitsiso malebana le seno fa go tlhokega. Meneelo e e tsentsweng mo matloleng a a farologaneng ga e a tshwanela go tsenngwa mo go a mangwe. Ke boikarabelo jwa mongwe le mongwe go supa gore moneelo o a batlang go o ntsha ke wa eng ka go tsenya moneelo mo letloleng la moneelo le le tshwanelang. Maina a a kgomarediwang mo go one a ka otariwa go tswa mo Mokgatlhong.

◼ Re itumelela go lo itsise gore dikhasete tsa Kingdom Melodies tse robedi di setse di le teng mo alobamong. Tlhwatlhwa ya phuthego le batho botlhe ke R68,00 mme ya babulatsela ke R55,00. Diphuthego di tshwanetse go tsosolosa Cost List ya tsone go ya ka se se kwadilweng fano. Lo santse lo ka nna lwa otara dikhasete di le tsosi fela le alobamo e e senang sepe.

◼ Porekerama ya GetVerse, e go neng ga buiwa ka yone go Tirelo ya Rona ya Bogosi ya September 1994, le yone e setse e le teng ka disekete ya 3 1/2-inch ya 720-kilobyte. Tlhwatlhwa ya phuthego, batho botlhe, le babulatsela ke R12,00.

◼ Diphuthego di tshwanetse go simolola go otara 1995 Yearbook of Jehovah’s Witnesses mo diotareng tsa tsone tsa dibuka tsa February. 1995 Yearbook e tla bo e le teng ka Seesemane, Sefora, Segerika, Sepotokisi, Setadiana, le ka Sezulu. Di-yearbook ke dilo tsa setoko se se laolwang mme madi a tsone a tla tsenngwa mo akhaontong ya dibuka; nngwe le nngwe e le R5,60. Batho ba ba setseng ba feditse dikgwedi di le thataro e le babulatsela ba ka bona khopi ya mahala e phuthego e ka kopang phokoletso ya tsone. Babulatsela ba ka bona dikopi tse di oketsegileng ka R3,70 e le nngwe.

◼ Dikgatiso Tse Disha Tse Di leng Gone:

Searabia: Fa Mongwe Yo O Mo Ratang A Tlhokafala. (phuthego le batho botlhe: R1,00; babulatsela: R0,70). Seburu: Fa Mongwe Yo O Mo Ratang A Tlhokafala. Secibemba: Fa Mongwe Yo O Mo Ratang A Tlhokafala. Sechichewa: Fa Mongwe Yo O Mo Ratang A Tlhokafala. Se-croatia: Fa Mongwe Yo O Mo Ratang A Tlhokafala. Sedatšhe: Fa Mongwe Yo O Mo Ratang A Tlhokafala. Seesemane: Fa Mongwe Yo O Mo Ratang A Tlhokafala. Sefora: Fa Mongwe Yo O Mo Ratang A Tlhokafala. Segerika: Fa Mongwe Yo O Mo Ratang A Tlhokafala. Se-hungaria: Fa Mongwe Yo O Mo Ratang A Tlhokafala. Sejeremane: Fa Mongwe Yo O Mo Ratang A Tlhokafala. Sepedi: Fa Mongwe Yo O Mo Ratang A Tlhokafala. Sepolishe: Fa Mongwe Yo O Mo Ratang A Tlhokafala. Sepotokisi: Fa Mongwe Yo O Mo Ratang A Tlhokafala. Seromania: Fa Mongwe Yo O Mo Ratang A Tlhokafala. Serussia: Fa Mongwe Yo O Mo Ratang A Tlhokafala. Se-serbia: Fa Mongwe Yo O Mo Ratang A Tlhokafala. Seshona: Fa Mongwe Yo O Mo Ratang A Tlhokafala. Sesotho: Fa Mongwe Yo O Mo Ratang A Tlhokafala. Seswahili: Fa Mongwe Yo O Mo Ratang A Tlhokafala. Setadiana: Fa Mongwe Yo O Mo Ratang A Tlhokafala. Setšhaena: Fa Mongwe Yo O Mo Ratang A Tlhokafala. Setsonga: Go Utlwana mo Kobamelong ya Modimo O O Osi wa Boammaaruri. (Phuthego le batho botlhe: R3,50; babulatsela: R2,65); Fa Mongwe Yo O Mo Ratang A Tlhokafala. Setswana: Fa Mongwe Yo O Mo Ratang A Tlhokafala. Sevenda: Fa Mongwe Yo O Mo Ratang A Tlhokafala. Sexhosa: Fa Mongwe Yo O Mo Ratang A Tlhokafala. Sezulu: 1995 Yearbook of Jehovah’s Witnesses (phuthego le batho botlhe: R5,60; babulatsela: R3,70); Fa Mongwe Yo O Mo Ratang A Tlhokafala.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2025)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela