Go Rera Mafoko a a Molemo ka Tsela e e Potlakileng
1 Re bontsha gore re anaanela thata ditsholofetso tsa Modimo tsa Bogosi fa re nna le seabe mo bodireding jwa Bokeresete ka pelo yotlhe. Re tlhoka go nna le seabe mo tirong eno ka tsela e e potlakileng. Ka ntlha yang? Ka gonne badiri ga ba bantsi, bokhutlo jwa tsamaiso eno e e boikepo ya dilo bo ntse bo atamela mme matshelo a batho ba ba mo tshimong ya rona a mo kotsing. (Esek. 3:19; Math. 9:37, 38) Maikarabelo ano a magolo a batla gore re dire gotlhe mo re ka go kgonang mo bodireding. Re ka bontsha jang gore tiro ya rona ya bodiredi jwa tshimo e potlakile? Ka go baakanya dipuisano tse di molemo go sa le gale, ka go tlhoafala fa re batla batho gongwe le gongwe kwa ba ka bonwang gone, ka go nna le rekoto e e siameng ya botlhe ba ba ileng ba bontsha kgatlhego, ka go boela kwa go bone ka bonako go tsweledisetsa kgatlhego ele pele le ka go gakologelwa gore e re ka matshelo a batho a amega, re tshwanetse go tsaya bodiredi jwa rona masisi. Dikakantsho tse di latelang di ka re thusa fa re ipaakanyetsa go neela mafoko a a molemo ka tsela e e potlakileng ka February. Mpho e e tsamaisiwang e tla bo e le buka ya Tshenolō—Konelo ya Yone e e Molemolemo e Atametse!
2 O ka nna wa kgona go simolola motlotlo ka go umaka ka bokhutshwane fela mangwe a mathata a a leng mo lefelong la lona, o bo o ka nna wa re:
◼ “Batho ba le bantsi ba dumela gore go na le Modimo, mme ba ipotsa gore: ‘O batla re nna le isagwe e e ntseng jang?’ O ne o ka araba potso eno jang? [Letela karabo.] A o ne o itse gore Baebele e tlhalosa ka phepafalo gore thato ya Modimo ka batho ke eng le dikgato tse a di tsayang go diragatsa seno?” Bula mo go tsebe 301 ya buka ya Tshenolō—Konelo ya Yone. Bala Tshenolo 21:1 mo serapeng sa 1 o bo o bala tlhaloso ya yone e e newang mo bofelong jwa serapa 2. Bula mo setshwantshong se se mo go tsebe 302 go tlhalosa gore seno se rayang kaga isagwe ya rona. Bala Tshenolo 21:4 mo go serapa 6. Tsamaisa buka ka moneelo wa R12,00. Se lebale go mo tlhalosetsa ka tsela eo tiro ya rona ya lefatshe lotlhe e tshegediwang ka meneelo e e ntshiwang ka go rata ka gone. Rulaganya go boela ka nako e e tshwanelang go tla go tsweledisa motlotlo.
3 O ka nna wa tsweledisa puisano ya nako e e fetileng ya Tshenolo 21:1, 4 ka motlotlo ono o mokhutshwane:
◼ “Fa ke ne ke etile mo nakong e e fetileng, re ne ra buisana ka ga tsholofetso ya Modimo go baakanyetsa batho setšhaba se sesha sa lefatshe. [Mmontshe gape setshwantsho se se mo go tsebe 302 ya buka ya Tshenolō—Konelo ya Yone.] A o ne o ka rata go bona lelapa le gago le itumelela maemo ano? [Letela karabo.] Potso ke gore, Ditsholofetso tsa Modimo di boikanngo go le kana kang? Tsweetswee tlhokomela se ene ka boene a se bolelang.” Bala Tshenolo 21:5, 6a mo go serapa 8 mo go tsebe 303. Botsa potso e e kwadileng ya serapa sa 9 mo go tsebe 304 o bo o bala karabo, go akaretsa le polelo ya bofelo mo serapeng. Mmolelele gore o ka rata go mo tshwarela thuto ya mahala ya Baebele. Rulaganya go mmontsha moragonyana gore e tshwarwa jang.
4 E re ka batho ba le bantsi ba tshwenyegile ka mathata a a ntseng a oketsega a batho ba lebaneng le one, o ka nna wa bua sengwe se se tshwanang le seno mo loetong lwa ntlha:
◼ “Mo e ka nnang mongwe le mongwe yo ke kopanang le ene o tshwenyegile ka mathata a re lebaneng le one mo lefelong leno la rona. [Umaka a le mmalwa.] Boradipolotiki ba ile ba solofetsa go tlisa tharabololo ya bosakhutleng, e bile bangwe ba ile ba leka go dira jalo. O akanya gore ke eng se se dirang gore maemo a sulafalele pele? [Letela karabo.] Baebele e neela tlhaloso e batho ba le bantsi ba iseng ba akanye ka yone. Buka ya Tshenolo e bua ka ntwa e e lolweng kwa legodimong. Tlhokomela gore e ile ya felela jang, jaaka e tlhalosiwa mo go Tshenolo 12:9.” Bala temana o bo o bula mo go tsebe 182 ya buka ya Tshenolō—Konelo ya Yone. Dirisa setshwantsho go tlhalosa seabe sa ga Satane mo dikgannyeng tsa lefatshe. Mo tsamaisetse buka ka moneelo wa R12,00. Rulaganya go boa gape go tla go tlotla ka gore Modimo o tla rarabolola jang mathata a batho.
5 Fa o ile wa solofetsa go boa go tla go tlhalosa tharabololo ya Modimo ya mathata a gompieno, o ka nna wa leka puisano eno:
◼ “Ke ile ka dira maiteko a a kgethegileng go boa gore re tle go tsweledisa pele puisano ya rona ka tharabololo ya mmatota ya mathata a batho. Mo loetong lwa me lwa nako e e fetileng, re ile ra bona gore Baebele e bontsha fa Satane Diabolo e le ene a tsietsang lefatshe lotlhe. E re ka e le sebopiwa sa semoya se se kwa godimo ga batho, a o akanya gore go na le tsela e tlhotlheletso ya gagwe e ka tlosiwang ka yone? [Letela karabo.] Tsweetswee tlhokomela se Baebele e se bolelang.” Bala o bo o tlhalose Tshenolo 20:1-3. Ka go dirisa setshwantsho se se mo ditsebeng tsa 4-5 tsa buka ya Kitso, bontsha kafa maemo a tla bong a le ka teng fa tlhotlheletso ya ga Satane e tla bo e seyo. Mmolelele ka thuto ya Baebele o bo o leka go e simolola gone fela foo.
6 E re ka batho ba le bantsi ba kgatlhegela tikologo, o ka nna wa bua sengwe se se tshwanang le seno go simolola puisano:
◼ “Re tlhokometse gore mo e ka nnang mongwe le mongwe o tshwenyegile ka go kgotlelwa ga mowa, metsi le dijo tsa rona. Mo dinageng tse dingwe maemo a tikologo a setse a tsenya matshelo a batho mo kotsing. E re ka Modimo e le Mmopi wa lefatshe, o akanya gore o tla dirang ka seno? [Letela karabo.] Baebele e bontsha gore Modimo o tla batla gore re ikarabelele tsela e re dirisang polanete eno ka yone. [Bala Tshenolo 11:18b.] Akanya fela o tshela mo lefatsheng le le se nang kgotlelo epe!” Umaka tsholofetso ya Modimo ya paradaise, e e mo go Tshenolo 21:3, 4. Mmontshe setshwantsho se se mo go tsebe 302 mo bukeng ya Tshenolō—Konelo ya Yone. Mo tsamaisetse buka ka moneelo wa R12,00 o bo o rulaganya go boa gape.
7 Fa o boela kwa mothong yo o neng a kgatlhegela Paradaise ya mo lefatsheng, o ka nna wa re:
◼ “Mo loetong lwa me lwa bofelo re ne ra dumalana gore, gore bothata jwa lefatshe le le kgotletsweng bo rarabololwe, Modimo o tla tshwanela gore a tsene mo dikgannyeng tsa batho. Mme potso ke gore, Ke eng se rona re tshwanetseng go se dira gore re falolele mo lefatsheng le lesha la tshiamo le Modimo a tla le tlisang?” Bala Johane 17:3. Kgothaletsa mongantlo gore a dirise thulaganyo eno ya rona ya thuto ya mahala ya Baebele gore a bone kitso eno e e botlhokwa.
8 A bo e le tshiamelo jang ne go dirisiwa jaaka barobi ba motlha wa segompieno le go dira tiro ya go rera e e bolokang matshelo! A rotlhe re nne re tshwaregile ka go neela mafoko a a molemo ka tsela e e potlakileng, ‘re itse gore tiro ya rona ga se ya lefela.’—1 Bakor. 15:58.