Go Neela Mafoko a a Molemo—Ka go Tlotla le Batho
1 Go ya ka buka eo e tlhalosang mafoko, go tlotla ke go “abalana maikutlo, dilo tseo motho a batlang go di bolela, dipono, kana megopolo ka molomo.” Mme o ka simolola jang motlotlo o o theilweng mo Bibeleng fa batho bao o rakanang le bone ba ka nna ba bo ba ganetsa bodumedi kana ba tshwaregile ka dilo tseo eleng tsa bone? Jesu o ne a botsa dipotso go dira gore bareetsi ba tsenelele mo kgannyeng.—Yoh. 4:9-15, 41, 42.
2 Re tshwanetse ra rapela Modimo ka tlhoafalo gore a re thuse go bona batho ba ba dipelo di ikanyegang mme a re bulele tsela ya gore re tlotle le bone. Go neela bosupi e nna selo se se bonolo fa re leba mong wa ntlo mongwe le mongwe jaaka yo o tlileng go nna motlhanka wa ga Jehofa. Fa re nna le mogopolo ono o tla re thusa gore re bolele boammaaruri ka tsela e e bothito, le ka go tswa pelong ka tsela eo e tla gogelang batho ba ba kgatlhegang.
DIRISANG SEO RE NANG LE SONE
3 Buka ya Go Fetolana e neela diketapele tse di molemo go gaisa mo ditsebeng tsa tsone tsa 9-15. Bontsi jwa tsone di dirisa dipotso ka tsela e e molemo. Fa mong wa ntlo a arabela mo potsong nngwe e e rileng, reetsa ka tlotlo mme o bo o araba ka tsela eo e tla bontshang mong wa ntlo gore re ntse re sekaseka seo a ntseng a se bolela.—Bakol. 4:6.
4 Gone ke boammaaruri gore fa o botsa potso, ga o itse gore mong wa ntlo o tla arabela jang. Nna o ipaakanyeditse gore o fetole motlotlo wa gago gore o dumalane le maemo. Leka go boloka motlotlo ono o tswetsepele ka go tsenyeletsa tshedimosetso e nngwe go tswa mo Bibeleng eo e buang ka dilo tseo a di kgatlhegelang le ka go botsa dipotso tse dingwe tseo di dirang gore motho a akanye.
BAAKANYETSA GO SA LE GALE
5 O ka nna wa bo o setse o tlwaelane le tsela eo batho ba mo tshimong ya lona ba akanyang ka yone ka kakaretso. Fa go le jalo, he tlhopa ditsenyeletso mo bukeng ya Go Fetolana tseo di ka nnang le matswela a a molemo go gaisa mo tshimong ya lona. Go fetola nngwe ya diketapele tseno gore e tshwanele Setlhogo sa bosheng jaana sa Motlotlo e ka nna ya nna sone fela selo seo o se tlhokang. Simolola motlotlo wa gago ka dilo tseo o dumelang gore ke tsone dilo tseo mong wa ntlo a amegileng ka tsone thata, bolela ka bothata ka bokhutshwane, mme o mo kaele kwa tharabololong ya Bibela. Fa a tlhagisa seo a se lemogileng, akgela ka tsela e e molemo, eseng ka tsela ya go ganetsa seo a se buang. Lebaka la go bo o kgatlhegela tsela eo a akanyang ka yone le tsela eo a ikutlwang ka yone le tshwanetse la mo kgothaletsa gore a tswelele a tlotla le wena. Leka go bona dintlha tseo lo dumalanang mo go tsone mme o akgele mo go tsone. Boloka motlotlo e le o o itumedisang ka go otlelela masego a Bogosi jaaka tharabololo ya Bibela ya mathata a setho.
6 Leba dipono tse lo sa dumalaneng ka tsone jaaka dilo tseo di dirang gore lo tsweletse motlotlo. Fa mong wa ntlo a rata go akantshana le wena, o ka nna wa botsa jaana, “A o setse o kile wa e akanya ka tsela eno?” Morago ga moo o bo o mmontsha ka seo Lefoko la Modimo le se bolelang mo kgannyeng eo. Fa o lemoga gore motho yono ga a tlhaloganye, o se ka wa mo pateletsa gore a amogele seo o se boletseng. Go na le moo, konela ka kakgelo ya botsalano, o tlogela o butse tsela ya gore mo nakong e e tlang go nne le tshono ya go mmolelela ka mafoko a a molemo.—Dia. 12:8, 18.
7 Batho bangwe ba rata thata go tlotla fa o kopana le bone ka tsela eo e seng ya ka tlwaelo. O se ka wa okaoka go simolola metlotlo le batho bao o kopanang le bone mo mmileng kana bao ba berekang kana bao ba iketlileng mo jarateng ya bone. Ba ka nna ba amogela tsela eo o kgatlhegelang tiro ya bone ka yone, mme o ka nna wa kgona go gogela motlotlo kwa go tlotleng ka tsholofetso ya Bibela ya gore lefatshe le tla tloga e nna paradaise. Fa o simolola motlotlo, leka go dira gore e nne selo se se itumedisang mo go mong wa ntlo. Go ya bokgakaleng jo o ka bo kgonang, tlogela motho yono a na le boikutlo jo bo molemo ka Modimo, ka Lefoko la gagwe, le ka batlhanka ba gagwe. Fa o dira jalo, tota le eleng le fa o ne o sa atlega lekgetlo la ntlha go fitlhelela pelo ya gagwe, a ka nna a bo a iketleeleditse go reetsa mo nakong e e tlang fa Mosupi a mo etela.