Jehofa ke Mmopi wa Rona
1 Dimilione tsa batho di dumela gore Modimo o tlhodile botshelo. Ba bangwe ba bantsi ba dumela mo thutotlhagelelong. Mme go na le ba ba sa itseng gore ba tshwanetse go dumela eng. Buka ya Bibela—A Ke Lefoko la Modimo Kana la Batho? e tshwanela batho bao botlhe. Kgatiso eno e tlhomologile tota ka gonne e na le bosupi jo bo tlhomameng jwa gore tota Baebele ke Lefoko la Modimo. Ka June, re tla bo re tsamaisa buka e e molemo eno.
2 Puisano e e motlhofo, e e tlhamaletseng ke eno.
Fa o sena go dumedisa mongantlo, mmontshe setshwantsho se se mo tsebeng 4, mme o mmotse jaana:
◼ “Ke ka ntlha yang fa o tshwanetse go bala Baebele? A e santse e le buka e re ka e dirisang mo motlheng ono wa rona? A o dumela gore Baebele e ka rarabolola mathata a mantsi a re nang le one? [Letela karabo.] Buka eno e neela dikarabo tse di dumalanang ka ditsela tsotlhe le Baebele. Ke ka rata gore o e itseele gore o tle o bone gore a dilo tseno tsotlhe di ntse jalo ruri mme o itirele tshwetso. Re tla e go tlogelela ka moneelo o monnye wa R3,50.”
3 Fa o sena go ikitsise, o ka nna wa bolela jaana:
◼ “A o ka dumela gore rotlhe re tlhoka go kaelwa ka tsela e e botlhale mo botshelong gore re tshele sentle? [Letela karabo.] Ela tlhoko gore Baebele ya reng fano mo go Diane 14:12. [E bale.] Kaelo e e sa siamang e ka nna kotsi. Mono mo go Diane 2:6, 7 Baebele e bontsha gore Jehofa o re neela botlhale jwa boammaaruri. [E bale.] Go potlakile thata gore rotlhe re bale Baebele gore re bone botlhale jwa bomodimo. Kgatiso eno e bontsha gore Baebele ke motswedi o o ka ikanngwang go bona kgakololo e e ka thusang batho go rarabolola mathata a ba lebaneng le one. Tsweetswee, ela tlhoko gore serapa sa 2 mo tsebeng ya 5 sa reng. [Se bale.] Ke ka rata go go tlogelela buka eno ka moneelo wa R3,50.” Fa mongantlo a kgatlhega, mmolelele gore fa o tla gape mo nakong e e tlang o tla tlotla ka potso e e reng, Ke eng se se tla diragalelang motho le lefatshe mo isagweng?
4 Kana, fa go bonala gore mongantlo o tshwaregile thata, o ka nna wa bolela jaana:
◼ “Kwantle ga pelaelo o tla dumalana le nna gore batho ba lebane le mathata a mantsi.” Morago ga foo bala serapa se se simololang mo kgaolong 1. Fa mongantlo a sena go akgela ka potso ya bofelo mo serapeng seo, o ka nna wa re: “Baebele e re bolelela gore go ise go ye kae Modimo ka boone o tla rarabolola mathata a otlhe a batho ba sa kgoneng go a rarabolola. Buka eno e neela bosupi jo bo nonofileng jwa gore Baebele ke Lefoko la Modimo. Ke ka rata gore o e itseele ka moneelo wa R3,50.”
5 Fa o fitlha mo ntlong e go bonalang sentle gore go na le bana, o ka nna wa bua jaana:
◼ “Re ntse re bua le batsadi mo tikologong eno malebana le tsela e ba kaelang bana ba bone ka yone. Batsadi ba le bantsi ba amegile ka lebaka la go bo bana ba sa rutiwe kaga boitsholo mo thulaganyong ya sekolo. A o tlhokometse bothata jo bo tshwanang le jono? [Letela karabo.] Go a kgatlhisa go bona gore Baebele e bontsha gore rona le bana ba rona re tlhoka go kaelwa ka tsela e e botlhale. Ela tlhoko se se tlhalosiwang mo go Diane 14:12. [E bale.]” Bula tsebe ya 174 mo bukeng ya Lefoko la Modimo mme o bale serapa sa bofelo mo kgaolong eo. Tsamaisa buka ka R3,50. Fa mongantlo a tsaya buka, botsa potso e o ka e arabang fa o boa gape.
6 A o eletsa go thusa batho ba bangwe gore ba ithute ka boammaaruri jo bo itumedisang kaga Mmopi wa rona le ka maikaelelo a gagwe a a lorato malebana le popo ya gagwe a a tlhalosiwang mo Baebeleng? Buka ya Lefoko la Modimo e ka go thusa gore o dire jalo. E tlotlomatsa Mmopi wa rona yo Mogolo, Morena Molaodi Jehofa. Tswelela pele o thusa batho ba ba dipelo di phepa ba ba mo tshimong ya lona gore kaelo e e mo Baebeleng e ba solegele molemo.—2 Pet. 1:19-21.
7 Buka eno e ka thusa thata batho ba ba tlhoafetseng ba ba ileng ba tsiediwa ke batho ba ba sa dumeleng mo go Jehofa kana mo Lefokong la gagwe. Tshedimosetso e e nayang mabaka e e mo bukeng ya Lefoko la Modimo e ka thusa batho ba ba ntseng jalo gore ba anaanele thata Mmopi wa rona yo ka lorato a amegang ka rona.