Go Neela Mafoko a a Molemo—Ka Tlhaloganyo
1 Moaposetoloi Paulo o ne a bontsha kafa go leng botlhokwa ka gone gore go dirisiwe tlhaloganyo fa go neelwa mafoko a a molemo go batho ba ba nang le ditumelo tse di farologaneng le bao ba godisitsweng ka ditsela tse di farologaneng. Mo motlheng wa rona, batho bangwe ba iphaka gore ke ba bodumedi, fa ba bangwe bone e le ba ba sa rateng dilo tsa semoya mme ebile ga ba anaanele dilo tsa semoya. Jaaka baboledi ba mafoko a a molemo, re tshwanetse ra dira gore molaetsa wa Bogosi e nne o o ikuelang “mo bathuñ botlhe” ka go dirisa tlhaloganyo mo bodiheding.—1 Bakor. 9:19-23.
GO TLHALOGANYA MONG WA NTLO
2 Go dirisa tlhaloganyo mo tirelong ya tshimo ka tsela e e mosola go ka dirisiwa go kopanyeletsa kgono ya go ka fetola neelano ya rona go e dira gore e tsamaisane le dilo tse mong wa ntlo a di kgatlhegelang. Seno se tlhoka gore re bo re ipaakanyeditse sentle. Fa mmoledi a tlwaelane ka botlalo le dilo tse di farologaneng tseo go tlotliwang ka tsone mo dibukeng mmogo le mo dimakasineng tse di leng gone, a ka nna a ipaakanyeditse go ka neela mafoko a a molemo a dirisa dintlha tse di farologaneng tse di ka buelelwang. Fa re buisana le batho ba bagolo, basha, ditlhogo tsa malapa, bommamalapa, basadi ba ba berekang, le ba bangwe, go tlhokafala gore re gakologelwe maemo a bone ka namana re bo re dirise tlhaloganyo fa re tlhopha dintlha tseo di ka buelelwang.
3 Fa o atamela mong wa ntlo, ela dilo tseo di leng mo tikologong ya gagwe tlhoko. O ka nna wa kgona go lemoga gore mong wa ntlo ke motsadi, ke wa bodumedi jo bo rileng, o kgatlhegela thata go tlhokomela legae la gagwe, jalo le jalo. Fa o na le tshedimosetso eno, o ka nna wa fetola tsenyeletso ya gago gore e tsamaisane le maemo ao a mong wa ntlo le dilo tseo a di kgatlhegelang. Ka dipotso tsa tlhaloganyo, tse di botlhale le ka go reetsa dikakgelo tsa motho ka kelotlhoko, o ka nna wa lemoga dilo tseo a di dumelang le kafa a ikutlwang ka gone mme e bo e re morago ga moo o bo o tlhomamisa gore ke tsela efe e e botoka go gaisa e o ka tsweletsang neelano ya gago ka yone.
GO BAAKANYETSA NEELANO YA GAGO
4 Fa e re fa o atamela ntlo o bo o bona dilo tse di tshamekisang bana kana o bona bana, o ka nna wa simolola Setlhogo sa Motlotlo sa ga jaanong ka go bolela jaana: “Re ntse re bua le batsadi mo motseng mono malebana le dikaelo tseo ba di neelang bana ba bone. Batsadi ba le bantsi ba amegile ka tsela eo bana ba se nang seo se ba kaelang mo boitshwarong mo tsamaisong ya sekolo. A go na le bothata bongwe jo o bo lemogileng mo ntlheng eno?” Reetsa karabo ya mong wa ntlo. Fa karabo e bontsha gore mong wa ntlo o sekametse mo bodumeding, o ka nna wa tswelela jaana: “Go a kgatlhisa go bo Bibela e tlhalosa kafa go tlhokafalang ka gone gore rona le bana ba rona re bone kaelo e e botlhale. Bona seo se bontshitsweng fano mo go Diane: 14:12.” Morago ga fa o sena go bala lekwalo, o ka nna wa re: “Ke ne ke bala sengwe malobanyana fela jaana seo se neng se bontsha kafa kgakololo ya Bibela e leng mosola ka gone mo go rona go ka e dirisa.” Bula tsebe 174 ya Bibela—A Ke Lefoko la Modimo Kana Ke la Batho? o bo o bala serapa sa bofelo se se mo kgaolong eo. Tsamaisa buka eno ka R2,50.
5 Fa karabo ya mong wa ntlo e bontsha gore ga a lebe kgakololo ya Bibela jaaka selo sa botlhokwa, o ka bontsha tlhaloganyo ka go fetola neelano ya gago o bo o re: “A o ka ntetla gore ke go botse gore ke ka ntlha yang fa o fitlhile mo tshwetsong eo?” Fa o sena go reetsa karabo, o ka nna wa tswela pele jaana: “Ke kgona go tlhaloganya gore ke ka ntlhayang fa o ikutlwa ka tsela eo o ikutlwang ka yone. Tota ebile, malobanyana jaana ke ile ka bala sengwe mo bukeng eno seo ke solofelang fa se tla go kgatlha.” Bula mo tsebeng 6 o bo o bala dirapa 3 le 4. Gape, bala seele sa ntlha se se mo serapeng 5 mo tsebeng 7. Botsa mong wa ntlo gore a o ne a ka rata go tlhatlhoba seo batho ba bangwe ba dumelang gore ke bosupi jwa gore Bibela e boammaaruri.
6 Fa re ntse re ipaakanyetsa sentle le go bontsha tlhaloganyo mo tirelong ya ga Jehofa, re tla kgona go bolela jaana jaaka fa go ile ga bolela moaposetoloi Paulo, “Ke nntse ka nna dilō cotlhe mo bathuñ botlhe, e tle e re kgotsa ke bolokè bañwe ka mokgwa moñwe.”—1 Bakor. 9:22; Dia. 19:8.