LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • km 3/98 ts. 1
  • Bana—Lo Boitumelo Jwa Rona!

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Bana—Lo Boitumelo Jwa Rona!
  • Tirelo ya Rona ya Bogosi—1998
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Basha—Mekgele ya Lona ya Semoya ke Eng?
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—1997
  • Ditsela Tsa go Oketsa Bodiredi Jwa Gago
    Re Rulaganyeditswe go Dira Thato ya ga Jehofa
  • Itumelele se o Kgonang go se Direla Jehofa
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2021
  • Kafa o ka Fitlhelelang Mekgele ya Gago ya Semoya ka Gone
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—2006
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tirelo ya Rona ya Bogosi—1998
km 3/98 ts. 1

Bana—Lo Boitumelo Jwa Rona!

1 Makawana le makgarebana, a lo itse taelo ya ga Jehofa ya gore lo tshwanetse go akarediwa mo ditirong tsa phuthego? (Dute. 31:12; Pes. 127:3) Re itumelela go nna le lona fa re ntse re obamela Jehofa mmogo! Lo itumedisa dipelo tsa rona fa lo dutse ka tshisibalo kwa dipokanong e bile lo reeditse ka kelotlhoko. Go a re itumedisa segolobogolo fa lo leka go akgela ka mafoko a lona. Phuthego yotlhe e a itumela fa lo neela dikarolo tse lo di abetsweng mo Sekolong sa Bodiredi sa Puso ya Modimo, fa lo kopanela le rona ka matlhagatlhaga mo tshimong le fa re utlwa gore lo neela balekane ba lona ba sekolo le barutabana ba lona bosupi ka bopelokgale.—Pes. 148:12, 13.

2 Re batla gore lo itse gore re ipela ka lona fa re bona maitseo a lona a mantle, tsela e ntle e lo lebegang ka yone, boitshwaro jwa lona jo bo phepa le tsela e lo tlotlang bagolo ka yone. Re itumela segolobogolo thata fa lo bontsha gore lo ‘gakologelwa Mmopi wa lona’ ka go ipeela mekgele ya puso ya Modimo.—Mor. 12:1; Pes. 110:3.

3 Re Boleleleng Mekgele ya Lona: Mosimane mongwe wa dingwaga tse robedi o ne a bolelela molebedi wa kgaolo jaana: ‘Sa ntlha nka rata go kolobediwa, morago ga moo ke rata go thusa mo phuthegong ka dibuelagodimo le go tsamaisa dimaekerofouno, ke nne motlhokomedi, ke thuse mo phaposing ya dibuka, ke bale dirapa kwa thutong ya buka le kwa Dithutong tsa Tora ya Tebelo. Morago ga moo ke batla go nna motlhanka wa bodiredi, ke bo ke nna mogolwane. Gape nka rata go nna mmulatsela le go ya sekolong sa bobulatsela. Morago ga moo ke batla go ya Bethele, ke nne molebedi wa potologo kana molebedi wa kgaolo.’ A bo a ne a anaanela thata jang ne tshiamelo ya go direla Modimo!

4 Fa o ntse o gola mo mmeleng le mo semoyeng, re itumela go go bona o fitlhelela mekgele ya gago. (Bapisa Luke 2:52.) Ngwaga le ngwaga diketekete tsa lona e nna baboledi ba ba sa kolobediwang morago ga moo lo bo lo tshwanelega go kolobediwa go nna batlhanka ba ba ineetseng ba ga Jehofa. Morago ga moo re itumela thata fa re lo bona lo dira ka natla go tshwanelega go nna babulatsela ba ba thusang le e leng go tsenela tirelo ya nako e e tletseng. Eleruri, bana, lo boitumelo jwa rona le motswedi o o molemo wa go baka Rraarona wa selegodimo. E kete Jehofa a ka lo segofatsa thata!—Dia. 23:24, 25.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2025)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela