Go Agiwa ga Diholo Tsa Bogosi mo Afrika Borwa le mo Dinageng Tse Di Mabapi
1 Fa re ela tshimo ya lefatshe lotlhe tlhoko, go a itumedisa go bona jaaka fa phuthego ya ga Jehofa ya selefatshe e ntse e gola thata. Ngogola mo Afrika Borwa fela, go ile ga tlhongwa diphuthego tse disha di le 37, fa ka nako e e tshwanang go ne ga tlhongwa diphuthego di le 3288 lefatshe ka bophara. Ka koketsego eno yotlhe, ga go gakgamatse go bo go tlhokega Diholo Tsa Bogosi tse di oketsegileng.
2 Bakaulengwe le bokgaitsadi ba le bantsi ba tlhagafalela le go tshegetsa phuthego ya ga Jehofa ka tsela e e tlhomologileng ka go dirisa nako ya bone le dithoto tsa bone mo go agiweng ga Diholo Tsa Bogosi. Dikomiti Tsa Kago Tsa Kgaolo di le 23 tse di dirang mo Afrika Borwa le mo dinageng tse di mabapi di tlhokomela diphuthego tse di mo kgaolong ya tsone. Ngwaga le ngwaga go agiwa mo e ka nnang Diholo Tsa Bogosi tse disha di le 24 mme go shafadiwe di le mmalwa tse dingwe. E sa le ka 1985, go ilwe ga kgakolwa Diholo Tsa Bogosi di le 306. Dikomiti tseno tsa kgaolo di neilwe boikarabelo jwa go okamela ditiro tseno, mme ditiro tsa bone di anaanelwa thata. Thulaganyo yotlhe ya go aga Diholo Tsa Bogosi e fitlhelelwa ka ntlha ya moya wa go aba le wa go intsha setlhabelo wa Bokeresete—o o farologaneng thata le moya o gantsi o fitlhelwang mo lefatsheng.—2 Tim. 3:2, 4.
3 Go thusa gore go dirwe tiro e e tshwanang fa go agiwa Diholo Tsa Bogosi, Mokgatlho o simolotse go naya dikomiti tsa kgaolo thulaganyo e e tshwanang ya go agiwa ga Diholo Tsa Bogosi e e nang le dipolane tse di dirilweng ka CAD (Computer Aided Design/Drafting). Seno se tla thusa gore go se ka ga senngwa nako mmogo le madi a badiri ba baithaopi. Se tla thusa gape gore madi a a mo Letloleng la Mokgatlho la Diholo Tsa Bogosi a dirisiwe ka botlhale. Jaanong bagolwane ba ka tlhopha e ba e ratang mo dipolaneng tseno tse di farologaneng. Morago ga go amogela thulaganyo eno e ntšha Komiti nngwe ya Kago ya Kgaolo ya kwa United States e ne ya bolela jaana: “Re ne re itumetse thata e bile re sa kgone go itshwara fa re amogela thulaganyo eno ya go aga. . . . Bakaulengwe ba ba nang le maitemogelo mo tirong ya go tlhama dipolane le mo boenjenering ba ne ba fopholetsa gore ba ne ba boloka nako e e ka nnang diperesente di le 50 go ya go 60 ka go dirisa mokgwa ono o mosha wa go aga. Go dirisa thulaganyo eno go tla re thusa gape go nna le tsela e e tshwanang ka metlha ya go aga Diholo Tsa Bogosi.” Fa diphuthego di dirisana mmogo mo go tshegetseng mokgwa ono wa go aga Diholo Tsa Bogosi ka tsela e e tshwanang, re akanya gore tiro ya batlhami ba dipolane, baenjeneri le batho ba dikontaraka ba bantsi ba ba ithaopang go thusa e tla nna motlhofo thata.
