Sepela ka Tumelo
1 Dimilione tsa batho di dira gore dilo tse ba nang le tsone tse di bonalang e nne tsone tse di tlang pele mo matshelong a bone, ka boeleele ba ikanya maatla a a tsietsang a dikhumo tsa bone. (Math. 13:22) Ba utlwa botlhoko thata fa ba latlhegelwa ke dithoto tsa bone kana di utswitswe kana di sa ba thuse ka sepe. Re rotloediwa go latelela tsela e e siameng, ya go leka go iphuthela matlotlo a semoya. (Math. 6:19, 20) Seno se akaretsa go “sepela ka tumelo.”—2 Bakor. 5:7.
2 Lefoko “tumelo” le ranotswe go tswa mo lefokong la Segerika le le kayang go tshepa, go ikanya, go tlhotlheletsa ka nitamo. Go sepela ka tumelo go raya go lebana le maemo a a thata re tshepile Modimo, re ikanya maatla a gagwe gore a kaele dikgato tsa rona le go bo a ikemiseditse go re naya dilo tse re di tlhokang. Jesu o ne a re beela sekao se se itekanetseng; o ne a nna a tlhokometse dilo tse di neng di le botlhokwa e le ruri. (Baheb. 12:2) Ka tsela e e tshwanang re tshwanetse go boloka dipelo tsa rona di lebile mo dilong tse di sa bonaleng tsa semoya. (2 Bakor. 4:18) Re tshwanetse gore ka metlha re lemoge kafa botshelo jwa rona jwa gone jaanong bo sa tlhomamisegeng ka gone le go dumela gore ruri re tshwanetse go ikanya Jehofa.
3 Re tshwanetse gore gape re dumele ka nitamo gore Jehofa o re etelela pele ka mokgatlho wa gagwe o o bonalang ka fa tlase ga kaelo ya “motlhanka yo o boikanngo le yo o botlhale.” (Math. 24:45-47) Re bontsha tumelo ya rona fa re ‘utlwa ba ba laolang’ mo phuthegong. (Baheb. 13:17) Fa ka boikokobetso re dirisana mmogo le thulaganyo ya bomodimo re bontsha gore re ikanya Jehofa. (1 Pet. 5:6) Re tshwanetse go tlhotlheletsega gore ka pelo yotlhe re eme nokeng tiro e mokgatlho o e neilweng. Seno se tla re atametsa gaufi le bakaulengwe ba rona mo sebofong se se itekanetseng sa lorato le kutlwano.—1 Bakor. 1:10.
4 Kafa o ka Nonotshang Tumelo ka Teng: Ga re a tshwanela go letlelela tumelo ya rona gore e nne e e sa tsweleleng pele. Re tshwanetse go leka ka natla go e nonotsha. Go ithuta ka metlha, go rapela, le go nna gone kwa dipokanong go tla re thusa go nonotsha tumelo ya rona, e le gore ka thuso ya ga Jehofa e ka kgona go emelana le teko le fa e le efe. (Baef. 6:16) A o tlhomile thulaganyo e e molemo ya ka metlha ya go bala Baebele letsatsi le letsatsi le go baakanyetsa dipokano? A ka metlha o tlhatlhanya ka se o se ithutileng, le go atamela Jehofa ka thapelo? A o go dirile tlwaelo go nna gone kwa dipokanong tsotlhe le go nna le seabe mo go tsone fa tshono e tlhaga?—Baheb. 10:23-25.
5 Tumelo e e nonofileng e supiwa ke ditiro tse di molemo. (Jak. 2:26) Nngwe ya ditsela tse di molemo tse re ka bontshang tumelo ya rona ka tsone ke go bolela tsholofelo ya rona mo go ba bangwe. A o batla ditshono tsa go abelana mafoko a a molemo? A o ka baakanya maemo a gago e le gore o kgone go dira mo go oketsegileng mo bodireding? A o dirisa dikakantsho tse re di newang go tokafatsa boleng jwa bodiredi jwa rona le go nna le matswela mo go jone? A o ipeela mekgele ya semoya ya motho ka namana mme o bo o iteka go e fitlhelela?
6 Jesu o ne a re tlhagisa gore re se ka ra inaakanya thata le mathata a botshelo jwa letsatsi le letsatsi le go letlelela dilo tse di bonalang kana dikgatlhego tsa bopelotshetlha go fifatsa pono ya rona ya moya. (Luke 21:34-36) Re tshwanetse go leba thata ka fa re sepelang ka gone e le go tila gore tumelo ya rona e se ka ya senyega. (Baef. 5:15; 1 Tim. 1:19) Rotlhe re solofela gore kwa bokhutlong re tla kgona go bolela gore re ‘tlhabanye ntwa e e molemo, re digetse sebaka sa tshiano, re bolokile tumelo.’—2 Tim. 4:7.