Solegelwa Molemo mo Sekolong sa Bodiredi sa Puso ya Modimo sa 1996—Karolo 3
1 Moaposetoloi Paulo o ne a batla gore bakaulengwe ba gagwe ba mo rapelele gore a tle a kgone go bua mafoko a a molemo ka bopelokgale. (Baef. 6:18-20) Re batla go ithuta go nna le bokgoni jo bo ntseng jalo. Gore re nne le jone, re itumelela thuso e re e neelwang ka Sekolo sa Bodiredi sa Puso ya Modimo se batho ba ba tlang kwa go sone ba ba tshwanelegang ba ka ikwadisang mo go sone.
2 Ka gonne re le baithuti, re newa kgakololo e e re lebaneng gore e re thuse go tokafatsa bokgoni jwa rona jwa go bua le go ruta. (Dia. 9:9) Gape re ka solegelwa molemo fa re reetsa kgakololo e e newang baithuti ba bangwe, re lebisa se re se ithutang mo go rona. Fa re ipaakanyetsa kabelo, re tshwanetse go ithuta kgatiso e e tswang mo go yone ka kelotlhoko go tlhomamisa gore re tlhalosa dilo ka tsela e e tshwanetseng. Dintlha tsa konokono le dikwalo tse re di dirisang di tshwanetse go tsamaelana le setlhogo sa kgang yotlhe. Fa kabelo eo e tlhoka motho yo mongwe, lo tshwanetse go e ithapisetsa sentle go sa le gale pele ga lo tla go e neela mo sekolong. Fa re ntse re gatela pele, re tshwanetse go dira maiteko a go e neela ka thelelo re dirisa dintlha tse di khutshwafaditsweng e seng go e bala jaaka e ntse.
3 Botlhe ba ba nang le dikabelo mo sekolong ba tshwanetse go goroga go sale gale, ba neye molebedi wa sekolo pampitshana ya Kgakololo ya Puo ba bo ba nna kwa pele mo holong. Bokgaitsadi ba tshwanetse go itsise molebedi wa sekolo seting ya bone go sale gale le gore a ba tla e neela ba dutse kana ba eme. Go dirisana mmogo mo dilong tseno go tla dira gore thulaganyo e tsamaye sentle le go thusa gore ba ba tlhokometseng serala ba baakanye sengwe le sengwe go sa le gale.
4 Go Baakanyetsa Kabelo No. 2: Bongwe jwa maikaelelo a mmalo wa Baebele ke go thusa moithuti go tokafatsa tsela e a balang ka yone. Seno se ka kgonwa jang? Tsela e e molemo ya go o bala sentle ke ka go o boaboeletsa o o balela kwa godimo. Gore moithuti a itse bokao jwa mafoko ape fela a a sa tlwaelegang o tshwanetse go a leba mo dikishinaring. Fa o sa tlhomamisege ka tsela e e siameng ya go bitsa mafoko a a rileng, botsa bakaulengwe ba ba itseng puo eo sentle.
5 New World Translation ya Seesemane e thusa motho ka tsela e e siameng ya go bitsa mainatota le mafoko a a sa tlwaelegang a a fitlhelwang mo Baebeleng. E dira jalo ka go a kgaoganya ka dinoko le go kwala matshwao a go a bitsa. (Bona “Lokwalo Longwe le Longwe Lo Tlhotlheleditswe ke Modimo Ebile Lo Mosola,” ditsebe 325-6, dirapa 27-8.) Gantsi, noko e e tlang pele ga letshwao la go e bitsa e tshwanetse go gatelelwa. Fa noko e e nang le letshwao la go e bitsa e felela ka tumanosi, o tshwanetse go bitsa tumanosi eo ka go e goga. Fa noko eo e felela ka tumammogo, o tshwanetse go bitsa tumanosi e e mo nokong eo ka go e khutsafatsa. (Bapisa Saʹlu le Salʹlu.) Bakaulengwe ba bangwe ba ipaakanyetsa dikabelo tsa mmalo wa Baebele ka go reetsa dikhasete tsa Mokgatlho.
6 Batsadi ba ka thusa bana ba bone ba babotlana go ipaakanyetsa kabelo ya mmalo. Seno se ka akaretsa go reetsa bana ba bone fa ba ithapisa le go ba neela dikakantsho tse di molemo gore ba itokafatse. Nako e o e beetsweng e go naya sebaka sa go dira matseno a makhutshwane le konelo e e tshwanetseng e e supang kafa dintlha tsa konokono di re thusang ka teng. Ka jalo, sebui se kgona go tokafatsa tsela e se buang ka thelelo ka yone.
7 Mopesalema o ne a kopa jaana ka thapelo: “Jehofa, bula dipounama tsa me; mme molomo wa me o tlaa bolela pako ya gago.” (Pes. 51:15) E kete go nna le seabe ga rona mo Sekolong sa Bodiredi sa Puso ya Modimo go ka re thusa go diragatsa keletso eo.