LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • km 1/98 ts. 4
  • Itumelele go Neela Bosupi ka Botlalo

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Itumelele go Neela Bosupi ka Botlalo
  • Tirelo ya Rona ya Bogosi—1998
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Rera ka Botlhale
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—1996
  • Dipuisano Tse di Akantshiwang Tsa Tirelo ya Tshimo
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—2005
  • Go Dirisa Dibuka Tsa Rona ka Tsela e e Molemolemo
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—1995
  • Kitso e e Tswang Kwa Modimong e Araba Dipotso Tse Dintsi
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—1997
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tirelo ya Rona ya Bogosi—1998
km 1/98 ts. 4

Itumelele go Neela Bosupi ka Botlalo

1Rotlhe Re Itumelela Go Dira Dilo Tse Re Kgonang Go Di Dira Sentle Thata. Mareko 7:37 E Re Matshutitshuti A Ne A Bua Jaana Ka Ga Jesu: “O Dirile Dilo Tsotlhe Sentle.” Ga Go Gakgamatse Go Bo Jesu A Ne A Itumelela Go Dira Thato Ya Ga Jehofa! (Bapisa Pesalema 40:8.) Fa Re Ka Akanyetsa Dikakantsho Tse Di Latelang, Le Rona Re Ka Bona Boitumelo Fa Re Ntse Re Latela Taelo Ya Ga Jesu Ya “Go Rerela Batho Le Go Neela Bosupi Ka Botlalo.” (Dit. 10:42) Ka January Re Tsamaisa Buka Ya Monna Yo Mogolo Go Gaisa Botlhe Ba Ba Kileng Ba Tshela Kana Matsapa A A Tserweng Ke Motho Go Batla Modimo. Re Ka Dirisa Dibuka Tseno Jang Go Neela Bosupi Ka Botlalo?

2 E re ka gantsi batho ba amegile ka dikgang tse di amanang le pholo, o ka nna wa re:

◼ “Le fa go ile ga fitlhelelwa dilo tse dikgolo thata mo go tsa kalafi, batho ba sa ntse ba boga thata ka ntlha ya bolwetse. Fa o akanya, ke ka ntlha yang fa go ntse jalo? [Mo letle gore a arabe.] Jesu Keresete o ne a bolela gore malwetse a leroborobo e ne e tla nna sesupo sa malatsi a bofelo. [Luke 21:11] Le fa go ntse jalo Baebele e tlhalosa gape ka nako e bolwetse bo tla bong bo sa tlhole bo le gone ka yone. [Bala Isaia 33:24.] Ela tlhoko kafa buka eno e tlhotlheletsang batho ka teng go nna le tsholofelo mo thutong eo ya Baebele.” Umaka dikakgelo tse di tshwanelang mo Thutong 46 kana 57 o bo o tsamaisa buka eno ka moneelo wa R12,00.

3 Fa o neela bosupi jo e seng jwa ka tlwaelo gaufi le mabenkele, o ka dumedisa o bo o botsa jaana:

◼ “A go bonala mo go wena dilo di tura thata jaana mo malatsing ano mo go leng thata go bona madi a a lekaneng go di reka? [Mo letle gore a arabe.] A o akanya gore go tla tsamaya go tla nako ya fa batho ba tla bong ba se na mathata a tsa madi?” Mo letle gore a arabe. Morago ga moo bula Thuto 52, “Jesu o Fa Diketekete tsa Batho Dijo ka Kgakgamatso,” o mo tlhokomedisa setshwantsho le dikarolo dingwe tse di tshwanelang. Tsamaisa buka eno ka moneelo wa R12,00. O ka nna wa umaka kafa o ileng wa itumelela go tlotla le ene ka gone o bo o botsa jaana: “A go na le tsela nngwe e re ka tsweletsang motlotlo ono ka yone mo nakong e nngwe?” Ka go dira jalo o ka kgona go bona nomoro ya founo kana aterese ya ntlo ya motho yoo.

4 O ka nna wa leka puisano eno fa o bua le motsadi kana mosha:

◼ “Batho ba le bantsi ba basha ba batla batho ba ba rileng ba ba itsegeng ba ba ka ba etsang, mme go thata go bona ba ba tlhomang sekao se se molemo. Jesu Keresete o ne a tlhomela mongwe le mongwe sekao se se molemo thata. [Bala 1 Petere 2:21.] Botshelo jotlhe jwa gagwe bo ne bo remeletse mo go obameleng Rraagwe wa selegodimo. O akanya gore go ne go tla nna jang fa batho ba le bantsi ba ne ba ka leka go mo etsa?” Mo letle gore a arabe. Bula mo go serapa 3 mo tsebeng ya bobedi go tswa kwa bofelong jwa buka eno, se se tlhalosang dinonofo tsa gagwe tse di kgethegileng. Tlhalosa kafa buka ya Monna Yo Mogolo e ka re thusang rotlhe go nna Bakeresete ba ba botoka ka gone. Tsamaisa buka ka moneelo wa R12,00 o bo o dira dithulaganyo tsa go boela gape.

5 Fa o boela go bona batho ba ba bontshang kgatlhego, o ka leka go simolola thuto ya Baebele ka go simolola jaana:

◼ “Fa re ne re bua labofelo, o ile wa bua sengwe se se kgatlhisang thata. [Umaka sengwe se motho yono a neng a se bua.] Ke ntse ke akantse ka sone, mme ke ne ke rata go go bolelela se ke ileng ka se fitlhelela fa ke ne ke dira dipatlisiso ka kgang eno. [Mo balele temana e e tshwanetseng.] Re neela batho khoso ya mahala ya go ithuta e e dirileng gore dimilione tsa batho ba batlisise dithuto tsa konokono tsa Baebele mo nakong e khutshwane fela. Go batlisisa ka tsela e e ntseng jalo go ka godisa tshepo ya gago ya gore ruri ditsholofetso tsa Modimo di tla diragadiwa.” Umaka dingwe tsa dipotso tse di tla arabiwang. Fa motho a gana thuto ya Baebele, mo tlhalosetse gore gape re na le khoso e nngwe e e dirwang ka bonako e e tsayang metsotso fela e le 15 mo bekeng ka dibeke tse 16. Mmontshe boroutšhara jwa Re Direng, bula mo go thuto 1, o bo o mmotsa gore a o ka mmontsha thuto ya ntlha.

6 Gakologelwa go Dirisa Dipampitshana Tsa Taletso: Di ka dirisiwa ka tsela e e molemo fa o simolola go dira gore motho a kgatlhegele dilo tsa semoya, kana di ka nna tsa tlogelwa fa go sa amogelwa dibuka dipe. Koo batho ba kgatlhegang gone, dirisa molaetsa o o kwadilweng kwa morago ga pampitshana ya taletso go kgothaletsa motho go amogela thuto ya Baebele ya legae le go tla kwa dipokanong tsa rona.

7 Nna setswerere mo tirong ya gago mme o tla e itumelela. Ela tlhoko gore o neele bosupi ka botlalo, mme o itumelele go nna le seabe mo dikarolong tsotlhe tsa bodiredi.—1 Tim. 4:16.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2025)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela