LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • km 6/96 ts. 7
  • Dipuisano Tse di Botsalano di ka Ama Pelo

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Dipuisano Tse di Botsalano di ka Ama Pelo
  • Tirelo ya Rona ya Bogosi—1996
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Go Tokafatsa Bokgoni Jwa Rona mo Bodireding—Simolola Motlotlo Gore o Neele Bosupi O se Mo Bodireding
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—2014
  • Tsela ya go Tokafatsa Bokgoni Jwa go Tlotla
    Solegelwa Molemo ke Thuto ya Sekolo sa Bodiredi sa Puso ya Modimo
  • Go Neela Mafoko a a Molemo—Ka go Tlotla le Batho
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—1990
  • Go Tokafatsa Bokgoni Jwa Rona mo Bodireding—Tlotla le Batho Gore o Feleletse o ba Rerela
    Bukana ya Pokano ya Botshelo le Bodiredi Jwa Rona 2018
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tirelo ya Rona ya Bogosi—1996
km 6/96 ts. 7

Dipuisano Tse di Botsalano di ka Ama Pelo

1 Puisano e ka tlhalosiwa e le go “abelana megopolo ka molomo.” Go simolola dipuisano tse di botsalano ka kgang e e amang batho ba bangwe go ka ba kgatlha e bile go ka re thusa go ama dipelo tsa bone ka molaetsa wa Bogosi. Maitemogelo a supa gore go molemo thata go buisana le batho ka tsela e e botsalano le e e phuthologileng go na le go ba rerela.

2 Kafa o ka Simololang Puisano e e Botsalano ka Teng: Go bo re kgona go buisana le batho ba bangwe ga go reye gore re tshwanetse gore re nne le megopolo le dikwalo tse re di rulagantseng tse di kgatlhang. Go kaya fela go dira gore motho yo mongwe le ene a bue le rona. Ka sekai, fa re buisana ka botsalano le moagelani wa rona, ga re bue ka tsela e e gagametseng go na le moo e nna e e phuthologileng. Ga re akanyetse se re tla se buang go tswa foo mme re araba fela ka tsela e e tlwaelegileng go ya ka se a se buang. Fa re kgatlhegela tota se a se buang go ka nna ga mo tlhotlheletsa gore a tswelele pele a buisana le rona. Go tshwanetse ga nna fela jalo fa re neela batho ba bangwe bosupi.

3 Go ka nna ga dirisiwa dikgang tse di malebana le bokebekwa, mathata a basha, dikgang tsa lefelo la lona, maemo a lefatshe kana maemo a loapi go simolola dipuisano tse di botsalano. Dikgang tse di amang botshelo jwa batho ka tlhamalalo di molemo thata go tsosa kgatlhego ya bone. Fa re setse re simolotse motlotlo, re ka kgona go o fetolela ka tsela e e bonolo mo molaetseng wa Bogosi.

4 Go nna le motlotlo o o phuthologileng ga go reye gore ga re tlhoke go baakanyetsa go sa le gale. Go a tlhokega. Lefa go ntse jalo, ga go tlhokege gore re nne le tsela e e gagametseng ya go tlhalosa dilo kana go tshwara thero nngwe ka tlhogo, e leng selo se se tla dirang motlotlo o se ka wa kgona go fetofetoga kana wa dumalana le maemo a re lebanang le one. (Bapisa 1 Bakorinthe 9:20-23.) Tsela e e molemolemo ya go baakanyetsa ke go tlhopha setlhogo kana di le pedi tsa Dikwalo, re akantse ka go tlotla ka tsone. Fa re ka boeletsa dikgang tse di mo bukeng ya Go Fetolana go tla re thusa mo go seno.

5 Dinonofo Tse di Botlhokwa Tsa Puisano e e Botsalano: Fa re buisana le batho ba bangwe re tshwanetse go supa lorato le go amega tota. Go nyenya le go bontsha boitumelo go thusa go supa dinonofo tseno. Re na le molaetsa o o botlhokwa go gaisa thata mo lefatsheng; o kgatlha batho ba ba dipelo tse di ikanyegang thata. Fa ba bona gore re ba kgatlhegela ka go bo tota re batla go ba bolelela mafoko a a molemo, he, ba ka nna ba tlhotlheletsega go reetsa.—2 Bakor. 2:17.

6 Go buisana e tshwanetse ya nna selo se se monate. Ka jalo, re tshwanetse go nna bonolo e bile re bua ka tsela e e botlhale fa re bolela molaetsa wa Bogosi. (Bagal. 5:22; Bakol. 4:6) Leka go dira gore motho yo mongwe a sale a akanya sentle ka rona. Ka tsela eno, lefa re sa atlege mo loetong lwa rona lwa ntlha go ama pelo ya gagwe, a ka nna a reetsa botoka mo nakong e e tlang fa Mosupi mongwe a tlotla le ene.

7 Go simolola motlotlo o o botsalano ga se go kgona go neela thero e e thata. Ke kgang fela ya go tsosa kgatlhego mo kgannyeng e e amang motho. Fa re baakanyeditse go sa le gale, he re tla bo re iketleeditse go bua le batho ka tsela e e botsalano. A re lekeng go ama dipelo tsa batho ba re kopanang le bone ka go ba bolelela dikgang tse di molemo go gaisa tsotlhe, tsa masego a a tla nnelang ruri a Bogosi.—2 Pet. 3:13.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela