Go Neela Mafoko a a Molemo—Ka Temogo
1 Seane sengwe se se kwadilweng ka tlhotlheletso sa re: “Yo o tlhokomelang gore a nne le temogo o tla bona molemo.” (Dia. 19:8, NW) Gantsi mafoko ano a ile a itshupa a na le botlhale mo tirong ya rona ya go rera. Ka sekai, ka go dirisa temogo le botlhale, baboledi ba le bantsi ba ile ba fetola mafoko ao a neng a ka kgoreletsa puisano gore e nne ditshono tsa go neela bosupi jo bo oketsegileng. Kana bobotlana ba ile ba thaya motheo gore go tle go neelwe bosupi mo nakong e e latelang. Seno se ka dirwa jang?
GO DIRISANA LE MAFOKO A A KGORELETSANG PUISANO
2 Gantsi re kopana le batho ba ba reng, “Ke tshwaregile.” A mong yoo wa ntlo ka boammaaruri o a bo a tshwaregile, kana o bua jalo fela gore a se ka a tsenelela mo motlotlong o molelele? Go tlhokega temogo. Fa e le gore ga a lebege a tshwaregile eletota, re ka nna ra leka go fenya mafoko ano a a kgoreletsang puisano. Re ka nna ra re, “He ke tla bua ka bokhutshwane.” Morago ga foo, re ka nna ra sobokanya seo re neng re ikaeletse go se tlotla, re ntse re gakologelwa tumalano ya rona ya go tlotla ka bokhutshwane. Ka ntlha ya go akanyetsa ga rona le dikakgelo tsa rona tse di tsosang kgatlhego, motho a ka nna a bo a supa keletso ya gore go tsweledisiwe motlotlo gone fela foo.
3 A re re motho yo o kopanang le ene eleruri o tshwaregile. Lemororo re sa batle go busiwa fela motlhofo, fa re nna ba ba patikang kana ba ba gapeletsang dilo, re ka nna ra dira gore a sale a na le pono e e maswe ka rona. Fa mong wa ntlo a tla fa mojakong a tshwere leso ka letsogo mme re utlwa monko wa dijo tse di apeilweng, go raya gore eleruri o tshwaregile. Ka jalo go tlhokega temogo le go sekaseka dilo sentle. Go tatalalela gore motlotlo o tswelele ka yone nako eo go tla bo go sa bontshe go akanyetsa. Abo go ka nna botoka thata jang ne gore o neye mong wa ntlo pampitshana mme o bo o akantsha go boela kwa go ene moragonyana. Seno se tla dira gore a sale a re leba ka tsela e e siameng, mme e ka nna ya re nako e e latelang fa Mosupi a etile a neelwa bosupi jo bo molemo.
GO DIRA GO YA KA MAIKUTLO A MOTHO
4 Ka dinako tse dingwe re kopana le batho ba ba bogale mo bodiheding jwa ka ntlo le ntlo. Re tshwanetse ra dira eng fa go ntse jalo? Diane 17:27, e gakolola jaana: “Eo o mōea o tsididi ke motho [“yo o nang le temogo,” NW].” A kgakololo e e molemo ruri! Lentswe le le bonolo le le bontshang go amega gantsi le dira gore motho yo o ntseng jalo a ritibale. Mo godimo ga moo, fa re ka dira ka botlhale gore a ntshe mafatlha a gagwe ka kgang eo e mo amang, seno se ka nna sa bepisa bogale jwa gagwe. Lefa ebile a ka kgaola motlotlo, gongwe tsela e e bonolo e re arabang ka yone e ka dira gore a nne le boikutlo jo bo botoka kaga tiro ya Basupi ba ga Jehofa. Ka go dira jalo re ne re tla bo re dirile sengwe se se molemo. Gone ke boammaaruri, fa mong wa ntlo a simolola go tenega le go galefa, go ka nna molemo gore o tsamaye ka tidimalo mme gongwe o bo o leka go mo neela bosupi ka nako e nngwe.
5 Go tswa foo go na le batho bao, lemororo ba le manganga, ba ka nnang ba bo ba le peloephepa. Mo maemong ano, eleruri bopelotelele jwa rona bo ka lekwa thata fa re tsweledisa motlotlo le bone. Mme fa e le gore re na le temogo, ga re kitla re dira tshwetso ya gore mong wa ntlo ga a na kgatlhego fela ka go bo a gatelela pono nngwe e e farologaneng le ya rona. Re ka nna ra rata go mmotsa dipotso ka botlhale re leka go bona lebaka la go bo a dumela jalo go tswa foo re bo re mmontsha gore Bibela ya reng ka kgang eo. (Dia. 20:5) Re tlhokometse kafa a arabelang ka gone, re ka nna ra dira tshwetso ya gore a go tla bo go le mosola go tsweledisa motlotlo.
6 Mmoledi yo o nang le temogo o lemoga gore nako le maemo gantsi di fetola kafa mong wa ntlo a lebang molaetsa wa Bogosi ka gone. A ka nna a arabela ka tsela e e farologaneng gotlhelele fa re mo etela mo nakong e e tlang. Re tshwanetse ra nna kelotlhoko gore re se ka ra tsaya gore mong wa ntlo ga a kitla a arabela sentle re lebile tsela eo a neng a arabela ka yone fa re ne re mo etetse nako e e fetileng.
7 Go dira tshwetso ya gore a re tshwanetse ra tsweledisa motlotlo ga go motlhofo. Lefa go ntse jalo, fa re tlhagolela botswerere jwa go ruta, re tla nna le matswela a a oketsegileng fa re neela mafoko a a molemo ka temogo, re ntse re lebeletse kwa go Jehofa gore a segofatse maiteko a rona.—1 Bakor. 3:6; Tito 1:9.