Tshenolo—Tsela ya go Bona Boitumelo Jwa Mmatota
1 Mafoko a ga moaposetoloi Johane a a mo go Tshenolo 1:3 ke mafoko a a molemo mo go rona ka gonne o re bolelela gore re ka bona jang boitumelo. O ne a kwala jaana: “Go sego yo o balang, le ba ba utlwang mafoko a polelelopele e, ba ba ba boloka dilo tse di kwadilweng mo go yone.” Buka ya Tshenolō—Konelo ya Yone e e Molemolemo e Atametse! e ile ya thusa batho ba le bantsi gore ba bone boitumelo jo bogolo. Re na le mabaka a a utlwalang a gore re e tsamaisetse batho ba bangwe.
2 O ka nna wa simolola motlotlo ka go botsa potso eno:
◼ “A o akanya gore buka ya Baebele ya Tshenolo e ne e diretswe gore e tlhaloganngwe kana a e ne e tla nna e ntse e le masaitseweng? [Letela karabo.] Batho ba le bantsi ba ikutlwa jaaka wena. Ela tlhoko gore Baebele ya reng mo go Tshenolo 1:3. [E bale.] Ka jalo, Tshenolo e ka tlhaloganngwa mme kitso e e leng mo go yone e ka re leretse boitumelo. Seno se ka kgonega jang?” Sekaseka dintlha tse di mo serapeng 2 mo tsebeng ya 6 mme morago ga foo o bo o bolela jaana: “Kgatiso eno e tlhalosa temana nngwe le nngwe ya buka ya Tshenolo. Go tla nna molemo thata fa o ka e bala. Nka itumelela go go tlogelela khopi eno ka moneelo wa R10,50.”
3 E re ka batho ba le bantsi ba tshwenyegile ka go iponela dithoto, seno se ka nna sa ba kgatlha:
◼ “O akanya gore re tlhoka eng thata? [Letela karabo.] Go na le batho ba bantsi ba ba akanyang gore re tlhoka dithoto tse di oketsegileng thata.” Bula tsebe 73 mme o bo o tlhalosa dintlhakgolo tse di mo lebokosong le le reng “Lorato lwa Dilo tse di Bonalang fa lo Bapisiwa le Botlhale.” Tswelela pele ka go bolela jaana: “Se se bontsha gore batho ba tshwenyegile thata ka dilo tsa senama; re tshwanetse go amega thata ka dilo tse re di tlhokang semoyeng. Tota se re se tlhokang ke kitso ya boammaaruri. Mme ke kitso ya eng?” Bala Johane 17:3 mme o bo o tlhalosa gore kitso kaga Modimo e ka re thusa jang gore re bone botshelo jo bo sa khutleng. Mmolelele gore o mo tlogelela buka mme o tla boa gape o tla go mmontsha kafa e senolang tshedimosetso e e kgatlhisang ka maikaelelo a Modimo a go fa batho dilo tse ba di tlhokang.
4 E re ka batho ba bantsi ba tshwenyegile ka tlalelo ya lefatshe, o ka nna wa leka seno:
◼ “Mongwe le mongwe yo ke buang le ene o tshwenyegile ka isagwe. Baeteledipele bangwe ba lefatshe ba akanya gore re tla tloga re tsena mo nakong ya kagiso. Wena o ikutlwa jang ka seo? [Letela karabo.] Go sa kgathalesege maiteko otlhe a batho ba ntseng ba a dira, thubakanyo le tlalelo di ntse di oketsega go ya pele mo lefatsheng lotlhe. Baebele e senola gore tharabololo e le nngwe fela ya mathata ano ke eng. [Bala 2 Petere 3:13. Bula mo setshwantshong se se mo tsebeng ya 302 mme o bo o tlhalosa kafa Bogosi jwa Modimo jwa selegodimo bo tla tlisang kagiso le polokesego tse di tla nnelang ruri mo lefatsheng leno ka teng.] Kgatiso eno e tla go thusa gore o bone gore o ka dira jang gore o nne karolo ya lefatshe le lesha leno la batho ba ba tla itumelelang botshelo jo bo sa khutleng kafa tlase ga puso ya Bogosi jwa Modimo.”
5 Fa o kopana le motho yo o tshwaregileng mme o tshwanetse gore o bue ka bokhutshwane, o ka nna wa re:
◼ “E re ka o na le nakwana e khutshwane fela, nka rata go go tlogelela pampitshana eno [kana makasine] e e reng [tlhopha pampitshana kana makasine o o tshwanelang]. Ke go kgothaletsa gore o e bale. Ka nako e nngwe fa ke tla gape, nka rata go itse gore o akanyang ka yone.”
6 Fa o tsamaisa dikgatiso, o se ka wa etsaetsega go umaka moneelo o o akantshitsweng. Dikgatiso tsa rona ga di ture fa di bapisiwa le tse di rekisiwang mo go tsa kgwebo. Fa batho ba ntshetsa dikgatiso tsa rona moneelo seo se tla oketsa boitumelo jwa bone fa ba tlhaloganya boporofeti jo bo itumedisang jwa Tshenolo.—Dia. 3:13.