4 Baithaopi ba Tshegetsa Tiro e e Molemo: Mokgatlho o leboga thata baithaopi ba bantsi ba ba thusang mo tirong ya go aga Diholo Tsa Bogosi. Go itumedisa tota go bona diketekete tsa baithaopi ba ithaopa mo dikarolong tsotlhe tsa tiro ya go aga Diholo Tsa Bogosi. Thulaganyo eno e atlega ka ntlha ya moya wa go rata, wa bopelotshweu le wa tirisanommogo o o bontshiwang ke badiri ba baithaopi, ba ba dirisang nako ya bone e ba ka bong ba e dirisa ka tsela e e molemo mo phuthegong le mo malapeng a bone. (Pes. 110:3; Bakol. 3:23) Go arabela ka tsela eno e e lorato go dira gore ba tshwanelwe ke gore re ba akgole, re ba anaanele le go ba tshegetsa ka botlalo.—Bar. 12:10; Baheb. 13:1.
5 Botlhe ba ba tshwanelegang go ka thusa Dikomiti Tsa Kago Tsa Kgaolo ka metlha ba ile ba kopiwa go tlatsa foromo ya Kingdom Hall Construction Worker Questionnaire (S-82). Phuthego e romela diforomo tseno kwa komiting ya kgaolo e bontsha ditshwanelego tsa moithaopi yono le gore a ka dirisiwa. Fa go nna le phetogo nngwe mo seemong sa moithaopi yono, gongwe a fuduga kana a tlhomiwa go nna motlhanka wa bodiredi kana mogolwane, go tshwanetse ga tladiwa diforomo tse disha ka bonako mme di romelwe ka mokwaledi wa phuthego. Fa moithaopi yono a sa tlhole a tshwanelega, bagolwane ba tshwanetse go itsise komiti ya kgaolo ka bonako ka lokwalo. Fa go tlhokega diforomo tse di oketsegileng, di tshwanetse go kopiwa go dirisiwa foromo ya Literature Order ya kgwedi le kgwedi. Molebedi wa potologo le ene o ka rata go itse ba ba ithaopetseng tiro eno ya tirelo e e boitshepo. Ka jalo, o sekaseka faele e e nang le dikhopi tsa diforomo tsa dipotso tsa batho ba ba agang Diholo Tsa Bogosi nako le nako fa a etetse phuthego.
6 Go Boloka Ditshenyegelo Tsa go Aga di le Kwa Tlase: Dikomiti Tsa Kago Tsa Kgaolo di laetswe go tlhoma lephata la go reka le le okametsweng ke mogolwane yo o nnang le bokgoni. Bakaulengwe ba ba berekang mo lephateng leno ba sekaseka ditlhwatlhwa tsa dilo ka kelotlhoko gore ba tle ba kgone go bona ditlhwatlhwa tse di tshwanelang ka go leba ditlhwatlhwa tse di farologaneng mme ba di bapise, le ka go kopa batho ba ba farologaneng go ba bolelela ditlhwatlhwa tsa bone. Ka go dira jalo, go ka bonwa gore go ka rekwa kwa barekising bafe le gore go ka rekwa dilo dife. Ka dinako tse dingwe, ka nako ya go agiwa ga Holo ya Bogosi, bakaulengwe ba ba tshwanelegang mo phuthegong ya lefelo leo ba kopiwa go tla go thusa mo lephateng leno.
7 Go tlhomamisa gore madi a tla dirisiwa ka tsela e e molemo ka mo go ka kgonegang, Komiti ya Kago ya Kgaolo e tshwanetse go dumelela ditshenyegelo tsotlhe tse di dirwang mo letloleng la go aga, gongwe ka go saena ditšheke ba le setlhopha kana go saena di-voucher. Fa fela tiro ya go aga Holo ya Bogosi, e ka tswa e le e ntšha kana e tlhabololwa, e batla gore go dirisiwe baithaopi ba diphuthego tse dingwe tse e seng tse di tla kopanelang mo holong eo, komiti ya kgaolo e tshwanetse go okamela tiro eo.
8 Motho mongwe le mongwe yo o berekang ka kontaraka yo a ka kopiwang go dira tiro nngwe mo Holong ya Bogosi o tshwanetse a kopiwa go ntsha bosupi jwa inshorense e e duelang ditshenyegelo tsa fa go tlhagile kotsi nngwe le inshorense e e mo thusang fa go ka senyega sengwe, bo supa gore phuthego le yone e a akarediwa mo inshorenseng eno, e bile bo bontsha gore ga a kitla a amogela madi ape a a oketsegileng. Seno ga se dire mo baithaoping ba ba thusang mo kagong.
9 Go Thusa Fa go Na le Tlhokego mo Dinageng Tse Dingwe: Go na le dinako tse dingwe tse dinaga dingwe tse di bapileng di tlhokang thuso ya dikomiti tsa kgaolo. Gantsi thuso e e ntseng jalo e tlhokega go thapisa Komiti ya Kago ya Kgaolo ya lefelo leo. Ke go bontsha lorato lo logolo thata fa bakaulengwe ba ba mo nageng eno ba ithaopa go tsamaya mme ba ituelela ditshenyegelo tsa bone go ya go thusa kwa nageng e nngwe. Fa kopo e e dirilweng ke naga e nngwe e amogelwa, Mokgatlho o tla tlhopha komiti nngwe ya kgaolo e e se nang tiro e ntsi mo thulaganyong ya yone ya go aga Diholo Tsa Bogosi ka nako eo mo lefelong la bone go thusa ka tsela eo. Seno se dira gore dilo di dirwe ka tsela e e rulagantsweng sentle.
10 Ka gonne go nna go ntse go tlhokafala Diholo Tsa Bogosi mo dinageng tse dingwe, go tlhokega gore madi a a leng teng a dirisiwe ka botlhale thata. Ka jalo, diphuthego le dikomiti tsa kgaolo di kgothalediwa go somarela kafa di ka kgonang ka gone fa di aga Diholo tse disha tsa Bogosi le fa di ntšhafatsa tse di setseng di le gone. Go ilwe ga dirisanwa sentle thata le kopo eno. Meneelo e e tswang kwa dinageng tse di humileng e dirisiwa go adima diphuthego tse di mo dinageng tse di tlhokang Diholo Tsa Bogosi thata mme di se na dilo tse di lekaneng tsa go aga e bile di na le mathata a magolo a tsa ikonomi.
11 Kgatiso ya 1997 Yearbook e bontsha kafa go tlhokegang Diholo Tsa Bogosi tse di oketsegileng ka gone mo dinageng dingwe. Ka sekai, go umakiwa Ukraine, kwa go setseng go agilwe Diholo Tsa Bogosi di le 47 go tla go fitlha jaanong mme go sa ntse go agiwa tse dingwe tse 56. Tlhokafalo e e mo dinageng tseno e bonala sentle. Pego e bontsha jaana: “Go tlhokega Diholo Tsa Bogosi tse di oketsegileng kwa Russia. Palo ya Basupi e oketsega ka bonako thata gone, mme mo e ka nnang diperesente di le 85 tsa diphuthego tse di kafa tlase ga lekala la Russia ga di na mafelo a di kopanelang mo go one ka metlha. Kwa Zimbabwe, koo go nang le diphuthego tse di ka nnang 800, go ile ga tlhokega gore ba le bantsi ba bano ba kopanele mo mapatlelong. Seno se ile sa dira gore ba ba sa tswang go kgatlhega ba se ka ba kopanela.” Go na le maemo a a tshwanang kwa dinageng tse dingwe mo Yuropa Botlhaba, Afrika le Latin Amerika. Mo diphuthegong tse 1450 tse di mo tshimong ya rona, ke tse di ka nnang 400 tse di nang le Holo ya Bogosi ya tsone e e neetsweng mme tse dingwe di le 140 di dirisa diholo tseno. Seno se dira gore go nne le diphuthego tse dikgolo tse di ka nnang 300 tse di sa ntseng di tlhoka Diholo Tsa Bogosi ka potlako.
12 Le fa lorato lwa batho ba le bantsi lo tsidifetse mo malatsing ano a bofelo, batho ba Modimo ba tswelela go supa lorato lwa bone mo gare ga bone, lorato lo lo potang ka kwa ga melelwane ya bomorafe le ya dinaga. (Math. 24:12) Ka go etsa Rraarona wa selegodimo, e kete re ka tswelela go bontsha lorato loo ka go tshegetsa go agiwa ga Diholo Tsa Bogosi ka go rata, mo Afrika Borwa le mo dinageng tse di mabapi. Fa re dira jalo re tla segofadiwa thata le go amogelwa ke Jehofa.—Mal. 3:10; Baheb. 6:10.