LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • km 11/96 ts. 4
  • “Botshelo Jo bo Sa Khutleng ke Jo”

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • “Botshelo Jo bo Sa Khutleng ke Jo”
  • Tirelo ya Rona ya Bogosi—1996
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Kitso e e Tswang Kwa Modimong e Araba Dipotso Tse Dintsi
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—1997
  • Go Anamisa Kitso e e Isang Botshelong Jo bo Sa Khutleng
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—1996
  • Kitso ya Modimo wa Boammaaruri e Isa Botshelong
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—1996
  • Thusa ba Bangwe go Nna le Kitso e e Isang Botshelong
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—1996
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tirelo ya Rona ya Bogosi—1996
km 11/96 ts. 4

“Botshelo Jo bo Sa Khutleng ke Jo”

1 Mafoko a ga Jesu a a mo go Johane 17:3 a tshwanetse go tsewa ka tsela e e masisi. O ne a raya se a neng a se bua—go itse Modimo le Keresete go raya botshelo jo bo sa khutleng! A mme ke ka go itse Jehofa le Jesu fela re ka duelwang ka botshelo jo bo sa khutleng? Nnyaa. Baiseraele ba ne ba itse gore Jehofa e ne e le Modimo wa bone, mme tsela e ba neng ba tshela ka yone e ne e sa bontshe gore ba dumela seo. Go ne ga felela ka gore a se ka a tlhola a ba amogela. (Hos. 4:1, 2, 6) Gompieno batho ba ba dimilione ba ka tswa “ba na le tlhoafalo ka ga Modimo, mme e seng ka fa kitsong.” (Bar. 10:2) Ba tlhoka go itse Jehofa, “Modimo o o osi, o o boammaaruri,” mme ba ithute gore ba ka mo direla jang ka tsela e e siameng. Gore ba dire seno, ka November re tla bo re tsamaisa buka ya Kitso E E Isang Botshelong Jo bo Sa Khutleng. O tla bua jang le motho fa o tsamaisa buka ya Kitso? Fano go na le dikakantsho di le mmalwa tse di ka nnang tsa go thusa.

2 E re ka mogopolo wa go tshelela ruri e le selo se sesha mo bathong ba bantsi, go simolola ka tsela eno go ka nna ga ba kgatlha:

◼ “Re botsa baagelani ba rona potso. Fa o ne o ka lalediwa go tshelela ruri mo lefatsheng le le tshwanang le leno, a o ne o ka amogela taletso eo? [Mo bontshe setshwantsho se se mo ditsebeng 4-5 mo bukeng ya Kitso. Letela karabo.] Ruri o ka nna le botshelo jono jo bo itumedisang. Mme o akanya gore o tla tshwanelwa ke go dira eng gore o bone seno se nna selo sa mmatota mo go wena? [Letela karabo.] Tlhokomela se re tshwanetseng go se dira go ya ka Johane 17:3. [E bale.] Buka eno e thusa ba bantsi gore ba nne le mofuta ono o o kgethegileng wa kitso. A o ka rata go nna le khopi ya gago gore o e bale? [Letela karabo.] O ka nna wa itseela eno ka moneelo o monnye fela wa R4,00. Fa ke tla gape, re tla tlotla gore ke ka ntlha yang fa go utlwala go dumela gore re ka kgona go bona botshelo jo bo sa khutleng gone mo lefatsheng.”

3 Fa o boela kwa go ba o tlotlileng le bone ka Johane 17:3, o ka nna wa tswelela ka tsela eno:

“Fa ke ne ke le fano nako e e fetileng, ke ne ka go balela mafoko a a itumedisang a ga Jesu a a bonwang mo go Johane 17:3, moo a re solofetsang gore go nna le kitso ka Modimo le ka ene go raya botshelo jo bo sa khutleng. Mme batho ba bantsi ba dumela gore botshelo jo bo botoka bo ka bonwa fela kwa legodimong. O ikutlwa jang ka seo? [Letela karabo.] Fa buka e ke go e tlogeletseng e le gaufi, ke tla rata go go bontsha ditemana dingwe tsa Baebele tse di supang gore Paradaise e tla busetswa mo lefatsheng. [Tlotla ka dirapa 11-16 mo ditsebeng 9-10 mo bukeng ya Kitso.] Fa ke tla gape, ke tla rata go go bontsha gore ke ka ntlha yang fa o ka ikanya ditsholofetso tseno tse di bonwang mo Baebeleng. Fa ke ise ke tle gongwe o ka nna wa sala o bala kgaolo 2 mo bukeng ya gago.”

