Akanyetsang Batho ba Bangwe—Karolo 2
1 Re batla go boloka kamano e e molemo le batho ba ba nnang mo lefelong la rona kafa re ka kgonang ka teng. Seno se raya gore re tshwanetse go ba akanyetsa le go tlotla ditshwanelo tsa bone le maikutlo a bone.
2 Basupi ba ga Jehofa ba itsege e le batho ba ba nang le maitseo a mantle. Batho ba bua thata ka tsela e e kwa godimo e re itshwarang ka yone jaaka baagisani, kwa sekolong, le kwa tirong mmogo le kwa dikopanong tsa rona.—Bona Tora ya Tebelo ya June 15, 1989, tsebe 20.
3 Mme gone, boitsholo jo bontle bo akaretsa dilo tse dintsi, tse di ntseng jaaka boikanyegi, go dira ka natla, le boitsholo jo bontle. Seno gape se akaretsa go tlotla batho ba ba nnang gaufi le Holo ya rona ya Bogosi. Batho ba ka se ka ba bona boitsholo jwa rona jo bontle fa re palelwa go akanyetsa baagisani ba rona. Paulo o ne a re kgothaletsa gore re ‘itshware ka mokgwa o o tshwanelang mafoko a a molemo.’—Bafil. 1:27.
4 Batho ba ba nnang gaufi le Diholo dingwe tsa Bogosi ba ile ba ngongorega gangwe le gape ba bolela gore batho ba ba tlang dipokanong ga ba ba akanyetse. Bakaulengwe le bokgaitsadi ba tshwanetse go tila go kgobokana fa thoko ga tsela fa pele ga Holo ya Bogosi ba tlotlela kwa godimo mo e leng gore ba utlwiwa mo matlong a a fa gaufi. Bana ga ba a tshwanela go letlelelwa gore ba siane go tswa le go tsena mo Holong ya Bogosi. Go itaaganya mabati a koloi o sa akanyetse ba bangwe kana go letsa hutara ya koloi go ka nna ga tsosa modumo mo tikologong. Boitsholo jo bo ntseng jalo bo ka dira gore go se ka ga buiwa sentle ka phuthego. Mo godimo ga moo, go botlhokwa gore re ele melao yotlhe ya tsela tlhoko fa re kgweetsa mo lefelong leno.—Bar. 13:1, 2, 5.
5 Dikoloi ga di a tshwanela go phakiwa mo matlong a batho kana mo mafelong a a tla kgoreletsang dikoloi tse di fetang kana mo ditselaneng tse di tswang mo ditsheng tsa matlo. Mafelo a go phaka a beng ba dikgwebo ba a boloketseng bareki ba bone ga a tshwanela go dirisiwa kwantle ga tetla. Fa diphuthego di le tharo kana di le nne di dirisa Holo ya Bogosi e le nngwe, go rulagangwa dipokano mo e ka nnang letsatsi lengwe le lengwe la beke, mme ka ntlha ya seno ditlhopha tsa bagolwane di tlhoka go dirisana mmogo thata.—Bona Tora ya Tebelo ya October 1, 1988, tsebe 17, serapa 13.
6 Baebele e re kgothaletsa gore re ‘dire dilo tsotlhe kgalaletsong ya Modimo,’ mme seo se akaretsa go akanyetsa batho ba ba kwa ntle. (1 Bakor. 10:31-33) Fa re ‘tlhokomela tse e leng tsa ba bangwe,’ re ka se ka ra dirisa mafelo a bone ka tsela e e sa tshwanelang. (Bafil. 2:4) Mme gape ga re batle go kgoreletsa dikgwebo tsa borakgwebo ba ba mo lefelong leo.
7 Go akanyetsa batho ba bangwe—mo teng le ka kwa ntle ga phuthego—ke tsela e e bonalang ya go bontsha gore re ikutlwa jang mo dipelong tsa rona. Dilo tse re di dirang le tse re di buang di tshwanetse go supa gore ‘re rata baagisani ba rona jaaka re ithata.’—Math. 7:12; 22:39.