Dikitsiso
◼ Dikgatiso tse di tsamaisiwang ka July le August: Nngwe le nngwe ya diboroutšhara tse di latelang tsa ditsebe tse 32 ka moneelo wa R1,00 e le nngwe: A O Tshwanetse Wa Dumela Tharo-Nngwe?, A Ruriruri Modimo o Amega ka Rona?, “Bōnañ, Dilō Cotlhe Ke Di Diha Sesha,” Fa Mongwe Yo o Mo Ratang a Tlhokafala, Itumelele Botshelo mo Lefatsheng ka Bosakhutleng!, Lebaka La Go Bo Botshelo Bo Le Gone Ke Lefe—O Ka Le Bona Jang?, Meya ya Batho Ba Ba Suleng— A e Ka go Thusa Kana E Ka go Gobatsa? A Totatota E A Tshela? le Puso Eo E Tla Tlisang Paradaise. September: Go Dira Botshelo Jwa Lelapa la Gago go Itumedisa ka moneelo wa R3,50 kana O Ka Tshelela Ruri mo Lefatsheng la Paradaise. October: Peeletso ya ngwaga o le mongwe ya poso ya Tsogang! kana Tora ya Tebelo ka moneelo wa R38,00 ya dikgatiso tsa gabedi ka kgwedi. Peeletso ya ngwaga o le mongwe ya dikgatiso tsa gangwe ka kgwedi kana peeletso ya dikgwedi di le thataro ya dikgatiso tse di tswang gabedi ka kgwedi ke R19,00. Dipeeletso tsa tlelapa ke R24,00 le R12,00 ka go latelana. Leka ka natla go tsamaisa dikhopi tsa dimakasine fa motho a gana mpho.
◼ Go simolola ka September, balebedi ba potologo ba tla neela puo ya phatlalatsa e e nang le setlhogo se se reng “Ke Mang Yo o Tshwanang Le Jehofa Modimo wa Rona?”
◼ Dikhasete Tse Disha Tse di Gone:
Knowledge That Leads to Everlasting Life (sete ya dikhasete tse tlhano mo alebameng; phuthego le batho botlhe: R40,00; babulatsela: R30,00)—Seesemane
◼ Tsweetswee elang tlhoko: Re kgothaletsa baboledi go tsamaisa buka ya Tshelela Ruri kwa tshimong ya rona e e sa abiwang kana e e dirwang sewelo. Ditlhwatlhwa e sa ntse e le tse di latelang:
Baboledi Babulatsela
E kgolo R8,00 R5,50
E nnye R4,00 R2,80
Tsweetswee kopang phokoletso ya buka ya Tshelela Ruri ka go kwala gore baboledi le babulatsela ba tsere tse kae tse dikgolo le tse kae tse di nnye fa tlase ga mola wa “Other items” mo foromong ya Remittance and Credits Request (S-AB-20).