LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • km 3/98 ts. 2
  • Dipokano Tsa Tirelo Tsa March

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Dipokano Tsa Tirelo Tsa March
  • Tirelo ya Rona ya Bogosi—1998
  • Ditlhogwana
  • Beke e e Simololang ka March 2
  • Beke e e Simololang ka March 9
  • Beke e e Simololang ka March 16
  • Beke e e Simololang ka March 23
  • Beke e e Simololang ka March 30
Tirelo ya Rona ya Bogosi—1998
km 3/98 ts. 2

Dipokano Tsa Tirelo Tsa March

Beke e e Simololang ka March 2

Pina 3

8 mets:Dikitsiso tsa phuthego ya lona. Dikitsiso tse di tlhophilweng go Tirelo ya Rona ya Bogosi. Gakolola baboledi gore ba bege tirelo ya bone ya February ka bonako.

15 mets:“Nnang lo Dire Seno E le Go Nkgopola.” Puo ka mogolwane. Akgela ka bokhutshwane ka buka ya Bodihedi jwa Rona, ditsebe 80-1, o gatelela botlhokwa jwa go nna gone kwa Segopotsong.

22 mets:“Dira Gore ba Bangwe ba Nne le Tsholofelo ya Botshelo Jo bo Sa Khutleng.” Setlhogo seno se tlotlwa le bareetsi. Tlhalosa ka bokhutshwane kafa dipotso di ka dirisiwang ka tsela e e molemo ka teng go tsweletsa motlotlo. Neela dikai dingwe tsa dipotso tse di kaelang le tse di batlang pono ya motho tse di ka dirisiwang mo puisanong. (Bona Buka ya Kaelo ya Sekolo, ditsebe 51-2, dirapa 10-12.) Dira gore mmoledi mongwe yo o nang le bokgoni a dire pontsho ka nngwe ya dipuisano tsa loeto lwa ntlha mmogo le loeto lwa go boela, a bontsha kafa thuto ya Baebele e simololwang ka gone.

Pina 88 le thapelo e e konelang.

Beke e e Simololang ka March 9

Pina 60

8 mets: Dikitsiso tsa phuthego ya lona. Pego ya diakhaonto.

15 mets: Lebokoso la Dipotso. Dipotso le dikarabo. Mogolwane o sekaseka dintlha tse di mo bukeng ya Bodihedi jwa Rona, tsebe 131, dirapa 1 le 2.

22 mets: “A re Tla go Dira Gape?” (Dirapa 1-11) Dipotso le dikarabo. Bolela dintlhakgolo tsa letsholo la ngwaga o o fetileng la bobulatsela jo bo thusang, jaaka go begilwe ka jone go 1998 Yearbook, fa e le gone. Umaka palo ya ba ba nnileng babulatsela ba ba thusang ka nako eo mo phuthegong ya lona. Tlotla ka melemo e re nnang le yone ka borona fa re bula tsela, o bo o bontsha kafa maiteko ano a a oketsegileng a thusang ka teng gore phuthego e gatele pele. Bolela ka dithulaganyo tse di dirilweng mo phuthegong ya lona tsa April le May go thusa ba bantsi go bula tsela. Baboledi ba ka nna ba amogela diforomo morago ga pokano.

Pina 195 le thapelo e e konelang.

Beke e e Simololang ka March 16

Pina 43

8 mets: Dikitsiso tsa phuthego ya lona. Laletsa botlhe ba ba kgatlhegang go nna gone kwa puong e e kgethegileng ka March 29. Setlhogo sa puo ke “Lebaka La go Bo o Ka Ikanya Baebele.”

15 mets: Dilo tse di tlhokwang ke phuthego ya lona.

22 mets: “A re Tla go Dira Gape?” (Dirapa 12-19) Dipotso le dikarabo. Sekaseka ditshwanelego tse di umakiwang mo bukeng ya Bodihedi jwa Rona, ditsebe 113-14. Tlhalosa kafa bobulatsela jo bo thusang bo thapisetsang motho tirelo ya bobulatsela jwa ka metlha ka gone. Kopa bangwe ba e neng e le babulatsela ba ba thusang ngogola gore ba bolele kafa ba ileng ba dira thulaganyo ya bone ka gone gore ba fitlhelele diura tse 60 tse di batlegang. Ke sekai sefe sa thulaganyo se se mo tsebeng ya bofelo ya tsenyeletso se se e ileng sa ba thusa? Fa nako e letla, anela maitemogelo a a go 1987 Yearbook, ditsebe 48-9, 245-6. Kgothaletsa baboledi go ikamogelela diforomo tsa kopo morago ga pokano.

Pina 224 le thapelo e e konelang.

Beke e e Simololang ka March 23

Pina 94

10 mets: Dikitsiso tsa phuthego ya lona. Kgothaletsa botlhe go simolola go laletsa batho ba ba kgatlhegang go nna gone kwa Segopotsong, ka April 11. Bontsha khopi ya pampitshana ya taletso, o bo o rotloetsa botlhe go iponela dingwe le go simolola go di tsamaisa beke eno. Itsise maina a botlhe ba e leng babulatsela ba ba thusang ka April. Itsise gore ga go ise go nne thari go tlisa foromo ya go ikwadisa. Itsise thulaganyo yotlhe ya dipokano tsa tirelo tse di rulaganyeditsweng April.

20 mets: Baakanyetsa Ba ba Sa Tswang go Kopanela, Tirelo ya Tshimo. Puo le motlotlo le bareetsi. Ba ba tshwarang thuto ka buka ya Kitso ba tshwanetse go akanyetsa go baakanyetsa baithuti ba bone go nna le seabe mo tshimong. Umaka se se bolelwang mo bukeng ya Kitso, ditsebe 105-6, serapa 14 le tsebe 179, serapa 20. Bolela ka dikgato tse di tsewang tse di mo makasineng wa Tora ya Tebelo ya November 15, 1988, ditsebe 16-17, dirapa 7-10, tsa go thusa ba ba sa tswang go kopanela gore ba tshwanelege go nna baboledi ba ba sa kolobediwang. Sekaseka dikakantsho tse di mo tsenyeletsong ya Tirelo ya Rona ya Bogosi ya June 1996, serapa 19, tsa go thusa baboledi ba ba sa kolobediwang ba basha go simolola tirelo.

15 mets: Solegelwa Molemo ka Botlalo ke 1998 Yearbook. Rre o sekaseka ditsebe 3-6, 31 le lelapa la gagwe, a bontsha dilo tsa puso ya Modimo tse di ileng tsa fitlhelelwa mo lefatsheng lotlhe ngogola. Umaka kafa lelapa le solegelwang molemo ka gone ke go bala le go tlotla ka temana ya letsatsi le dikarolo tsa Yearbook ba le mmogo ka nako ya dijo, ba ikemiseditse go dira jalo mo ngwageng otlhe. Fa 1998 Yearbook e ise e amogelwe, tlotla ka dilo tse di tlhokwang ke phuthego ya lona.

Pina 47 le thapelo e e konelang.

Beke e e Simololang ka March 30

Pina 29

12 mets: Dikitsiso tsa phuthego ya lona. Gakolola botlhe gore ba tlise dipego tsa bone tsa tirelo ya tshimo tsa March. Bontsha ditokololo tsa bosheng tsa dimakasine, o akantsha gore ke ditlhogo dife tse di ka bontshiwang fa di tsamaisiwa, o bo o umaka dintlha dingwe tse go ka buiwang ka tsone. Sekaseka “Dikgakololo Tsa Segopotso,” o bo o itsise dithulaganyo tsa Segopotso tsa phuthego ya lona. Botlhe ba tshwanetse go dira dithulaganyo tsa bofelo tsa go thusa baithuti ba bone ba Baebele le ba bangwe ba ba kgatlhegang go nna gone. Gakolola botlhe go tlhomamisega go latela mmalo wa Baebele wa Segopotso o o rulaganyeditsweng April 6-11, jaaka o bontshitswe mo Go Tlhatlhoba Dikwalo ka Malatsi Otlhe.

13 mets: “Bana—Lo Boitumelo Jwa Rona!” Dipotso le dikarabo. Anela ka maitemogelo a a mo makasineng wa Tora ya Tebelo ya August 1, 1987, tsebe 25.

20 mets: Ditsela Tsa go Lwantsha Letsapa la Semoya. Bagolwane ba le babedi ba sekaseka lebokoso le le mo makasineng wa Tora ya Tebelo ya January 15, 1986, tsebe 19. Mo go nngwe le nngwe ya “Dikai Tsa Letsapa,” tlhalosa ka go dirisa Dikwalo kafa motho a ka solegelwang molemo ke “Dithuso Tsa go Itshoka” tse di tsamaisanang le tsone. Morago ga moo botsolotsa baboledi ba le babedi ba ba bolelang kafa go dirisa dintlha tse di ntseng jalo go ileng ga ba thusa go ipoloka ba nonofile semoyeng.

Pina 140 le thapelo e e konelang.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2025)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela