Dipokano Tsa Tirelo Tsa December
ELANG TLHOKO: Tirelo ya Rona ya Bogosi e tlile go nna le thulaganyo ya Pokano ya Tirelo ya beke nngwe le nngwe ka December. Diphuthego di ka nna tsa dira diphetogo tse di tla di nayang sebaka sa gore di nne gone kwa Kopanong ya Kgaolo ya “Babaki ba ba Itumetseng” mme morago ga foo di nne le poeletso ya dintlhakgolo tsa thulaganyo eo ka metsotso e le 30 beke e e latelang mo Pokanong ya Tirelo. Poeletso eno ya letsatsi lengwe le lengwe ya thulaganyo ya kopano e tshwanetse gore e abelwe bakaulengwe ba babedi kana ba le bararo ba ba tshwanelegang go sa le gale gore ba tle ba kgone go tlhoma mogopolo mo dintlheng tse di tlhomologileng. Poeletso eno e e baakanyeditsweng sentle e tla thusa phuthego go gakologelwa dintlhakgolo tse bone ka bobone ba tla di dirisang le tse ba tla di dirisang mo tshimong. Dikakgelo tsa bareetsi le maitemogelo a a amanang le seo di tshwanetse go nna dikhutshwane e bile di opa kgomo lonaka.
Beke e e Simololang ka December 4
Pina 181
10 mets: Dikitsiso tsa phuthego ya lona. Dikitsiso tse di tlhophilweng go tswa mo teng ga Tirelo ya Rona ya Bogosi. Gakolola botlhe mo phuthegong gore ba tshwanetse gore ba nne le seabe go sa le gale ka December mme ba bo ba tlhomamisa gore ba tsenya dipego tsa bone pele ga ba ya malatsing a boikhutso kana ba ya kopanong. Tsweetswee lereng dipego tsa lona go sa kgathalesege gore lo dirisitse nako e e kana kang mo bodireding. Batshwari ba thuto ya buka ba tshwanetse go gakolola botlhe ba ba leng mo ditlhopheng tsa bone ka seno.
15 mets: “Bakang Jehofa Letsatsi le Letsatsi.” Dipotso le dikarabo. Dira gore go balwe dirapa. Dira gore mmoledi a le mongwe kana ba le babedi ba anele boitemogelo jo bo kgothatsang jo ba nnileng le jone fa ba ne ba neela bosupi jo e seng jwa ka tlwaelo.
20 mets: “Go Tsamaisa Buka ya Monna Yo Mogolo go Gaisa Botlhe Ba Ba Kileng Ba Tshela.” Buelela buka eno ka matlhagatlhaga gore e tsamaisiwe ka December. Batho ba ba yang malatsing a boikhutso kana ba ba tsayang mesepele go ya dikopanong ba tshwanetse gore ba itseele dikhopi tse di oketsegileng gore ba di dirise fa ba neela bosupi jo e seng jwa ka tlwaelo. Boeletsa dipuisano tse di akantshitsweng mme o dire gore go dirwe pontsho e le nngwe kana di le pedi ka tsone.
Pina 224 le thapelo e e konelang.
Beke e e Simololang ka December 11
Pina 201
13 mets: Dikitsiso tsa phuthego ya lona. Pego ya diakhaonto. Tlhalosa ka bokhutshwane mangwe a mabaka a go bo re tshwanetse gore re rulaganye gore re nne le seabe ka botlalo le ka tsela e e mosola mo tirelong ya tshimo. Go na le gore o tswe fela sebaka sa ura kana go feta, ke eng o sa rulaganye go tswa diura di le pedi kana le go feta fa go ka kgonega? Gantsi go atlega go ikaegile ka gore o rulaganye maeto a go boela go sa le gale le batho ba bangwe ba o tla berekang le bone ba ba ikaeletseng go bereka diura di le pedi kana go feta.
15 mets: Dilo tse di tlhokegang mo phuthegong ya lona. Kana puo e e thailweng mo setlhogong se se reng “Maduo A go Sa Ipone Tsapa,” se se tswang mo makasineng wa Tora ya Tebelo ya August 1, 1995, ditsebe 25-9.
17 mets: “Ipaakanyetse Dipokano Tsa Phuthego O bo O di Itumelele.” Puo le puisano. Kopa mmoledi a le mongwe kana ba le babedi gore ba tlhalose gore ke eng se ba se dirang go ba thusa gore ba itumelele dipokano le gore ba solegelwe molemo ka botlalo mo go tsone.
Pina 28 le thapelo e e konelang.
Beke e e Simololang ka December 18
Pina 139
10 mets: Dikitsiso tsa phuthego ya lona. Neela dikakantsho tsa kafa re ka arabelang ditumediso tsa malatsi a boikhutso ka botlhale ka gone. Dirang kitsiso ka thulaganyo e e kgethegileng ya go neela bosupi ka December 25 mo diphuthegong tse di tla bong di sa ya kopanong.
15 mets: “Dira Gore Botswelelopele Jwa Gago bo Bonatshege.” Dipotso le dikarabo.
20 mets: “Boelang Kwa Bathong ba ba Neng ba Kgatlhega.” Boeletsa dipuisano tse di akantshitsweng mme o dire gore go nne le dipontsho tse pedi tse dikhutshwane. Kgothaletsa botlhe gore ba dire maeto a go boela ka maikaelelo a go simolola dithuto tsa Baebele.
Pina 44 le thapelo e e konelang.
Beke e e Simololang ka December 25
Pina 88
5 mets: Dikitsiso tsa phuthego ya lona. Fa e le gore nako ya dipokano tsa lona e tla fetoga ka January 1, kgothaletsa botlhe gore ba tshegetse thulaganyo eno ka botlalo ka go dira diphetogo dipe tse di tlhokegang. (Bona Tirelo ya Rona ya Bogosi ya December 1994, tsebe 2.) Dira kitsiso ya thulaganyo e e kgethegileng ya go neela bosupi ka January 1 mo diphuthegong tse di tla bong di sa ya kopanong.
15 mets: Lebokoso la Dipotso. Puo. Dira gore tshedimosetso eo e tshwanele phuthego ya lona.
25 mets: “Go Dira Gore Lesedi la Rona le Phatsime ka Metlha.” Dira gore mafoko a makhutshwane a a simololang a bo a thailwe mo dirapeng 1-5. Dirapa 6-16 di tshwanetse gore di sekasekiwe ka dipotso le dikarabo. Bala dirapa 6-9, 15 le 16. Dirisa dirapa 17-19 go konela ka tsone. Fa go ka kgonega e tshwanetse go tshwarwa ke molebedi wa tirelo.
Pina 3 le thapelo e e konelang.