Dikgang Tsa Puso ya Modimo
Afrika Borwa: Re itumelela go lo itsise gore go ile ga neelwa Diholo Tsa Bogosi tse dingwe tse robedi ka kgwedi ya November: Jericho (Brits), Lower Xongora (Umtata), Mantšebo, Masoeling, Mohale’s Hoek (Lesotho), Newlands (Durban), Rusthof (Strand) le Qutubeni. Rusthof ke Holo ya Bogosi ya ntlha kwa kgaolong ya Cape Town e e agilweng ka mokgwa wa go aga ka bonako, ka jalo baithaopi ba feta 100 go tswa Komiting ya Kago ya Kgaolo ya Witwatersrand ba ile ba ya gone ka ditshenyegelo tsa bone go ya go thusa bakaulengwe. Moya wa bone wa go ikitsha setlhabelo o akgolwa thata le go anaanelwa.
TSWEETSWEE ELANG TLHOKO: Go tlhokega Diholo Tsa Bogosi tse dingwe tse dintsi mo metseselegaeng ya Afrika Borwa, mmogo le kwa Botswana, Lesotho, Swaziland le e e neng e le Transkei pele. Ka jalo, re kopa botlhe ba ba nang le bokgoni bongwe jwa go aga le ba ba ka ithaopang go thusa gore tsweetswee ba ikgolaganye le Mokgatlho ka bonako jo bo kgonegang. Lebaka ke go bo Mokgatlho o rulaganya go nna le pokano ka May 1998 le Dikomiti tsotlhe Tsa Kago Tsa Kgaolo go ba bontsha mokgwa o mosha wa go aga o o tlhwatlhwa tlase. Fa o ka ithaopa go aga kwa go nang le tlhokafalo e kgolwane gone, le wena o tla kopiwa go nna gone kwa pokanong eno. Mokgele wa Mokgatlho ke gore o thuse bakaulengwe gore ba kgone go aga Diholo Tsa Bogosi, e re ka Setlhopha se se Laolang se ka rata gore phuthego nngwe le nngwe e nne le Holo ya yone ya Bogosi. Ka jalo, tsweetswee akanyetsa kopo eno ka kelotlhoko ka thapelo.