LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • km 2/98 ts. 8
  • Laletsa Mongwe le Mongwe yo o Nyorilweng

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Laletsa Mongwe le Mongwe yo o Nyorilweng
  • Tirelo ya Rona ya Bogosi—1998
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Dipuisano Tse di Akantshiwang Tsa Tirelo ya Tshimo
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—2005
  • Go Rera Mafoko a a Molemo ka Tsela e e Potlakileng
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—1997
  • Dipuisano Tse di Akantshitsweng Tsa Tirelo ya Tshimo
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—2002
  • Ikanye Jehofa Gore a Godise
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—1997
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tirelo ya Rona ya Bogosi—1998
km 2/98 ts. 8

Laletsa Mongwe le Mongwe yo o Nyorilweng

1 Jaaka moporofeti amose a ne a bolelela pele, gompieno batho ba na le “e seng . . . lenyora la metsi, fa e se . . . la go utlwa lefoko la ga Jehofa.” (Amose 8:11) Go thusa batho ba ba mo komelelong eno ya semoya, re ba bolelela ka dilo tse Modimo a di baakanyeditseng go golola batho ba ba kutlo mo boleong le mo losong, tse di tlhalosiwang mo kgaolong ya bofelo ya Tshenolo e le “noka ya metsi a botshelo.” Re na le tshiamelo ya go laletsa mongwe le mongwe yo o nyoretsweng tshiamo gore a “tseye metsi a botshelo mahala.” (Tshen. 22:1, 17) Re ka dira seno jang ka February? Ka go neela batho ba eleruri ba kgatlhegang buka ya Tshenolō—konelo Ya Yone E E Molemolemo E Atametse! O ka nna wa rata go leka dipuisano tseno:

2 E re ka batho ba le bantsi ba tshwenyegile ka tsa pholo, o ka go fitlhela go le mosola go simolola jaana:

◼ “Batho ba le bantsi ba tshwenyegile thata ka tsela e go tlhokomela pholo ya bone go jang madi a mantsi ka gone. Gongwe o kile wa nna wa akanya ka kgang eno. [Mo letle gore a arabe.] A go na le tharabololo ya goyagoile mo bothateng jono? [Leta gore a arabe.] Go na le tsholofelo e e molemo fano.” Bala Tshenolo 22:1. Morago ga moo bula buka ya Tshenolō—Konelo ya Yone mo setshwantshong se se mo go tsebe 308-9, o bo o dirisa serapa 22 mo go tsebe 311 go se tlhalosa. Konela ka go re: “Buka eno e tlhalosa temana nngwe le nngwe ya Tshenolo.” Tsamaisa buka eno ka moneelo o o tlwaelegileng. Rulaganya go boela gape.

3 Fa o dira loeto lwa go boela, o ka tsweletsa motlotlo wa gago ka go re:

◼ “Fa ke ne ke le fano mo nakong e e fetileng, re ne re bua ka tharabololo ya goyagoile ya mathata a tsa pholo. A o akanya gore nako e tla tla e go tla bong go se na ope yo o lwalang? [Mo letle gore a arabe.] Ela tlhoko polelo eno e e kgatlhang.” Bala Isaia 33:24. Bula mo go thuto 5 mo boroutšhareng jwa Re Direng, o bo o tlotla ka dirapa 5-6, o bo o botsa dipotso tsa tsone tse di mo tshimologong ya thuto eo le go bala ditemana dingwe tse di umakilweng. Mmolelele gore go tlosiwa ga bolwetse le loso ke karolo ya go diragadiwa ga maikaelelo a Modimo a kwa tshimologong ka lefatshe. Rulaganya go boa go tla go tlotla ka dirapa 1-4 le 7 mo go yone thuto eo.

4 Fa e le gore batho ba ntse ba bua ka loso lo lo sa lebelelwang lo lo begilweng mo lokwalodikgannyeng lwa bosheng, o ka nna wa leka go simolola jaana:

◼ “O tshwanetse wa bo o utlwile ka ga [umaka kgang eo]. Fa batho ba swa ka tsela e e setlhogo jaana, batho ba le bantsi ba ipotsa gore malapa a ba ba swetsweng a ka gomodiwa jang. Wena o akanya eng?” Mo letle gore a arabe. Morago ga moo bula tsebe 299 mo bukeng ya Tshenolō—Konelo ya Yone, o bo o mmontsha setshwantsho sa tsogo se se bontshitsweng moo. Tswelela ka go re: “Ba le bantsi ba gakgamadiwa ke go ithuta gore batho ba ba siameng mmogo le ba ba sa siamang ba tla tsosediwa botshelong mo Paradaiseng mo lefatsheng. [Bala Ditiro 24:15 jaaka e nopotswe mo go serapa 9 mo go tsebe 297, morago ga moo o bo o mo naya tlhaloso e e ntshitsweng mo go serapa 10.] Buka eno e tlotla ka dintlha tse dingwe tse dintsi tse di tlhalosang maikaelelo a Modimo ka isagwe. Fa o ka rata go ithuta mo go oketsegileng, o ka nna wa tsaya khopi eno ka moneelo wa R12,00.” Rulaganya go boela gape, o ela tlhoko dilo tse motho yono a di kgatlhegelang le tse a tshwenyegang thata ka tsone.

5 Fa o boela gape, dira gore puisano ya gago e tshwanele mong wa ntlo. Gongwe o ka re:

◼ “Fa re ne re tlotla mo nakong e e fetileng, ke ile ka rata se o ileng wa se bua ka ga maikaelelo a Modimo ka lefatshe. [Boeletsa se a se buileng.] Ke bone sengwe fano se ke akanyang gore se tla go kgatlha.” Bula boroutšhara jwa Re Direng mo thutong 5. Bala o bo o tlotle ka dirapa tse dintsi ka mo o ka kgonang ka teng fa mong wa ntlo a sa ntse a kgatlhega. Fa o sena go baya nako ya go boela gore lo tle go tsweletsa thuto eo, naya mong wa ntlo pampitshana ya taletso e e nang le dinako tsa dipokano tsa phuthego. Mo tlhalosetse ka Pokano ya Phatlalatsa, o bo o mo laletsa go nna gone.

6 Fa o batla go dirisa puisano e e motlhofo e o dirisang pampitshana mo go yone, o ka nna wa re:

◼ “Ke rata go go naya pampitshana eno e e nang le setlhogo se se reng Go Na Le Tsholofelo Efe Ka Baratiwa ba ba Suleng?” E neye mong wa ntlo, o bo o mo kopa gore a latele fa o ntse o bala serapa sa ntlha. Mo letle gore a arabe potso e e bodiwang mo moleng wa bofelo. Bala serapa sa bobedi, o bo o bula setshwantsho se se mo go tsebe 299 mo bukeng ya Tshenolō—Konelo ya Yone. Tswelela ka go re: “Buka eno e na le dintlha tse di oketsegileng ka ga tsogo le ka ditsholofetso tse dingwe tse di itumedisang tsa Baebele ka isagwe. Fa o ka rata go e bala, o ka nna wa tsaya khopi eno ka moneelo wa R12,00.” Dira dithulaganyo tsa go boela gape go tla go tsweletsa kgatlhego ya motho yono mo boammaaruring.

7 Fa re laletsa ba bangwe ka tsela e e ikuelang seo se ka dira gore ba tle mo metsing a botshelo, ao Jehofa a a nayang batho gone jaanong. Ka jalo, a re reye mongwe le mongwe yo o nyorilweng re re, “Tlaa!”—Tshen. 22:17.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2025)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela