LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • km 3/97 ts. 6
  • Lebokoso la Dipotso

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Lebokoso la Dipotso
  • Tirelo ya Rona ya Bogosi—1997
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Diphitlho Tsa Bakeresete—Di na Le Seriti, Di Tshwarwa ka Tsela e e Tekatekano, E Bile di Itumedisa Modimo
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2009
  • Pono ya Mokeresete ka Dingwao Tsa Phitlho
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1998
  • Basupi ba ga Jehofa ba Ikutlwa Jang ka Diphitlho?
    Dipotso Tse Gantsi di Bodiwang
  • Dipotso Tse di Tswang Kwa Babading
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2002
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tirelo ya Rona ya Bogosi—1997
km 3/97 ts. 6

Lebokoso la Dipotso

◼ Fa phuthego e kopiwa go thusa go dira dithulaganyo tsa phitlho, go ka nna ga tsoga dipotso tse di latelang:

Ke mang yo o tshwanetseng go neela puo ya phitlho? Tshwetso eno e tshwanetse go dirwa ke ba lelapa. Ba ka nna ba tlhopha mokaulengwe ope fela yo o kolobeditsweng yo o nang le boemo jo bo siameng. Fa setlhopha sa bagolwane se kopiwa go tlhopha sebui, gantsi ba tla tlhopha mogolwane yo o nang le bokgoni go neela puo e e thailweng mo aotlelaeneng ya Mokgatlho. Le fa sebui se se kitla se tlotlomatsa moswi, go tla bo go siame go umaka dinonofo tse di tlhomang sekao tse a neng a na natso.

Puo ya phitlho e ka bula le go tswala ka pina le thapelo. Puo eno ga e a direlwa go tlhasela ditumelo tsa maaka tsa bodumedi mme e le go gomotsa ba ba hutsafetseng le go tlotlomatsa Jehofa jaaka Modimo o o lerato le o o kutlwelobotlhoko. Mokaulengwe a ka se letle motho wa lefatshe go nna le seabe mo thulaganyong eno e re ka seno se ka felela ka tirelo ya tlhakanelotumelo.

A Holo ya Bogosi e ka dirisiwa? E ka nna ya dirisiwa fa setlhopha sa bagolwane se dumela le fa go se kitla go thulana le dithulaganyo tse di tlwaelegileng tsa dipokano. Go ka nna ga dirisiwa holo fa e le gore moswi o ne a na le boemo jo bo siameng e bile e le leloko la phuthego kana ngwana wa leloko la phuthego. Fa e le gore motho yoo o ne a itsiwe ke batho ka boitshwaro jo e seng jwa Bokeresete kana go na le mabaka a mangwe a a ka tlhabisang phuthego ditlhong, bagolwane ba ka nna ba se ka ba dumela gore holo e dirisiwe.—Bona buka ya Bodihedi jwa Rona, ditsebe 62-3.

Ka tlwaelo fela, Diholo tsa Bogosi ga di dirisediwe diphitlho tsa batho ba ba sa dumeleng. Go ka nna ga dumelwa fa maloko a a setseng a lelapa e le baboledi ba ba kopanelang ba ba kolobeditsweng, fa moswi a ne a itsiwe ke batho ba le bantsinyana mo phuthegong gore o ne a na le boikutlo jo bo siameng ka boammaaruri e bile a itsiwe a na le boitshwaro jo bo siameng ke batho ba lefelo leo le fa go se na dingwao dipe tsa lefatshe tse di tla akarediwang mo thulaganyong.

Fa bagolwane ba dumela gore Holo ya Bogosi e dirisiwe, ba tla tlhotlhomisa gore a go lebeletswe go ya ka fa ngwaong gore lekese le nne gone kwa phitlhong. Fa go ntse jalo, ba ka nna ba dumela gore le tlisiwe mo holong.

Go tweng ka diphitlho tsa batho ba lefatshe? Fa e le gore moswi o ne a itsiwe ka boitshwaro jo bo siameng mo motseng, mokaulengwe a ka nna a neela puo ya Baebele e e gomotsang kwa gae kana kwa mabitleng. Phuthego e tla gana go tshwara phitlho ya motho yo o neng a itsiwe ka boitshwaro jo bo sa siamang, jwa go roba molao kana mokgwa wa go tshela o o sa dumalaneng le melaometheo ya Baebele. Tota mokaulengwe ga a kitla a kopanela le moruti go tshwara tirelo ya tlhakanelotumelo kgotsa phitlho epe fela e e tshwarelwang mo kerekeng nngwe ya Babilone o Mogolo.

Go tweng fa moswi a ne a kgaotswe? Ka tlwaelo fela, phuthego ga e kitla e nna le seabe sepe. Holo ya Bogosi e ka se dirisiwe. Fa motho a ne a bontsha gore o a ikwatlhaya mme a na le keletso ya go bowa, segakolodi sa mokaulengwe se ka nna sa mo letla go neela puo ya Baebele kwa gae kana kwa mabitleng, go neela batho ba ba sa dumeleng bosupi le go gomotsa ba losika. Lefa go ntse jalo, pele mokaulengwe yono a dira tshwetso eno, go tla bo go le botlhale gore a ikgolaganye le setlhopha sa bagolwane mme a akanyetse se ba ka se akantshang. Mo mabakeng a go tla bong go se botlhale mo mokaulengweng yoo go nna le seabe, go ka nna ga tshwanela gore mokaulengwe yo e leng wa lelapa la motho yo o tlhokafetseng e nne ene a neelang puo e e tla gomotsang ba losika.

Go ka nna ga bonwa kaelo e e oketsegileng mo dimakasineng tsa Tora ya Tebelo October 15, 1990, ditsebe 30-1; March 1, 1982, tsebe 31 (September 15, 1981, tsebe 31, ka Seesemane); March 15, 1980, ditsebe 5-7 (ka Seesemane); June 1, 1978, ditsebe 5-8 (ka Seesemane); December 1, 1977, ditsebe 282-3 (June 1, 1977, ditsebe 347-8, ka Seesemane); March 15, 1970, ditsebe 191-2 (ka Seesemane); le Tsogang! ya September 8, 1990, ditsebe 26-7 le March 22, 1977, ditsebe 12-15 (ka Seesemane). Bona gape le Tirelo ya Rona ya Bogosi ya April 1987, tsebe 4.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2025)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela