LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • km 3/96 ts. 4
  • Kitso ya Modimo wa Boammaaruri e Isa Botshelong

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Kitso ya Modimo wa Boammaaruri e Isa Botshelong
  • Tirelo ya Rona ya Bogosi—1996
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • “Botshelo Jo bo Sa Khutleng ke Jo”
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—1996
  • Thusa ba Bangwe go Nna le Kitso e e Isang Botshelong
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—1996
  • Kitso e e Tswang Kwa Modimong e Araba Dipotso Tse Dintsi
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—1997
  • Go Anamisa Kitso e e Isang Botshelong Jo bo Sa Khutleng
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—1996
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tirelo ya Rona ya Bogosi—1996
km 3/96 ts. 4

Kitso ya Modimo wa Boammaaruri e Isa Botshelong

1 Jesu o ne a raya Rraagwe jaana fa a ne a rapela: “Botshelo jo bo sa khutleng ke jo, gore ba go itse, wena, Modimo o o osi, o o boammaaruri.” (Joh. 17:3) A bo seo e le tuelo ya bopelotshweu jang ne! Ka go dirisa kgatiso ya Kitso E E Isang Botshelong Jo bo Sa Khutleng, re ka thusa batho ba bangwe go itse se ba tshwanetseng go se dira gore ba tshelele ruri. Ke eng se re ka se buang go tsosa kgatlhego ya bone gore ba batle go bala buka ya Kitso?

2 O ka nna wa dirisa puisano e e gatelelang gore Baebele ke motswedi wa kaelo e e molemo ka go bua jaana:

◼ “Re bua le baagisani ba rona malebana le gore ke kae koo re ka bonang motswedi wa kaelo e e molemo e e ka re thusang go itshokela mathata a botshelo teng. Mo nakong e e fetileng batho ba le bantsi ba ne ba leba mo Baebeleng pele. Mme jaanong maikutlo a batho a fetogile; ba le bantsi ba belaela Baebele, ba e leba e le buka fela e e ikwaletsweng ke batho. Wena o di bona jang? [Letela karabo.] Go na le lebaka le le molemo la go bo re ka re Baebele e a thusa mo motlheng wa rona. [Bala 2 Timotheo 3:16, 17.] Melaometheo ya Baebele e santse e le botlhokwa fela jaaka go ne go ntse ka nako ya fa Modimo a ne a tlhotlheletsa gore Baebele e kwalwe.” Bula tsebe 16 mo bukeng ya Kitso mme ka bokhutshwane o bo o akgela ka kaelo e e molemo e e fitlhelwang mo Therong ya ga Jesu ya kwa Thabeng. Bala nopolo e e mo serapeng sa 11 kana e e mo serapeng sa 13. Mo neye buka ka moneelo wa R3,50 o bo o rulaganya go bowa gape o tla go araba potso e e reng, Kitso e e mo Baebeleng e ka re solegela molemo jang ka namana?

3 E re ka batho ba le bantsi ba rata go bua thata ka thapelo, o ka nna wa rata go tlotla ka yone ka go botsa jaana:

◼ “Fa o akanya ka dikgwetlho tse dintsi tse re tshwanetseng go lebana le tsone mo botshelong jwa gompieno, a o akanya gore thapelo e ka re thusa ka tsela ya mmatota? [Letela karabo.] Batho ba le bantsi ba ikutlwa gore ba ile ba atamalana thata le Modimo ka ntlha ya go mo rapela le gore go dira jalo go ile ga ba nonotsha maikutlo e leng sone selo se Baebele e se solofetsang. [Bula buka ya Kitso mo go tsebe 156 mme o bale Bafilipi 4:6, 7.] Lefa go ntse jalo, motho a ka nna a ikutlwa gore ka dinako tse dingwe dithapelo tsa gagwe ga di arabiwe. Kgaolo eno e tlotla kaga ‘Kafa o ka Atamalanang le Modimo ka Teng.’ [Mo abele buka ka moneelo wa R3,50.] Kgaolo eno gape e tlhalosa kafa re ka utlwang Modimo ka teng e re ka puisano e sa sekamela mo letlhakoreng le le lengwe fela. Re ka nna ra bua ka gone fa ke tla gape nako e e tlang.”

4 A o ka rata go leka mokgwa wa go buelela thuto ka tlhamalalo? Sengwe se se ka go atlegisang ke se:

◼ “Re ithaopela go ithuta Baebele le batho mahala. A o kile wa ithuta Baebele pele? [Letela karabo.] Mma ke go bontshe selo se re se dirisang go e ithuta.” Mmontshe buka ya Kitso, bula tsebe 3 gore mongantlo a bone lenaane la diteng, o bo o mmotsa jaana, “A o kile wa ipotsa gore Baebele ya reng ka dikgang tseno?” Bula kgaolo e a e kgatlhegelang thata mme o bo o bala ditlhogwana tsa teng. Mo tlhalosetse gore o ka rata go mmontsha ka bokhutshwane kafa re sekasekang tshedimosetso eo ka teng fa re ithuta. Neela motho yoo buka e ka ne o ile wa simolola thuto kana o ise o e simolole.

5 Gompieno matshwititshwiti a batho a tsibogela kitso e e tlhomameng ya Modimo wa boammaaruri. (Isa. 2:2-4) Re na le tshiamelo ya go thusa batho ba bantsi ka mo re ka kgonang ka teng go ithuta kaga Jehofa le go ba lebisa kwa botshelong.—1 Tim. 2:4.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2025)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela