Letlole la Dipotso
◼ Re tshwanetse go tlhokomela jang dilo tse re di dirisang mo tirong ya go neela bosupi?
1 Le mororo mmoledi wa mafoko a a molemo a ka tswa a akantse ka puisano e e siameng ya Dikwalo, a ka tswa a sa baakanya dilo tse a tla di dirisang. Fa a le mo ntlong nngwe, a ka tswa a bo a sena dibuka tsa bosheng tse di tsamaisiwang. Dimakasine, diboroutšhara, le dipampitshana tse di leng mo kgetsing ya gagwe ya dibuka di ka tswa di sosobane kana di kgagogile. A ka nna a bo a sa kgone go bona phensele ya gagwe kana pampitshana ya rekoto ya go tsamaya ka ntlo le ntlo ka go bo kgetsi ya gagwe e sa rulaganngwa sentle. Go botlhokwa gore o sekaseke ka kelotlhoko dilo tse o tla di dirisang pele ga fa o ya tirelong ya tshimo.
2 Kgetsi e o neelang bosupi ka yone e e baakantsweng sentle e tshwanetse ya bo e na le eng? Baebele e botlhokwa thata. Tsenya le dipampitshana tsa rekoto ya go tsamaya ka ntlo le ntlo di le mmalwa. Tlhomamisa gore o na le kgatiso e e tsamaisiwang mo kgweding eo. Go tlhokega gape le dimakasine mmogo le dipampitshana le diboroutšhara tsa bosheng. Tsenya le buka ya Go Fetolana. Fa o tshotse Tirelo ya Rona ya Bogosi ya bosheng o ka kgona go ikgakolola dipuisano tse di akantshitsweng moo pele ga o tsena mo ntlong nngwe. Fa o bereka mo tshimong e o ka kopanang le batho ba ba buang puo e sele, go tla nna molemo fa o ka nna le bukana ya Good News for All Nations. Fa o tshotse kgatiso nngwe ya rona e e gatiseditsweng basha go tla go thusa gore o kgone go bua le basha ba dingwaga tsa bolesome.
3 Sengwe le sengwe se o se dirisang se tshwanetse sa bo se rulagantswe ka bothakga mo kgetsing ya gago. Ga go tlhokege gore kgetsi ka boyone e nne ntšha, mme lefa go ntse jalo e tshwanetse gore e nne phepa e le mo boemong jo bontle. Kgetsi ya gago e o neelang bosupi ka yone ke nngwe ya dilo tse o di dirisang go bolela mafoko a a molemo. E boloke e le bothakga.