Dikgakololo Tsa Segopotso
Segopotso se tla ketekiwa ka Sontaga, March 23. Bagolwane ba tshwanetse go tlhokomela dintlha tseno tse di latelang:
◼ Fa go beiwa nako ya pokano eno, tlhomamisang gore ditshwantshetso ga di tsamaisiwe pele ga letsatsi le phirima.
◼ Mongwe le mongwe, go akaretsa le sebui, o tshwanetse go bolelelwa nako e e siameng le lefelo le le siameng le go tla ketekelwang kwa go lone.
◼ Go tshwanetse ga batliwa senkgwe le beine tse di tshwanetseng le go baakanngwa.—Bona Tora ya Tebelo ya February 15, 1985, tsebe 19.
◼ Diboroto, digalase, tafole le letsela la tafole tse di tshwanetseng di tshwanetse go tlisiwa kwa holong le go baakanngwa go sa le gale.
◼ Holo ya Bogosi kana lefelo le lengwe le go tla kopanelwang kwa go lone di tshwanetse go phepafadiwa pele ga nako.
◼ Go tshwanetse ga tlhophiwa balebeledi ba ba tla tsamaisang dilo mme ba tshwanetse go laelwa go sa le nako ka dithulaganyo tse di siameng le ka ditiro tsa bone.
◼ Go tshwanetse ga dirwa dithulaganyo tsa go isetsa bape fela ba batlodiwa ba ba lwalang kana ba ba sa kgoneng go nna gone.
◼ Fa go tla bo go na le segopotso se se fetang se le sengwe mo Holong ya Bogosi e le nngwe, go tshwanetse ga nna le tirisano mmogo mo diphuthegong go tila go nna le pharakano e e sa tlhokegeng mo diphasiking, mo dikgorong, mo bophaphathong jwa tsela le mo go emisiwang dikoloi teng.