Dipokano Tsa Tirelo Tsa June
Beke e e Simololang ka June 2
Pina 181
8 mets: Dikitsiso tsa phuthego ya lona. Dikitsiso tse di tlhophilweng go Tirelo ya Rona ya Bogosi. Akgela ka pego ya tirelo ya tshimo ya kgwedi le kgwedi ya naga yotlhe le ya phuthego ya lona. Gakolola baboledi go bega tirelo ya bone ya tshimo ya May ka bonako. Mokwaledi le batshwari ba thuto ya buka ba tshwanetse go bona gore dipego tsotlhe tse di saletseng kwa morago tsa tirelo ya tshimo tsa dikgwedi tse di fetileng di a tlisiwa.
15 mets: ‘Dira Bojotlhe Jwa Gago.’ Dipotso le dikarabo.—Bona gape le Tora ya Tebelo ya April 15, 1993, ditsebe 28-30.
22 mets: “Kitso e e Tswang Kwa Modimong e Araba Dipotso Tse Dintsi.” Modulasetilo o tlotla ka setlhogo seno le baboledi ba le babedi kana ba le bararo, go akaretsa le mosha. Akgela ka serapa 1, o gatelela lebaka la go bo buka ya Kitso e le molemo jaana go re thusa go araba dipotso. Dira pontsho ya fa go baakanyediwa, o bo o akantsha gore go ka tokafadiwa kae morago ga puisano nngwe le nngwe.
Pina 200 le thapelo e e konelang.
Beke e e Simololang ka June 9
Pina 189
10 mets: Dikitsiso tsa phuthego ya lona. Pego ya diakhaonto. Itsise ka dithulaganyo tse di kgethegileng tsa tirelo ya tshimo tsa June 16.
15 mets: A o Ka Nna le Seabe se Segolwane mo Bodireding mo Dikgweding Tse di Tlang? Puo le motlotlo le bareetsi. Ba le bantsi ba rona re rulaganyetsa go dira dilo di le dintsinyana ka nako ya boikhutso ya mariga, mme tseno di ka akaretsa go ya boikhutsong, go etela ba losika kana go itapolosa. Re ka rulaganya dilo jang gore re se ka ra itlhokomolosa ditiro tsa rona tsa puso ya Modimo? Tlotlang ka dintlha tse di latelang: (1) Go nna gone kwa dipokanong ka metlha e ka ne o le kwa gae kana o etile. (2) Go rulaganya go nna le seabe ka metlha mo bodireding, mme fa o seyo kwa gae, o romele dipego tsa tshimo kwa phuthegong. (3) Go tsaya dikgatiso tsa go neela bosupi jo e seng jwa tlwaelo fa o le mo loetong. (4) Go nna le seabe mo go neeleng bosupi jwa thapama kana jwa maitseboa, koo go kgonegang teng. (5) Go ikwadisa jaaka mmulatsela yo o thusang ka kgwedi e le nngwe kana tse di oketsegileng, segolobogolo ka nako ya letsholo la tshimo e e sa abiwang. (6) Bagolwane ba boloke ditiro tsa phuthego di rulagantswe sentle mme ba tlhomamise gore ditiro tse mongwe le mongwe a abetsweng tsone di dirwe fa motho mongwe a seyo.
20 mets: Go Ruta ba Bangwe—Tlhokafalo e e Potlakileng. Puo ka mogolwane. Tlotla ka pego ya tirelo ya lefatshe lotlhe ya 1996 e e mo go tsebe 33 ya 1997 Yearbook. Maiteko a magolo a a dirwang go neela batho bosupi gongwe le gongwe koo ba ka fitlhelwang gone a nna le matswela. Se se tlhokegang ka potlako jaanong ke go boela kwa go ileng ga tsamaisiwa dikgatiso teng le go ruta batho boammaaruri. Fa re ba etela mo mafelong a botlhe, kopa maina le diaterese tsa bone ka botlhale gore go tle go dirwe loeto lwa go boela. Re tlhoka go dira se se fetang go lema fela peo ya Bogosi; gape re tshwanetse go e nosetsa. (1 Bakor. 3:6-8) Fa peo e lengwa mo mmung o o molemo, go ruta ka tsela e e siameng go ka thusa motho go tlhaloganya. (Math. 13:23) Re tshwanetse go nna le seabe ka botlalo e bile e le ka tsela e e molemolemo kafa re ka kgonang ka teng mo tirong ya go ruta. (Baheb. 5:12a) Akaretsa dintlha go tswa mo tsenyeletsong ya Tirelo ya Rona ya Bogosi ya June 1996, dirapa 25-6. Gatelela gore re tshwanetse go leka go simolola dithuto mo boroutšhareng jwa Re Direng kana mo bukeng ya Kitso.
Pina 204 le thapelo e e konelang.
Beke e e Simololang ka June 16
Pina 192
10 mets: Dikitsiso tsa phuthego ya lona. Akantsha dintlha tse di ka buelelwang mo dimakasineng tsa bosheng.
15 mets: Ditlhokafalo tsa phuthego ya lona.
20 mets: Go Bona Gore a Bodumedi Jwa Gago ke Jwa Boammaaruri Kana Jwa Maaka. Mogolwane o tshwere motlotlo le baboledi ba le babedi kana ba le bararo ba ba tshwanelegang, o o tswang mo makasineng wa Tsogang! ya December 22, 1989, tsebe 18 (ka Seesemane). Batho ba le bantsi ba go bonalang ba le peloephepa ba nna ba ntse ba etelwa kgapetsakgapetsa. Le fa go ntse jalo, ga ba ise ba tsamaye ba dumele go ithuta Baebele. Tlotla ka tsela eo dintlha tse di mo setlhogong seno sa Tsogang! di ka dirisiwang ka teng go ba dira gore ba bone gore ba tlhoka go dira go dumalana le kitso e e tlhomameng. Lebisa tlhokomelo go dintlha tsa konokono mo bukeng ya Kitso, kgaolo 5: “Modimo o Amogela Kobamelo ya Bomang?” Bala serapa 20. Go ka nna ga dirwa maeto a go boela mo bathong ba ba ntseng jalo go ba kgothaletsa ka lorato le ka botlhale gore ba dumele go ithuta le go ya dipokanong.
Pina 201 le thapelo e e konelang.
Beke e e Simololang ka June 23
Pina 193
10 mets: Dikitsiso tsa phuthego ya lona.
15 mets: Ba Reng ka ga Rona? Puo e e buang ka tshedimosetso e e go Watch Tower Publications Index 1986-1995, ditsebe 341-3. Tlase ga “Statements by Others,” tlhopha dikgang tse di kgatlhisang ka ga Basupi ba ga Jehofa—boitshwaro jwa rona le tiro ya rona. Bontsha ka moo ba bangwe ba ileng ba kgatlhegela se ba se bonang mo go rona ka teng. Tlhalosa gore ke ka ntlha yang fa seno se tshwanetse go re rotloetsa gore re itshware ka tsela e e siameng ka dinako tsotlhe le go itshoka mo tirong ya rona. Tlhalosa gore re ka dirisa jang dintlha tseno tse di kgatlhang fa re bua le batho ba re ba itseng le batho ba ba kgatlhegang ba ba batlang go itse mo go oketsegileng ka rona.
20 mets: “Batsadi—Rutang Bana ba Lona go Rera.” Dipotso le dikarabo. Akaretsa kaelo e e mo bukeng ya Bodihedi jwa Rona, ditsebe 99-100, tlase ga setlhogwana sa “Go Thusa Batho ba Banana.”
Pina 211 le thapelo e e konelang.
Beke e e Simololang ka June 30
Pina 197
10 mets: Dikitsiso tsa phuthego ya lona. Gakolola botlhe gore ba tlise dipego tsa tirelo ya tshimo tsa June.
20 mets: “Basha—Mekgele ya Lona ya Semoya ke Eng?” Borre ba babedi ba tlotla mmogo ka setlhogo seno. Ba sekaseka ka kelotlhoko gore ba ka thusa jang bana ba bone gore ba lemoge gore ke ka ntlha yang fa go le botlhokwa go ipeela mekgele ya puso ya Modimo, e e tla ba tlisetsang ditshegofatso tsa semoya, go na le gore ba latelele dilo tse di bonalang.—Bona gape le buka ya Bodihedi jwa Rona, ditsebe 116-18.
15 mets: Go Ipaakanyetsa Mpho ya Buka ya July. Tlhopha boroutšhara e le nngwe kana di le pedi tse di ileng tsa tsosa kgatlhego mo tshimong ya lona mme lo sekaseke dintlha tse di kgatlhang mo go nngwe le nngwe ya tsone. Akantsha ditsela tse di ka kopanyelediwang mo puisanong ka tsone. Gakolola botlhe gore ba boloke rekoto ya dikgatiso tse ba di tsamaisitseng le gore ba boele le go tlhagolela kgatlhego.
Pina 109 le thapelo e e konelang.