Ba Thuse go Tlhaloganya
1 Moaposetoloi Petere o ne a dumela gore dilo dingwe tse di mo Baebeleng di “thata go tlhaloganngwa.” (2 Pet. 3:16) Batho ba le bantsi ba ile ba ikutlwa jalo ka buka ya Tshenolo. Lefa go ntse jalo, e ile ya tlhalosiwa sentle thata mo bukeng ya Tshenolō—Konelo ya Yone e e Molemolemo e Atametse! Re ka thusa jang batho ba ba kgatlhegang gore e ba solegele molemo?
2 Fa e le gore o ne wa bua ka Tshenolo 1:3 mo loetong lwa gago lwa ntlha, kgang eno e ka tsosa kgatlhego gape:
◼ “Mo nakong e fetileng re ile ra tlotla malebana le kafa go tlhaloganya buka ya Tshenolo go ka dirang gore motho a itumele ka teng. Lefa go ntse jalo, boitumelo jo bo ntseng jalo ga bo itlele fela. Go batlega bobotlana dilo di le pedi mo go rona: Re tshwanetse gore re ithute Baebele e bile re tshwanetse go dirisa dilo tse re di ithutang.” Bala Jakobe 1:25 mme o bo o akgela ka yone. Bula tsebe 8 mo serapeng sa 9 mme o bo o tlhalosa gore ke jang go tlhaloganya buka ya Tshenolo go ka re thusang ka teng gore re ithute kaga gore re ka bona jang boitumelo mo lefatsheng le lesha la paradaise.
3 Fa e le gore o ile wa tlotla ka Johane 17:3 mo loetong lwa gago lwa ntlha, o ka nna wa gatelela botlhokwa jwa go nna le kitso e e oketsegileng ya Baebele ka go bolela jaana:
◼ “Maloba fa ke ne ke go etetse, re ne re bala mo go Johane 17:3 gore go itse Modimo go ka dira gore re bone botshelo jo bo sa khutleng. A mme o ne o ka rata go tshelela ruri mo lefatsheng le le tshwanang le le re tshelang mo go lone gompieno? [Letela karabo.] Ba le bantsi ba ka se ka ba rata. Ka ntlha ya seo, re ka itumela thata fa re utlwa se Modimo o se re solofeditseng.” Bula tsebe 303 mo serapeng 6, bala Tshenolo 21:4 mme o bo o tlhalosa gore lefatshe le tla nna jang fa “dilo tsa pele di fetetse ruri.” Mmolelele gore o tla boa gape go tsweletsa motlotlo pele.
4 Fa e le gore o ne wa dirisa setshwantsho se se mo tsebeng 302 go supa kafa Bogosi jwa Modimo bo tla fedisang tlalelo ka gone, o ka nna wa bula buka mo tsebeng eo gape mme o bo o re:
◼ “Re ne ra tlotla ka masego a a supiwang fano a batho ba tla a itumelelang kafa tlase ga Bogosi jwa Modimo. O akanya gore re tshwanetse go dira eng gore re busiwe ke Bogosi joo? [Letela karabo.] Batho bangwe mo metlheng ya Baebele ba ne ba tlhoma dikao tse di molemo tse di ka re solegelang molemo fa re ka di etsa.” Bala Ditiro 17:11, o bo o gatelela botlhokwa jwa go “lotolotsa mo Dikwalong ka malatsi otlhe.” Mo tlhalosetse gore Basupi ba ga Jehofa ba thusa batho ba ba dipelodiphepa mo tikologong go ithuta Lefoko la Modimo le go le tlhaloganya botoka.
5 Fa e le gore o ne wa tlogelela mongantlo yo a neng a tshwaregile thata go ka tlotla pampitshana ya “A Lefatshe Leno le Tla Falola?” o ka nna wa simolola jaana:
◼ “Fa ke ne ke go etetse bosheng jaana, o ne o tshwaregile thata. Ke ne ka go tlogelela pampitshana e e neng e botsa potso ya gore a lefatshe le tla falola metlha e e tlhakatlhakaneng eno. Re ne ra bala Tshenolo 21:4 e e nopotsweng mo bukeng eno ya Tshenolō—Konelo ya Yone e e Molemolemo e Atametse! [Bala go tloga mo serapeng sa 6 mo tsebeng 303.] Setshwantsho seno [sa tsebe 302] se re bontsha gore go tla nna jang fa ‘Modimo o phimola dikeledi tsotlhe mo matlhong a rona.’ Buka eno e na le bosupi jo bo tlhatswang pelo jwa gore tsholofetso eno e tla diragadiwa gautshwane jaana. Fa e le gore o ka rata go e bala, e ke khopi ya gago ka moneelo wa R10,50.”
6 Fa o bona batho ba ba kgatlhegang, kgabagare o tla batla go ba bontsha buka ya Kitso E E Isang Botshelong Jo bo Sa Khutleng mme o bo o e dirisetsa go simolola thuto. O tla itumela thata go thusa go naya “ba ba sa tlhalefang tlhaloganyo.”—Pes. 119:130.