A o Anaanela New World Translation?
1 A bo re ne ra itumela thata jang ne fa New World Translation of the Christian Greek Scriptures e ne e gololwa ka dipuo di le nnè tsa mo ga rona mo dikopanong tse dikgolo tsa bosheng jaana! Bareetsi ba ne ba e amogela ka loshalaba lo logolo. A o gakologelwa o bona baboledi ba itumetse ba eme mo moleng go amogela dikhopi tsa bone? Ba bangwe ba ne ba simolola go e bala gone fela foo, mme dibui di ne di e dirisa mo seraleng mo go lone letsatsi leo. Go ne go itumedisa go bona baboledi le babulatsela ba e rekela baithuti ba bone ba Baebele le malapa a bone.
2 Mokaulengwe yo mongwe o ne a arabela jaana: “Re na le lobaka lo loleele thata re ntse re letetse thanolo e e ikanyegang.” Yo mongwe o ne a simolola ka go leboga Jehofa, morago a leboga Mokgatlho le baranodi ka ntlha ya nako yotlhe le maiteko a ba a dirisitseng mo tirong eno.
3 Botlhokwa Jwa Yone: Leina le legolo go a feta otlhe le tlhagelela ga 237 mo New World Translation of the Christian Greek Scriptures fela. (Bona Aphendikisi 1-2.) Lefa baranodi ba Labokeresete le ba Bajuta ba ntse ba tlogela leina la Modimo mo Dibaebeleng tsa bone, Basupi ba ga Jehofa ba neile leina leo boemo jwa lone jo bo le tshwanetseng le tlotlo. A leno ka bolone ga se lebaka le le molemo la go dirisa New World Translation?
4 Ke boammaaruri gore, ba le bantsi ba rona ba ile ba tshwanelwa ke go itlwaetsa puo ya go ranola lefoko ka lefoko ya New World Translation. Lefa go ntse jalo, Tora ya Tebelo e re tlwaelantse le a le mantsi a mafoko ano le kafa a nepagetseng ka teng. Lefa gone re ka nna ra bo re tlwaelane thata le Dibaebele tsa rona tsa bogologolo, ga di ope kgomo lonaka e bile ga di balege motlhofo jaaka New World Translation. Ga re tlhoke go tshwenyega ka ditemana tse di sa ranolwang sentle kana dithuto tsa maaka kaga Bomodimo jwa ga Jehofa, boemo jwa baswi, le dilo tse dingwe. Mogolwane mongwe o ne a re: “E utlwala sentle tota e bile e tlhaloganyesega motlhofo mme go ise go ye kae re tla bo re tshwere ditemana tsa yone ka tlhogo jaaka re ne re dira ka Baebele ya kgale.” Ka gone tsela e thanolo eno e utlwalang sentle ka yone e bile e le boammaaruri e dira gore e tlhomologe.
5 New World Translation ke sedirisiwa se se molemolemo sa go re thusa go ithuta Baebele. Mo e ka nnang ditsebe di le lekgolo ke tsa lenaane la dibuka tsa Baebele, Tatelano ya Mafoko a Baebele, aphendikisi, Ditlhogo tsa Baebele tsa Puisano, le dimmapa. Dilo tseno tsotlhe di ka dira gore go bala Baebele e nne selo se se monate tota.
6 E Dirise Sentle: A kgabagare o na le New World Translation ka puo ya gaeno? Fa go le jalo, a o setse o e badile yotlhe? Go tweng ka ba lelapa la gago le ba o ithutang Baebele le bone? Ke ka ntlha yang fa lo sa e bale mmogo lo le lelapa kana le tsala? Fa o dira jalo o tla e tlwaela o bo o e dira ya gago.
7 Tlhomamisa gore o nne le khopi ya gago kwa dipokanong. Lefa e le leng fela fa o na le seabe mo thulaganyong, e dirise fa o bala mo Dikwalong tsa Segerika. Go tsaya Baebele ya bobedi e ka nna ya bo e le bothatanyana, mme o tla itumelela thata go dirisa thanolo eno ya maemo a a kwa godimo.
8 Fa Jehofa a ratile, re solofela go nna le Baebele e e feletseng mo isagweng e e fa gautshwane. Lefa go ntse jalo, ka se sebaka re tlhoka go tsamaisa setoko sa rona se segolo sa New World Translation of the Christian Greek Scriptures. O ka thusa jang? E dirise mo bodireding jwa tshimo fa o bala mo Dikwalong tsa Segerika. Bolelela mongantlo ka botlhale gore o bala thanolo e a ka nnang a bo a sa tlwaelana le yone. Mmontshe dilo di le dintsi tse di thusang go ithuta Baebele tse di leng gone mo New World Translation o bo o mmotse gore a a ka rata go nna le khopi. Gape e bontshe baithuti ba Baebele gonne e tlile go thusa thata gore ba gole semoyeng.
9 Bosheng jaana kwa pokanong nngwe, mmoledi mongwe wa dingwaga di le robonngwe o ne a bonwa a ntse a ya kwa New World Translation ya gagwe ka botswerere nako le nako fa go balwa mo Dikwalong tsa Segerika. A bo seno e le sekao se se molemo jang ne sa go anaanela go tswa pelong! E kete re ka bontsha kanaanelo e e tshwanang ka tsela e re dirisang mpho eno e e molemo ka teng e e tswang kwa go Rraarona yo o lorato wa selegodimo.—Jak. 1:17.