LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • km 6/97 ts. 1
  • Basha—Mekgele ya Lona ya Semoya ke Eng?

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Basha—Mekgele ya Lona ya Semoya ke Eng?
  • Tirelo ya Rona ya Bogosi—1997
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Kafa o ka Fitlhelelang Mekgele ya Gago ya Semoya ka Gone
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—2006
  • Dirisa Mekgele ya Semoya go Galaletsa Mmopi wa Gago
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2004
  • Nka Fitlhelela Mekgele ya me Jang?
    Tsogang!—2010
  • Itlhomele Mekgele ya Semoya
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—2002
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tirelo ya Rona ya Bogosi—1997
km 6/97 ts. 1

Basha—Mekgele ya Lona ya Semoya ke Eng?

1 Jehofa o itse gore go nna le tiro e e mosola le go nna le mekgele e e ka fitlhelelwang go botlhokwa go le kana kang gore motho a itumele. (Bona Genesise 1:28; 2:15, 19.) Gompieno Jehofa o abetse batho ba gagwe tiro ya go rera le go ruta. Mme gape re na le mokgele o o kwa setlhoeng wa go bona botshelo jo bo sa khutleng mo Paradaiseng. Mme fa re ntse re letile, re tshwanetse go ipeela mekgele e e gatelang pele ya semoya gore re se ka ra iphitlhela re dirisa maatla a rona le dithoto tsa rona ka tsela e e sa tshwanelang.—1 Bakor. 9:26.

2 Mekgele ya Mmatota e Basha ba ka Ipeelang Yone: Basha ba tshwanetse go nna le mekgele e e tsamaisanang le dilo tsa puso ya Modimo e ba ka e fitlhelelang go ya ka dikgono tsa bone. (1 Tim. 4:15) Bana bangwe ba babotlana thata ba ne ba kgona go fitlhelela mokgele wa go bitsa dibuka tsa Baebele ka tlhogo le e leng pele ga ba ithuta go bala. Ka thuto ya lelapa, bana ba ithuta go baakanyetsa dipokano gore ba kgone go fitlhelela mokgele wa go neela dikakgelo tse di mosola le go ikwadisa mo Sekolong sa Bodiredi sa Puso ya Modimo. Fa bana ba tsamaya le batsadi ba bone mo tirelong ya tshimo, ba ithuta go nna le seabe mo go neeleng bosupi fa ba ntse ba gatela pele go nna baboledi ba ba sa kolobediwang. Batsadi ba tshwanetse go beela bana ba bone ba babotlana mokgele wa go ineela le go kolobediwa.

3 Fa e le gore o mosha, mekgele ya gago ya semoya e akaretsa eng? “O bo o gakologelwe Mmopi wa gago mo metlheng ya bokau jwa gago” ka go tlhoma mogopolo mo mekgeleng e tota e leng botlhokwa mo botshelong. (Mor. 12:1; Pes. 71:17) Ke eng fa o sa nne mmulatsela yo o thusang mo dikgweding tsa fa dikolo di tswetswe? A o kile wa akanyetsa go tsaya bodiredi jwa nako e e tletseng o le mmulatsela wa ka metlha? Go tweng ka go ithuta puo e nngwe gore mo isagweng o kgone go thusa setlhopha sa puo e sele kana phuthego ya puo e sele e e mo lefelong la lona kana gongwe go sele? Ba le bantsi ba gone jaanong ba direlang mo Bethele kana ba ba direlang e le balebedi ba ba etang kana barongwa, ba ne ba ipeela mokgele wa tirelo e e kgethegileng ya nako e e tletseng fa ba ne ba sa ntse ba le kwa sekolong. Ke eng fa le wena o sa dire se se tshwanang?

4 E re ka o sa ntse o le mosha, leka go etsa sekao sa ga Jesu. Le eleng fa a ne a na le dingwaga tse 12 fela, o ne a bua ka kgololesego ka dilo tsa semoya. (Luke 2:42-49, 52) Go ipeela mekgele e e molemo ya go ithuta ka namana, go bala Baebele letsatsi le letsatsi, go kopana ka metlha le Bakeresete ba ba godileng kwa dipokanong le mo tirelong go ka go thusa gore o nne le bokgoni jwa go ruta ba bangwe ka Bogosi jwa Modimo fela jaaka Jesu a ne a dira.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela