LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • km 3/98 ts. 1
  • “Nnang Lo Dire Seno E Le Go Nkgopola”

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • “Nnang Lo Dire Seno E Le Go Nkgopola”
  • Tirelo ya Rona ya Bogosi—1998
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Goreng re Nna Gone Kwa Segopotsong?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2022
  • “Nnang lo Dire Seno”
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—2012
  • Letsatsi le le Botlhokwa go a Gaisa Otlhe ka 1991
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—1991
  • “Nnang lo Dire Seno E le Go Nkgopola”
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—2007
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tirelo ya Rona ya Bogosi—1998
km 3/98 ts. 1

“Nnang Lo Dire Seno E Le Go Nkgopola”

1 Batho ba na le tlwaelo ya go letla dilo tse di botlhokwa di latlhegelwa ke botlhokwa jwa tsone fa nako e ntse e tsamaya. Seno ke lebaka le le lengwe la go bo, fa Jesu a ne a simolola “Sejo sa Morena sa Maitseboa,” a neng a laela barutwa ba gagwe jaana: “Nnang lo dire seno e le go nkgopola.” Fa e sa le ka nako eo ya segopotso sa loso lwa ga Jesu, Bakeresete ba ntse ba le kutlo ba “bolela loso lwa Morena, go fitlha a goroga.”—1 Bakor. 11:20, 23-26.

2 Mo nakong e e sa fediseng pelo, Jesu o tla amogela ba bofelo ba masalela a “letsomanyane” ba ba ntseng ba fokotsega a ba amogela mo bonnong jwa selegodimo. (Luke 12:32; Joh. 14:2, 3) Monongwaga masalela a ba ba tloditsweng mmogo le boidiidi jo bogolo jo bo nnang bo ntse bo oketsega jwa “dinku tse dingwe” ba tla nna le tshiamelo e nngwe gape ya go keteka Sejo sa Morena sa maitseboa, ka April 11. (Joh. 10:16; Tshen. 7:9, 10) Tsela e re anaanelang lorato lo logolo lwa ga Jehofa ka yone lo a lo bontshitseng batho ka go romela Morwawe yo o tsetsweng a le esi, e tla nonotshiwa. Go tla gatelelwa thata sekao sa ga Jesu, lorato lwa gagwe, go ikanyega ga gagwe go fitlha a swa gore a tle a ntshe thekololo le go busa ga gagwe jaanong e le Kgosi ya Bogosi jo bo tlhomilweng jwa Modimo, mmogo le masego a Bogosi bo tla a tlisetsang batho. Ruri e tla bo e le tiragalo e e tshwanetseng go gopolwa!

3 Baakanyetsa Jaanong: A rotlhe re direng bojotlhe go dira gore rona le botlhe ba ba tla kopanelang le rona re itumelele letlha leno la Segopotso re bo re se anaanele. Re ka godisa kanaanelo ya rona ka go bala ditiragalo tsa Baebele tsa malatsi a bofelo a bodiredi jwa ga Jesu le ditiragalo tse di ileng tsa felela ka loso lwa gagwe. Thuto ya rona ya lelapa dibeke di le mmalwa pele ga Segopotso e ka nna ya dirisiwa go sekaseka dikgaolo 112-16 mo bukeng ya Monna Yo Mogolo.

4 O itse batho ba le bakae ba ba ka tlang Segopotsong fa o ne o ka tsaya matsapa a go godisa kanaanelo ya bone ka tiragalo eno, o ba laletsa le go ba dira gore ba ikutlwe ba amogelwa? Ba kwale gone jaanong, mme o dire bojotlhe jwa gago go ba thusa go nna gone. Morago ga moo, ba thuse go nna ba gola semoyeng ka go ba kgothaletsa go tla dipokanong ka metlha.

5 Ka nako ya Segopotso, go tla dirwa dithulaganyo tse di kgethegileng go dira gore mongwe le mongwe a nne le ditshono tse di oketsegileng tsa go rera. Fa o rulaganya sentle, a o ka bulatsela ka April? ka May? Nngwe ya ditsela tse di molemo thata e re ka bontshang ka yone gore re anaanela sotlhe se setlhabelo sa ga Jesu se se bolelang mo go rona ke go bua ka Modimo wa rona, Jehofa, le masego a puso ya Bogosi jwa Morwawe e tla se tlisang.—Pes. 79:13; 147:1.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2025)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela