Kitso e e Tswang Kwa Modimong e Araba Dipotso Tse Dintsi
1 Pele o nna le kitso e e tlhomameng ya boammaaruri, go ka direga gore o ne o na le dipotso tse dintsi ka ga botshelo tse o neng o sa kgone go di araba. A bo o ne wa itumela jang ne fa o ne o bona dikarabo tse di theilweng mo Baebeleng tsa dipotso tseo! Gone jaanong o kgona go thusa ba bangwe go bona dikarabo tsone tseo. (Bapisa 2 Timotheo 2:2.) O kgona go ba abela kitso ya Modimo e e isang botshelong jo bo sa khutleng. (Joh. 17:3) Mme o ka thusa jang motho go anaanela botlhokwa jwa kitso eno? Ebu, akanya ka dipotso tse boammaaruri bo ileng jwa go arabela tsone. Ke eng se batho ba ba batlang boammaaruri ba eletsang go se itse? Go akanya ka dilo tseno go ka go thusa go tsamaisa buka ya Kitso E E Isang Botshelong Jo bo Sa Khutleng. Dikakantsho tse di latelang di ka go thusa fa o ipaakanyetsa go neela bosupi ka June.
2 E re ka batho ba le bantsi ba ipotsa gore ke ka ntlha yang fa go na le pogo e ntsi jaana mo lefatsheng, ba ka arabela ka tsela e e molemo fa o simolola motlotlo ka tsela eno:
◼ “Fa go nna le kotsi ya masetlapelo kana fa bokebekwa kana thubakanyo di ntse di oketsega, gantsi batho ba botsa gore ke ka ntlha yang fa dilo tse di bosula tseno di direga. O ne o tla araba o reng?” Mo letle gore a arabe o bo o mmolelela gore o itumelela go utlwa karabo ya gagwe. Morago ga moo, bula mo go kgaolo 8 mo bukeng ya Kitso, o bo o mmontsha se se kwadilweng mo serapeng 2. Mo tlhalosetse gore buka eno e neelana ka tlhaloso ya Baebele malebana le gore ke ka ntlha yang fa dilo tse di bosula tseno di direga, o bo o re: “Nka rata go go tlogelela khopi eno ka moneelo wa R4,00.”
3 Fa o boela kwa o neng o tsamaisitse buka ya “Kitso” teng, o ka nna wa re:
◼ “Ke rata tshwetso e o ileng wa tla mo go yone malebana le gore ke ka ntlha yang fa go na le pogo e ntsi jaana mo lefatsheng. A o dumalana le karabo ya Baebele jaaka fa e bontshitswe mo bukeng eno?” Mo letle gore a arabe. Bala serapa 17 mo go tsebe 77 mo bukeng ya Kitso mme o kope mong wa ntlo gore a bale Baroma 9:14 mo Baebeleng ya gagwe. Morago ga moo o bo o re: “Dikgang tse di molemo ke gore, Modimo ga o re utlwise botlhoko le go re bogisa ka tsela e e sa tshwanelang. O solofeditse go re naya botshelo jo bo sa khutleng mo kagisong le mo boitumelong. Kgaolo ya ntlha mo bukeng eno e na le setlhogo se se reng ‘O ka Bona Isagwe e e Itumedisang!’ Ke ka rata go go tlhalosetsa gore wena le lelapa la gago lo ka bona jang isagwe eo.” Bula mo go kgaolo 1, o bo o mmontshe gore re ithuta jang. Balang bontsi jwa kgaolo eo go ya kafa maemo a ka lo letlang ka gone.
4 O ka nna wa tlhopha go dirisa matseno a a mo tsebeng 14 ya buka ya “Go Fetolana,” tlase ga setlhogo se se reng “Botsofe/Loso”:
◼ “A o kile wa ipotsa gore, ‘A loso ke bokhutlo jwa dilo tsotlhe? Kgotsa a go na le selo sengwe gape morago ga loso?’ [Mo letle gore a arabe.] Baebele e araba potso epe fela e re ka tswang re na le yone ka loso. [Bala Moreri 9:5, 10.] E bontsha gape gore go na le tsholofelo ya mmatota mo go ba ba nang le tumelo. [Bula mo go serapa 13 mo tsebeng ya 84 mo bukeng ya Kitso; bala o bo o tlhalose mafoko a ga Jesu a a mo go Johane 11:25.] Kgaolo eno yotlhe e kwaletswe go araba potso e e reng, Go diragalang ka batho ba ba suleng ba re neng re ba rata? Fa o rata go e bala, nka go tlogelela khopi eno ka moneelo wa R4,00.”
5 Fa o dira loeto lwa go boela, o ka nna wa ikitsise gape mme o bo o re:
◼ “Mo nakong e e fetileng re ne ra bua ka se se diragalang fa motho a swa. Batho ba le bantsi ba dumela gore botshelo jo bo ka nnang gone morago ga loso bo ka nna fela kwa legodimong kana kwa diheleng. Mme a o kile wa akanya ka kgonagalo ya gore baswi ba boe ba tshele gape gone mono mo lefatsheng? [Mo letle gore a arabe.] Go ya ka Baebele, ba ba tsositsweng ba tla nna gare ga ba ba pelonomi ba ba tla ruang lefatshe. [Bala Pesalema 37:11, 29, morago ga moo o bo o tlotla ka serapa 20 mo tsebeng ya 88 mo bukeng ya Kitso.] Tsholofetso eo e gomoditse dimilione tsa batho ba ba neng ba tshaba loso. Buka eno e tla go thusa gore o tlhaloganye kgang eno botoka. A nka go bontsha gore jang?”
6 Fa o batla go dirisa puisano e e motlhofo thata, o ka nna wa leka eno:
◼ “Ke rata go go bontsha setshwantsho mo bukeng eno, Kitso E E Isang Botshelong Jo bo Sa Khutleng. A setshwantsho seno ga se sentle?” Bula buka gore mong wa ntlo a kgone go bona ditsebe 4-5. Mo letle gore a arabe. Morago ga moo o bo o bala mafoko a a mo go tsebe 5. Konela ka go re: “O ka nna wa itseela buka eno gore o ipalele yone ka moneelo o monnye wa R4,00.” Botsa gore ke nako efe e e tla bong e siame go tla go tsweledisa kgatlhego e e bontshitsweng.
7 Re na le kitso e e tswang kwa Modimong e e arabang dipotso tse dintsi tse di botlhokwa tsa botshelo. Baakanyetsa ka tlhoafalo mme Jehofa o tla segofatsa maiteko a gago a go abela ba ba batlang boammaaruri tshedimosetso eno e e bolokang botshelo.