Thusa Batho ba Bangwe go “Boloka Dilo Tse di Kwadilweng”
1 Ga go a lekana go ‘utlwa’ fela mafoko a polelelopele e e mo bukeng ya Tshenolo. Gore o tle o solegelwe molemo ka botlalo, o tshwanetse go “boloka” dilo tse di kwadilweng mo go yone. (Tshen. 1:3) Go tsamaisa dibuka ke kgato ya ntlha fela ya go dira barutwa. Fa re sena go bona batho ba ba kgatlhegang ba ba iketleeditseng go utlwa, re tshwanetse gore re boele kwa go bone ka bonako gore re tle re ba thuse go ithuta mo go oketsegileng. Ke eng se re ka se buang fa re dira loeto lwa go boela?
2 Fa e le gore o ne o buile ka banna ba bane ba dipitse ba tshwantshetso mo loetong lwa gago lwa ntlha, o ka nna wa simolola motlotlo wa gago jaana:
◼ “Mo nakong e fetileng re ile ra bua ka buka ya Tshenolo le ka moo dipolelelopele tsa yone di diragadiwang ka gone gompieno ka dilo tse di diregang mo lefatsheng. Tshenolo kgaolo ya 6 e ne ya bolelela pele ka bapalami ba dipitse ba bane ba tshwantshetso, ba ba neng ba tla dira gore go nne le thubakanyo le tlalelo mo lefatsheng. Re setse re bone dilo tseno di direga. Batho ba le bantsi ba ipotsa gore tlalelo eno e tla fela leng gore re tle re itumelele botshelo mo lefatsheng le le nang le kagiso. Wena o akanya jang? [Letela karabo.] Barutwa ba ga Jesu ba ne ba batla go itse karabo ya potso eno.” Bala Mathaio 24:3, moo potso eno e bodiwang teng, mme morago ga foo bala temana ya 34 moo Jesu a arabang teng. Fa motho a arabela sentle, tlhalosa mo go oketsegileng ka metlha ya bofelo.
3 Fa o buile le motho ka Bogosi jwa Modimo mo loetong lwa gago lwa ntlha, o ka nna wa bona gore o tswelele pele ka go botsa potso eno:
◼ “Go ya ka wena, ke mofuta ofe wa puso o o akanyang gore o tla kgotsofatsa batho ka dilo tsotlhe tse ba di tlhokang? [Letela karabo. Bala Jeremia 10:23.] Jaaka fa o ka bona, Modimo le ka motlha ga o ise o ke o batle gore motho a itaole. Go leka go dira jalo kwantle ga thuso ya Modimo ke gone go bakileng bontsi jwa mathata a re nang le one. Bogosi jwa Modimo ke jone fela jo bo ka re nayang se re se tlhokang.” Bula tsebe 87 mo bukeng ya Go Fetolana, mme o tlotle ka dikwalo tse di kafa tlase ga setlhogwana sa bofelo. Tswelela pele o tlhalosa gore ke ka ntlha yang fa re ka ikanya Modimo ka botlalo.
4 O ka tswa o rata go leka seno go simolola motlotlo wa Dikwalo:
◼ Supa setshwantsho se se mo tsebeng ya 302 mo bukeng ya Tshenolō, mme o tlhalose jaana: “Batho ba tla itumelela maemo a a ntseng jaana fa go rata ga Modimo go dirwa mo lefatsheng jaaka kwa legodimong. Lefa go ntse jalo, bangwe ba boifa gore maemo a a bosula a tla boa a nna teng gape. Seo ga se kitla se diragala ka gonne batho ba ba bosula ba tla bo ba seyo.” Bala Pesalema 37:10, 11. Kopa mongantlo gore a dirise thulaganyo ya rona ya go ithuta Baebele go ithuta mo go oketsegileng.
5 Fa e le gore o ile wa tlogela pampitshana ya “Botshelo Mo Lefatsheng le Lesha Le le Nang le kagiso” bua ka setshwantsho se se kafa pele mme o bo o bala serapa sa 1 kafa tlase ga setlhogo se se reng “Botshelo mo Lefatsheng le Lesha la Modimo.” Mme morago ga foo o bo o re:
◼ “Fa re batla go tshela mo lefatsheng le le ntseng jalo, go na le sengwe se se botlhokwa se re tshwanetseng go se dira.” Bala serapa sa bofelo, mme o bo o tsamaisa buka ya Tshenolō.
6 E re ka boikaelelo jwa rona e le go simolola dithuto tsa Baebele, re tshwanetse gore re dire maeto a go boela a a nang le matswela. Rulaganyetsa nako ya go a dira, mme o bo o baakanyetse sentle. Ka tsela eno eleruri re ka kgona go thusa batho ba ba dipelo di ikanyegang.—Tshen. 22:6, 7.