LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • km 6/96 ts. 7
  • Dikitsiso

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Dikitsiso
  • Tirelo ya Rona ya Bogosi—1996
Tirelo ya Rona ya Bogosi—1996
km 6/96 ts. 7

Dikitsiso

◼ Dikgatiso tse di tla tsamaisiwang ka June: Kitso E E Isang Botshelong Jo bo Sa Khutleng ka moneelo wa R3,50. July le August: Nngwe le nngwe ya diboroutšhara tse di latelang tsa ditsebe tse 32 e le nngwe ka moneelo wa R1,00: A O Tshwanetse Wa Dumela Tharo-Nngwe?, A Ruriruri Modimo O Amega Ka Rona?, “Bōnañ Dilō Cotlhe Ke Di Diha Sesha,” Fa Mongwe Yo O Mo Ratang A Tlhokafala, Itumelele Botshelo mo Lefatsheng ka Bosakhutleng!, Lebaka la Go Bo Botshelo Bo le Gone Ke Lefe—O Ka Le Bona Jang? le Puso Eo e Tla Tlisang Paradaise. Koo go tshwanelang teng, go ka nna ga tsamaisiwa boroutšhara jwa Meya ya Batho Ba Ba Suleng—A E Ka go Thusa Kana E Ka go Gobatsa? A Totatota E A Tshela? September: Go Dira Botshelo Jwa Lelapa la Gago go Itumedisa ka moneelo wa R3,50. Go ka nna ga dirisiwa gape buka e nngwe e e jaaka O Ka Tshelela Ruri mo Lefatsheng la Paradaise.

◼ Go simologa ka beke ya September 9, 1996, go ya go fitlha ka beke ya September 29, 1997, go tla bo go balwa buka ya Monna yo Mogolo go Gaisa Botlhe Ba Ba Kileng Ba Tshela kwa Thutong ya Buka ya Phuthego.

◼ Molebedi yo o okamelang kana mongwe yo a mo tlhophileng o tshwanetse go tlhatlhoba diakhaonto tsa phuthego ka June 1 kana ka bonako ka mo go ka kgonegang morago ga foo. Itsise phuthego fa seno se setse se dirilwe.

◼ Go Balebedi ba ba Okamelang: Re kopa gore lo romele Mokgatlho maitemogelo ape a a iseng a romelwe a phuthego ya lona e nnileng le one mo ngwageng ono go akaretsa le maitemogelo ape a a malebana le tirelo ya bobulatsela jo bo thusang le Letsatsi le le kgethegileng la Dimakasine ka April. Re batla go tlhopha a a molemolemo mo tshimong ya rona gore re a tsenye mo pegong ya ngwaga. Tsweetswee di romeleng e seng morago ga July 1, 1996.

◼ Re itumelela go lo itsise matlha le ditoropokgolo tse di sa tlhomamang tsa Dikopano tsa Kgaolo tsa “Barongwa ba Kagiso ya Bomodimo” tsa 1996.

November 22-24:

St. Helena (Seesemane)

December 6-8:

Butterworth (Sexhosa)

Empangeni (Sezulu)

Gaborone (Seesemane, Setswana)

Germiston (Seesemane, Sepotokisi, Puo ya Diatla)

KaNyamazane (Sezulu)

Thohoyandou (Sevenda)

Welkom (Seburu, Seesemane)

Windhoek (Seburu/Seesemane, Sekwanyama)

December 13-15:

Durban (Seesemane)

East London (Seesemane)

East London (Sexhosa)

Giyane (Setsonga)

Kokstad (Sexhosa)

Lebowakgomo (Sepedi)

Mafikeng (Setswana)

Ongwediva (Sekwanyama)

Pretoria (Seburu, Seesemane)

Umtata (Sexhosa)

December 20-22:

Botshabelo (Sesotho)

Cape Town (Seburu, Seesemane, Puo ya Diatla)

Cape Town (Sexhosa)

Durban (Sezulu)

Newcastle (Sezulu)

Soweto (Sesotho, Sezulu)

December 27-29:

Pretoria (Sepedi/Sesotho/Setswana, Sezulu)

Manzini (Seesemane, Sezulu)

Maseru (Sesotho)

Pietermaritzburg (Sezulu)

Port Elizabeth (Seburu, Seesemane)

Port Elizabeth (Sexhosa)

Springs (Sesotho, Sezulu)

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela