Go Bolela ‘Mafoko a Polelelopele’
1 Re tshela mo nakong e dipolelelopele tsa buka ya Tshenolo di diragadiwang mo go yone. Batho ba le bantsi ba batla go tlhaloganya gore ditiragalo tse di tshosang tse di diragalang tseno di bolela eng. Ba ka solegelwa molemo ka go ‘utlwa mafoko,’ a polelelopele ya Tshenolo. (Tshen. 1:3) Ka kgwedi ya March, re tla nna le sebaka sa go ba thusa ka go ba tsamaisetsa buka ya Tshenolō. Fa re e tsamaisa re tshwanetse go gakologelwa gore mathata a batho ba lebaneng le one gompieno ke a a boleletsweng pele mo bukeng ya Tshenolo. He, ke eng se re ka se bolelang?
2 O ka nna le matswela fa o ka bua ka tsela eno:
◼ “Mo lekgolong leno la bo20 la dingwaga batho ba tlhasetswe ke ntwa, leuba le bolwetsi. O akanya gore ke ka ntlha yang fa dilo di ntse jaana le mororo batho ba dirile kgatelo pele e e kanakana ya botegeniki? [Letela karabo.] Batho ba le bantsi ba gakgamala go utlwa gore maemo ano a ile a bolelelwa pele mo Baebeleng. Gongwe o kile wa utlwa go buiwa ka ‘bapalami ba bane ba dipitse tsa Apokalipise.’ Se Baebele e se bolelang ka bapalami bano ba dipitse tota ke boperofeti jo bo diragadiwang mo dilong tse di diragalang gompieno. [Bula buka ya Tshenolō mo kgaolong ya 16 mme o mmontshe ditshwantsho tse di mo ditsebeng 91-7.] Lefa boperofeti jono bo bolelela pele ka nako ya fa go tla nnang le tlalelo e kgolo, e bile gape bo neela tsholofelo. [Bala Tshenolo 6:2 mo serapeng sa 3.] Mopalami wa pitse e tshweu ke Jesu Keresete. O solofeditse gore o tla fenya boikepo mme a tlise lefatshe le le itumedisang le le le nang le kagiso ka Bogosi jo a neng a re ruta gore re bo rapelele.” Tsamaisa buka.
3 Gongwe potso eno e tla dira gore go nne le motlotlo o o nang le mosola:
◼ “O akanya gore go tlhokega eng gore maemo a a bosula a a mo lefatsheng a tlosiwe? [Letela karabo.] Batho ba le bantsi ba dumela gore go tshwanetse ga dirwa diphetogo tse dikgolo gore lefatshe leno le falole. Baebele e bontsha gore Modimo o itse go rarabolola mathata a rona mme o solofetsa gore o tla re thusa.” Bula buka ya Tshenolō mo tsebeng ya 171, mme o bale Tshenolo 11:15 mo serapeng sa 1. Bula mo ditshwantshong tse di mo ditsebeng 302 le 308, mme o mmontshe masego a re tla a bonang mo Bogosing jwa ga Keresete. Morago ga foo o tlhalose ka moo mongantlo a ka solegelwang molemo ka boene mo go seno.
4 O ka nna wa ikutlwa o gololesegile go bolela sengwe se se tshwanang le seno:
◼ “Batho ba le bantsi ba ba badileng buka ya Baebele ya Tshenolo ba fitlhetse go le thata gore ba e tlhaloganye. E tlhalosa ka ditiragalo tse di farologaneng tse di sa tlwaelegang le tse di botlhokwa. Buka eno ya Tshenolō—Konelo ya Yone e e Molemolemo E Atametse!, e sekaseka temana nngwe le nngwe ya buka yotlhe ya Tshenolo mme e bontsha ka moo rona ka namana re amegang ka teng mo go diragadiweng ga dipolelelopele tsa yone.” Bula buka eno mo tsebeng ya 15, mo serapeng sa 2, mme o mmontshe moo Tshenolo 1:1 e kwadilweng ka mokwalo o mokima gone. Tlhalosa gore go neelwa ditlhaloso tse di tlhamaletseng tse di ntseng jaaka tseno ka temana nngwe le nngwe mo bukeng eno ya Tshenolo le gore tshedimosetso eno e tla mo thusa gore a tlhaloganye dipolelelopele tse di gakgamatsang tseno. Tsamaisa buka ka moneelo wa R10,50.
5 Fa e le gore motho o tshwaregile kana o gana buka ya Tshenolō, o ka nna wa mo tsamaisetsa dimakasine tse pedi kana pampitshana. Tlhomamisa gore o boele gore o tle o oketse kgatlhego ya gagwe mo molaetseng wa Bogosi.
6 Molaetsa o o mo go Tshenolo o ama batho botlhe. Mongwe le mongwe o tlhoka go utlwa mafoko a polelelopele eno. E kete re ka dira gotlhe mo re ka go kgonang go bolela ka molaetsa o o botlhokwa ono.