4 O ka nna wa rata go dirisa puisano eno mo bathong ba ba sekametseng thata mo bodumeding:

◼ “Re ntse re tlotla le baagelani ba rona malebana le gore ke ka ntlha yang fa go na le madumedi a a farologaneng a mantsi thata jaana mo lefatsheng. Mo Afrika Borwa fela go na le dikereke tse di fetang 4000, mme go na le ditumelo tse di fetang 10 000 mo lefatsheng lotlhe. Lefa go ntse jalo, go na le Baebele e le nngwe fela. Go ya ka pono ya gago ke ka ntlha yang fa go na le tlhakatlhakano eno ya madumedi? [Letela karabo. Bula buka ya Kitso mo go kgaolo 5, o bo o bala serapa 1.] O tla bona dikarabo tse di kgotsofatsang tsa dipotso tseno fa o bala kgaolo eno. Ke tla itumelela go go tlogelela buka eno ka moneelo wa R4,00.” Fa e amogetswe, dira dithulaganyo tse di tlhomameng tsa go boela, mme o re: “Fa ke tla gape, gongwe re ka tlotla ka gore a madumedi otlhe ke ditsela fela tse di farologaneng tse di isang kwa lefelong le le lengwe.”

5 Fa o boela go ya go tsweledisetsa pele motlotlo ka ga gore ke ka ntlha yang fa go na le madumedi a le mantsi jaana, o ka nna wa bua seno:

◼ “Mo nakong e e fetileng fa ke ne ke tlotla le wena, ke ne ka go botsa potso gore a madumedi otlhe ke ditsela fela tse di farologaneng tse di isang kwa lefelong le le lengwe. O akanya eng ka ga seo? [Letela karabo.] Ke tla rata go go bontsha mo bukeng e ke go e tlogeletseng gore Jesu o ne a reng ka ntlha eno. [Bula mo kgaolong 5 mo bukeng ya Kitso, mme o bale dirapa 6-7, go akaretsa le Mathaio 7:21-23.] O ka nna wa ipotsa gore ke ka ntlha yang fa go le botlhokwa jaana go itse se tota e leng go rata ga Modimo. O tla fitlhela gore dirapa tse di latelang di na le karabo. Tsweetswee bala karolo e e setseng ya kgaolo eno. Fa ke tla mo nakong e e tlang, ke tla itumelela go go bontsha gore ke eng fa go le botlhokwa go nna le kitso e e tlhomameng ya Baebele.”

6 Gantsi go bua ka tlhamalalo go a thusa fa o simolola dithuto tsa Baebele. Fano go na le matseno a a akantshiwang a a tlhagang mo tsebeng 12 mo bukeng ya “Go Fetolana”:

“Ke go etetse go tla go go fa thuto ya mahala ya legae ya Baebele. Fa o ntetla ke ne ke ka rata go go bontsha fela ka metsotso e le mmalwa gore batho mo dinageng tse di fetang 200 ba tlotla jang ka Baebele kwa gae e le ditlhopha tsa malapa. Re ka nna ra dirisa sengwe sa ditlhogo tseno go buisana ka sone. [Mo bontshe diteng tsa buka ya Kitso.] Ke sefe se se go kgatlhang thata?” Mo letele gore a tlhophe. Bula mo kgaolong e a e tlhophileng, mme o bo o simolola thuto mo serapeng sa ntlha.

7 Puisano e nngwe e e tlhamaletseng e e atlegang e o ka nnang wa leka go simolola dithuto ka yone ke eno:

“Ke naya batho dithuto tsa Baebele tsa mahala mme mo thulaganyong ya me go santse go na le sebaka sa baithuti ba ba oketsegileng. Re dirisa thuso eno ya go ithuta Baebele. [Mo bontshe buka ya Kitso.] Thuto e tsaya dikgwedi di le mmalwa fela mme e araba dipotso tse di jaaka: Ke ka ntlha yang fa Modimo o letlile pogo gore e tswelele? Ke ka ntlha yang fa re tsofala re bo re swa? Go diragalang ka batho ba ba suleng ba re neng re ba rata? Le gore re ka atamelana le Modimo jang?” Mme o bo o botsa, “A nka go bontsha tsela e re ithutang ka yone?” Fa a gana thuto, mo botse gore a a ka rata go nna le buka ya Kitso gore a ipalele yone ka boene.

8 A bo kitso e e tlhomameng ka Modimo le Keresete e le letlotlo jang ne mo go mongwe le mongwe yo o nang le yone! Go nna le yone tota go raya botshelo jo bo sa khutleng mo maemong a a itekanetseng. A re diriseng tshono nngwe le nngwe ka November go abelana le ba bangwe kitso e e isang botshelong jo bo sa khutleng.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2025)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela