Dikgakololo Tsa Segopotso
Dintlha tse di latelang di tlhoka go elwa tlhoko pele ga re keteka Segopotso ka Labobedi, April 2:
◼ Mongwe le mongwe, go akaretsa le sebui, o tshwanetse go itsisewe nako e e tlhomameng le lefelo le se tlileng go ketekelwa kwa go lone.
◼ Go nne le senkgwe le beine tse di tshwanetseng mme di nne di baakantswe.—Bona Tora ya Tebelo ya February 15, 1985, tsebe 19.
◼ Go tliwe le tafole e e tshwanetseng le letsela la tafole, dijana le digalase kwa holong go sale gale di bo di bewe mo lefelong le le tshwanetseng.
◼ Holo ya Bogosi kana lefelo lengwe le go tla kopanelwang mo go lone, e tshwanetse go phepafadiwa sentle pele ga nako.
◼ Go tshwanetse ga tlhophiwa batlhokomedi le batsamaisamegopo go sale gale le go newa ditaelo malebana le tsela e e tshwanetseng ya go dira ditiro tsa bone.
◼ Go tshwanetse ga dirwa dithulaganyo tsa go ya go tsamaisetsa fela batho ba ba koafetseng ba e leng batlodiwa ba ba sa kgoneng go nna gone, e seng ba dinku di sele.
◼ Fa e le gore lo tlile go dirisa Holo ya Bogosi e le nngwe go tshwara meletlo e e fetang o le mongwe, diphuthego di tshwanetse go e refosana sentle gore batho ba se ka ba kgobelelana mo matsenong, mo dikgorwaneng, mo ditselaneng tsa kwa ntle le mo mafelong a go phaka.