LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • km 2/97 ts. 7
  • Lebokoso la Dipotso

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Lebokoso la Dipotso
  • Tirelo ya Rona ya Bogosi—1997
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • A o Ipaakanyeditse Masetlapelo a Tlholego?
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—2007
  • O ka Thusa Jang Morago ga Masetlapelo?
    Bukana ya Pokano ya Botshelo le Bodiredi Jwa Rona 2023
  • Thusa ba Bangwe go Itshokela Dinako Tsa Mathata
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2022
  • Bodiredi Jwa Namolo
    Bogosi Jwa Modimo bo a Busa!
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tirelo ya Rona ya Bogosi—1997
km 2/97 ts. 7

Lebokoso la Dipotso

◼ Go tshwanetse ga dirwang fa go nna le kotsi ya masetlapelo e e amang bakaulengwe ba rona ka tlhamalalo?

Fa go Nna le Kotsi ya Masetlapelo mo Lefelong la Lona: Se etsaetsege ke letshogo. Nna o ritibetse, mme o akanye ka se se leng botlhokwa thata—botshelo, e seng dithoto. Tlhokomela dilo tsa senama tse lelapa la gago le di tlhokang thata. Morago ga moo, itsise bagolwane ka boemo jwa gago le kwa o leng gone ka nako eo.

Bagolwane le batlhanka ba bodiredi ba na le seabe se segolo mo go rulaganyetseng thuso ya namolo. Fa go ntshiwa tlhagiso ya go sale gale ya kotsi ya masetlapelo e e tla tlhaselang, jaaka fa go na le setsuatsue, bakaulengwe bano ba tshwanetse go tlhomamisa gore mongwe le mongwe o mo lefelong le le babalesegileng, mme fa nako e letla, ba kokoanye le go anamisa dilo tsa namolo tse di tlhokegang.

Morago ga moo, batshwari ba thuto ya buka ba tshwanetse go batla lelapa lengwe le lengwe le go bona gore a ba babalesegile. Molebedi yo o okamelang kana mogolwane mongwe o tshwanetse go itsisiwe ka boemo jwa lelapa lengwe le lengwe lefa ba babalesegile. Fa e le gore mongwe o utlwile botlhoko, bagolwane ba tla rulaganya gore a bone kalafi. Gape ba tla neela ka dilo tse di tlhokegang tsa nama tse di tshwanang le dijo, diaparo, bonno kana dilo tsa ntlo. (Joh. 13:35; Bagal. 6:10) Bagolwane ba lefelo leo ba tla tshegetsa phuthego mo semoyeng le mo maikutlong mme ba tla rulaganya gore dipokano di boe di tshwarwe gape ka bonako jo bo ka kgonegang. Morago ga go sekaseka dilo sentle, mogolwane mongwe o tla ikgolaganya le molebedi wa potologo mo boemong jwa setlhopha sa bagolwane go mo itsise fa bangwe ba dule dikgobalo, kaga go senyega ga Holo ya Bogosi kana fa matlo a bakaulengwe bangwe a senyegile le dilo dipe fela tse di kgethegileng tse di tlhokegang. Molebedi wa potologo ene o tla founela ofisi ya lekala a ba begela ka maemo ano. Fa lo sa kgone go ikgolaganya le molebedi wa potologo, lo ka ikgolaganya le ofisi ya lekala ka tlhamalalo. Ofisi ya lekala e tla rulaganya dithulaganyo dipe tse dikgolo tsa namolo tse di tlhokegang.

Fa Kotsi ya Masetlapelo e Tlhasela go Sele: Baya bakaulengwe le bokgaitsadi ba ba mo mafelong ao mo dithapelong tsa lona. (2 Bakor. 1:8-11) Fa e le gore o ka rata go thusa ka madi, o ka nna wa romela moneelo oo kwa Mokgatlhong, koo go beetsweng madi a namolo kwa thoko ka boikaelelo joo. Aterese ke: Watch Tower, Private Bag X2067, Krugersdorp, 1740. (Dit. 2:44, 45; 1 Bakor. 16:1-3; 2 Bakor. 9:5-7; bona Tora ya Tebelo ya December 1, 1985, ditsebe 20-2.) O se ka wa romela dilo kana ditlamelo kwa lefelong la kotsi ya masetlapelo ntle le fa o kopilwe ka tlhamalalo ke bakaulengwe ba ba okametseng. Seno se tla dira gore thuso ya namolo e dirwe ka thulaganyo le gore dilo di abiwe sentle. (1 Bakor. 14:40) Tsweetswee lo se ka lwa founela Mokgatlho go sa tlhokege, e re ka seno se ka dira gore megala ya founo e tswalege mme difouno tse di botlhokwa tse di tswang kwa lefelong la kotsi ya masetlapelo di se ka tsa tsena.

Morago ga go sekaseka dilo sentle, Mokgatlho o tla bona gore a o tshwanetse go tlhoma komiti ya namolo. Bakaulengwe ba ba ikarabelang ba tla itsisiwe. Botlhe ba tshwanetse go dirisana sentle le bagolwane ba ba etelelang pele gore dilo tse di botlhokwa tse bakaulengwe botlhe ba di tlhokang di tlhokomelwa sentle.—Bona Basupi ba ga Jehofa—Baboledi ba Bogosi jwa Modimo, ditsebe 310-15.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2025)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela