Thusa ba Bangwe go Nna le Kitso e e Isang Botshelong
1 Moaposetoloi Paulo o ne a tlhalosa gore ke ‘thato ya Modimo gore batho botlhe ba fitlhe mo kitsong ya boammaaruri.’ (1 Tim. 2:4) Re ka thusa batho ba bangwe jang gore ba bone kitso eo? Tsela e nngwe ke ka go boela gape kwa bathong bao kgatlhego ya bone e neng ya tsosiwa ke buka ya Kitso E E Isang Botshelong Jo bo Sa Khutleng. Kgatiso eno e tlhalosa boammaaruri jwa Baebele ka mafoko a a utlwalang sentle le a a motlhofo. Ka go e ithuta, batho ba mefuta yotlhe ba ka bona botshelo. Ke eng se re ka se buang go kgothaletsa batho ba bangwe gore ba e ithute le rona?
2 Mo bathong ba ba neng ba kgatlhegela Baebele ka gonne e le kaelo e e thusang, o ka boela kwa go bone go ya go ithaopela go ithuta le bone ka go re:
◼ “Nako e e fetileng fa ke ne ke le fano re ne ra tlotla ka lebaka la go bo re ka ikanya Baebele ka gonne e le motswedi wa kaelo e e thusang. Ka gonne e tlhotlheleditswe ke Modimo, Baebele gape ke motswedi o o ikanyegang wa kgomotso le tsholofelo fela jaaka mongwe wa baaposetoloi ba ga Keresete a ile a bolela. [Bala Baroma 15:4.] Nako e e fetileng fa re ne re konela motlotlo wa rona, ke ne ka go botsa gore, Rona ka namana re ka solegelwa molemo jang ke kitso e e mo Baebeleng?” Bala serapa 18 mo go tsebe 11 ya buka ya Kitso. Mmolelele gore Basupi ba ga Jehofa ba tshwara dithuto tsa Baebele di ka nna dimilione tse tlhano mo lefatsheng lotlhe ba thusa batho gongwe le gongwe go bona kitso e e isang botshelong jo bo sa khutleng. Mmontshe ka bokhutshwane kafa thuto e tshwarwang ka teng o dirisa dirapa tsa ntlha tse tlhano tsa kgaolo 1.
3 Fa e le gore la ntlha o ile wa bua le motho kaga thapelo, o ka nna wa leka go simolola thuto ka go bua jaana:
◼ “Ke solofela gore o ne wa itumelela tshedimosetso e e kaga thapelo e re ileng ra tlotla ka yone go tswa mo bukeng ya Kitso E E Isang Botshelong Jo bo Sa Khutleng. Ke ne ka go solofetsa gore ke tla tla gape go tla go tlotla le wena kaga tsela e batho ba ba rapelang Modimo le bone ba ka mo utlwang ka yone. Ela tlhoko se se bolelwang mo go tsebe 158. [Bala serapa 18.] Ka gone, ka go ithuta Baebele ka namana, re utlwa se Modimo a se re bolelelang. Go dira jalo go dira gore re tsalane le ene thata e bile go re thusa go lepalepana le mathata a letsatsi le letsatsi a re a rapelelang. Nka itumelela go ithuta Baebele le wena.” Fa motho yoo a rata, simolola ka kgaolo ya ntlha ya buka ya Kitso.
4 Fa e le gore o ile wa dirisa tsela ya go buelela thuto ka tlhamalalo, o ka nna wa tsweletsa motlotlo wa ntlha ka go re:
◼ “Ke ile ka leka thata gore ke go etele gape ka gonne ke ne ke batla go go bolelela go le gontsi ka thulaganyo ya rona ya mahala ya go ithuta Baebele. Ke ne ka go tlogelela khopi ya buka eno ya Kitso E E Isang Botshelong Jo bo Sa Khutleng e re e dirisang go ithuta. Ela tlhoko kafa e re kgothaletsang go tsaya Lefoko la Modimo tsia ka teng. [Bala serapa 23 mo go tsebe 22.] Fa o ka tla ka khopi ya gago ya buka eno gongwe re ka bala go ya pele go tloga mo re feletseng teng mo nakong e e fetileng.” Fa e le gore lo ne lwa se ka lwa simolola thuto mo loetong lwa ntlha, o ka nna wa re: “Gongwe gone jaanong ke nako e e siameng gore ke go bontshe kafa re ithutang Baebele ka teng.” Morago ga go sekaseka dirapa di sekae, rulaganya nako e e tlhomameng e o tla mo etelang gape ka yone.
5 Go dirisa buka ya Kitso ka botswerere go tla re thusa go anamisa kitso e e tlhomameng mo go tla solegelang ba bangwe molemo. (Dia. 15:7) Kitso e e ntseng jalo e tla itumedisa ba ba dipelo di siameng e bile e tla ba tlhotlheletsa thata gore ba tshele ka tsela e e dumalanang le tshiamo ya ga Jehofa mme kgabagare ba bo ba bona botshelo jo bo sa khutleng.