Go Tokafatsa Bokgoni Jwa Rona mo Bodireding—Go Araba Batho Ba ba Ka Kgoreletsang Puisano
Lebaka La go Bo go Le Botlhokwa: Akanya o itse gore go tla tloga go nna le masetlapelo a tlholego. Batho ba tla swa fa ba sa tshabele kwa lefelong le le babalesegileng. O ya kwa moagelaning wa gago go ya go mo tlhagisa, mme o go tsena ganong a go bolelela gore o tshwaregile. Ga go pelaelo gore ga o kitla o itlhaganelela go tlogela go mo thusa! Batho ba le bantsi mo tshimong ya rona ba a re leleka, ga ba lemoge botlhokwa jwa molaetsa o o bolokang matshelo o re o tshotseng. Gongwe ka nako e re ba etelang ka yone ba a bo ba akantse ka dilo di le dintsi. (Math. 24:37-39) Kgotsa gongwe ga ba batle go re reetsa ka gonne ba tlhotlheleditswe ke magatwe a a seng boammaaruri. (Math. 11:18, 19) Ba ka nna ba akanya gore ga re farologane le madumedi a mangwe a a ileng a nna le ditiro tse di bosula. (2 Pet. 2:1, 2) Fa kwa tshimologong mong wa ntlo a sa kgatlhege, ga re a tshwanela go itlhaganelela go itlhoboga.
Leka Seno mo Kgweding Eno:
Fa o kopana le batho ba ba ka kgoreletsang puisano, fa o sena go tswa mo ntlong eo, tlotla le motho yo o tsamayang le ene malebana le tsela e e botoka e lo ka bong lo ile lwa araba ka yone.