Nna Sekao mo go Bueng le mo Boitshwarong
1 Moaposetoloi Paulo o ne a kgothatsa Timotheo go nna sekao mo go bueng le mo boitshwarong. (1 Tim. 4:12) Le rona re tshwanetse go tlhoma sekao mo go bueng le mo boitshwarong, segolobogolo fa re le mo bodireding, gonne fa re dira jalo, seno se ka tlhomamisa gore a re fitlhelela dipelo tsa batho ba re kopanang le bone kgotsa nnyaa.
2 Re tshwanetse go bontsha mefuta yotlhe ya maitseo a a siameng, go akaretsa le botho jo bo siameng, go akanyetsa, bopelonomi, go itshwara sentle, le matsetseleko. Ka go supa dinonofo tseno, re bontsha gore re lemoga ka fa ditiro tsa rona di amang maikutlo a ba bangwe ka gone. Maitseo a a molemo mo bodireding a ka tshwantshiwa le ditswaiso tse di dirisiwang go oketsa tatso ya dijo. Kwa ntle ga tsone, dijo tse di monate di ka se nne le tatso e bile di ka se eletsege. Go palelwa ke go bontsha maitseo a a siameng fa re dirisana le ba bangwe, go ka nna le matswela a a tshwanang.—Bakol. 4:6.
3 Nna Sekao mo go Bueng: Go nyenya ka botsalano le ditumediso tse di bothitho ke dilo tsa botlhokwa fa re neela mafoko a a molemo. Fa re tswaisa mafoko a re simololang ka one ka bothitho le bopeloephepa, re bontsha mongantlo gore ruri re a mo kgatlhegela. Fa a bua, mo reetse ka kelotlhoko mme o bontshe gore o tlotla pono ya gagwe. Fa o bua, bua ka matsetseleko le ka bopelontle.—Bapisa Ditiro 6:8.
4 Ka dinako tse dingwe re kopana le batho ba ba seng botsalano, e bile ba le manganga. Re tshwanetse ra itshwara jang? Petere o ne a re rotloetsa gore re bue ka tsela e e bontshang “boikokobetso le poifo.” (1 Pet. 3:15; Bar. 12:17, 18) Jesu o rile fa ka mabifi mongantlo a gana go reetsa molaetsa wa Bogosi, re tshwanetse gore re ‘itlhotlhore dithole mo dinaong tsa rona.’ (Math. 10:14) Fa re bontsha maitseo a mantle mo maemong a a ntseng jalo, kwa bofelong re ka kgona go nolofatsa pelo ya moganetsi.
5 Nna Sekao mo Boitshwarong: Go rera mafoko a a molemo mo mebileng e e tlhanaselang le mo mafelong a botlhe go tlhoka gore re akanyetse ba bangwe, re seka ra gelebetega kana ra pateletsa ope, mme re se ka ra kgoreletsa batho ba ba fetang. Fa re le mo matlong a batho ba ba kgatlhegang, re tshwanetse go boloka maitseo a a siameng mme re itshware jaaka baeng ba ba pelontle, re anaanela go re amogela ga bone. Ngwana le fa e le ofe o re tsamayang le ene o tshwanetse go tlotla mongantlo le thoto ya gagwe e bile o tshwanetse go nna maitseo mme a tlhwaye tsebe fa re bua. Fa bana ba sa laolege, seno se tla dira gore re lejwe ka leitlho le le sa siamang.—Dia. 29:15.
6 Tsela e re lebegang ka yone e tshwanetse go bontsha ba bangwe fela gore re badiredi ba Lefoko la Modimo. Ga re a tshwanela go apara botlhaswa le go tlogela meriri e tlhatlhabetse, e bile ga re tlhoke diaparo tse di tlhwatlhwakgolo le tse di manobonobo. Tebego ya rona ka dinako tsotlhe e tshwanetse gore e nne e e tshwanetseng mafoko a a molemo. (Bapisa Bafilipi 1:27.) Ka go tlhokomela tsela e re lebegang ka yone le dilo tse re di dirisang, ga re na go kgopisa ba bangwe kana go dira gore bodiredi jwa rona bo pegwe molato. (2 Bakor. 6:3, 4) Sekao sa rona se se molemo mo go bueng le mo boitshwarong jwa rona se dira gore molaetsa wa Bogosi o ikuele, o tlisetse Jehofa tlotlo.—1 Pet. 2:12.